Kgaolo 8

1 Mo malatsing ao, ga bo go le bontsi jo bogolo jwa batho,mme ba sena sepe se ba ka se jang. Jeso a bitsa