Kgaolo 9

1 A bo a ba raya a re; " Ammaaruri ke a lo raya, gona le bangwe ba lona ba ba emeng fa ba ba se kitlang ba swa pele ga ba bona bogosi jwa legodimo bo tla ka nnofo. 2 Morago ga malatsi a marataro, "Jeso a tsaya Petere, Jakoba le Johane a ya le bone mo thabeng. Jaanong a fetolwa tebego fa pele ga bone. 3 Diaparo tsa gagwe tsa tsabakela,tsa nna ditsweu tshweu, go feta jaaka di ka tlhatswiwa ka sepe fela se se sweufatsang mo lefatsheng. 4 Jaanong Elisha le Moshe ba bonala fa go bone ba bua le Jeso. 5 Petere a araba a raya Jeso a re; "Rabi" go molemo mo go rona go nna fa, jaanong a re ageng metlaagana ele meraro,o mongwe wa gago, o mongwe wa ga Moshe, o mongwe wa ga Elisha, 6 (ka gore one a sa itse gore o ka reng ka ba ne ba tshogile.) 7 Leru la tla la ba khurumetsa. Jalo ga tswa lentswe mo lerung le re; "Yo ke Morwaake yo ke mo ratang. Mo utlweng. 8 "Ka bonako fa ba leba fa go bone ba seka ba tlhola ba bona ope a na le bone fa e se Jeso fela. 9 Fa ba fologela go tswa kwa thabeng, a ba laela gore ba seka ba bolelela ope ka se ba se boneng, go fitlhelela Morwa Motho a tsoga mo baswing, 10 Jalo ba ipeela kgang e mo go bone fela, mme ba botsanya ba re, "go tsoga mo baswing" go ka tswa go tewa eng. 11 Ba mmotsa ba re; "ke eng bakwadi ba molao ba re Elija o tlaa tla pele?" 12 A ba raya a re, "Elija ka nnete o tlaa tla pele go tla go buseletsa dilo tsotlhe. Jaanong ke eng go kwadilwe gotwe Morwa Motho o tshwanetse go bogisiwa ka dilo tse dintsi abo a tsewa jaaka yo o senang boleng? 13 Mme ke le raya ke re Elija o tsile, mme ba mo dirile sengwe le sengwe se ba se batlang, jaaka dikwalo di buile ka ene". 14 Fa ba boela gape ko barutweng, ba bona bontsi jwa batho bo ba dikologile le bakwadi ba molao ba ganetsana le bone. 15 Ya re ba mmona, batho botlhe ba gakgamala ba tabogela ko go ene go mo dumedisa. 16 A botsa barutwa ba gagwe; "le ganetsana le bone ka eng?" 17 Mongwe mo bontsing joo a mo araba; "Moruti, ke tsisitse morwa wame ko go wena.O na le moya o o dirang gore a seka a kgona go bua. 18 O a mo tshwara, o mo latlhela fa fatshe,a phoke lehulo mo ganong,a phure meno a bo a gagamala. Ke kopile barutwa ba gago go o kobela ntle mme ba seka ba kgona." 19 A ba araba, "Kokomane e e sa dumeleng, ke tshwanetse go nna le lona lebaka le le kae? ke le itshokele go fitlhela leng? Mo tsiseng kwano." 20 Ba tsisa mosimane ko go ene. Fa moya o bona Jeso, ka bofefo wa mo tsikitletsa thata. Mosimane a wela fa fatshe a phoka lehulo mo ganong. 21 Jeso a botsa rraagwe, "O sa le a nna jaana leng"? Rraagwe a re, "Go tswa bonnyeng jwa gagwe. 22 Fa gongwe o mo latlhela mo molelong kana mo metsing o leka go mo senya. Fa go na le se o ka se dirang, re utlwele botlhoko o re thuse." 23 Jeso a mo raya a re, "ke eng o re fa o ka kgona'? Dilo tsotlhe di a kgonafala mo go ba ba dumelang", 24 Ka bonako rraagwe ngwana a lelela ko godimo a re, "Ke a dumela! Nthusa mo go sa dumeleng game". 25 Erile Jeso a bona batho ba bantsi ba tla ba tabogetse ko go bone,a kgalemela moya o o bosula a re, "Wena moya wa bomumu le bosusu, ke a go laola,tswaya mo go ene, ebile o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape." 26 Wa lelela ko godimo o tsikitletsa mosimane mo go golo mme wa tswa. Mosimane a lebega jaaka e kete o sule, mo bontsi bo neng bo re, "o sule". 27 Mme Jeso a mo tsaya ka letsogo a mo emeletsa, mosimane a ema ka dinao. 28 Fa Jeso a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa mo sephiring, "Ke eng re ne re sa kgone go o kobela ntle?" 29 A ba raya are, "Wa mofuta o, ga o nke o ntshiwa ko ntle ga thapelo le go itima dijo". 30 Ba tswa foo,ba feta ka Galalea.A seka a batla ope a itse fa ba neng ba le teng, 31 ka go re o ne a ruta barutwa ba gagwe. A ba raya a re, "Morwa Motho o tlaa neelwa mo diatleng tsa batho mme ba tlaa mmolaya. Fa a sena go bolawa, morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga gape". 32 Mme ba seka ba tlhaloganya kgang e, ba tshaba go mmotsa. 33 Ba tla mo Kaperenaume. Ya re a le mo ntlong a ba botsa, "Le ne le buaisanya ka eng fa le tla mo tseleng"? 34 Mme ba didimala. Ka go re ba ne ba tla ba ganetsana mo tseleng ka gore ke mang yo mogolo. 35 A nna fa fatshe, a bitsa ba ba lesome le bobedi ga mmogo, a ba raya a re, "Fa go na le mongwe yo o batlang go nna wa ntlha, o tshwanetse go nna wa bofelo le motlhanka wa botlhe." 36 A tsaya ngwana yo monnye, a mmaya fa gare ga bone. A mo tshwara ka matsogo a ba raya a re, 37 "Yo o amogelang ngwana yo o tshwanang le yo mo leineng lame, le nna o nkamogetse, mme fa mongwe a nkamogela, ga a nkamogele ke le nosi, o amogela le yo o nthomileng.'' 38 Johane a mo raya a re, "Moruti re bone mongwe a ntsha mewa e e bosula ka leina la gago mme ra mo emisa,ka go re ga a re sale morago, 39 "Mme Jeso a re, "le seka la mo emisa, gonne ga go na ope yo o ka dirang tiro e ntle ka leina lame mme morago ga moo a bua bosula ka leina lame. 40 Ope yo o seng kgatlhanong le rona ke wa rona. 41 Ope yo o go sielang metsi go re o nwe ka go re o wa ga Keresete, ka nnete ke a le raya, ga a kake a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe. 42 Ope yo o ka dirang go re ba ba botlana ba ba ntshetseng morago ba kgopiwe, go tlaa bo go le botoka go re a gokelelwe letlapa le letona la tshilo mo molaleng mme a latlhelwe mo lewatleng. 43 Fa letsogo la gago le go leofisa, le kgaole. Ka go re go botoka go tsena mo botshelong o le segole go na le go ya diheleng o na le matsogo a mabedi mo molelong o o sa timeng. 44 Kwa seboko se teng se sa sweng,le molelo wa teng o sa tingweng. 45 Fa lenao la gago le dira go re o kgopiwe le kgaole. Go botoka go re o tsene mo botshelong o le segole go na le go nna le maoto a mabedi o bo o latlhelwa mo diheleng. 46 Kwa seboko sa teng se sa sweng,le molelo wa teng o sa tingweng 47 Fa leitlho la gago le go dira go re o kgopiwe, le gonye, go botoka go tsena ka bogosi jwa legodimo ka leitlho le le lengwe go na le go nna le matlho a mabedi o bo o latlhelwa mo diheleng, 48 Ko seboko sa teng se sa sweng,le molelo wa teng o sa tingweng. 49 Gonne mongwe le mongwe o tsile go lokwa ka molelo. 50 Letswai le molemo, mme fa letswai le latlhegetswe ke boleng, o ka le dira letswai gape jang? Nnang le letswai mo go lona mme le nne ka kagiso ga mmogo.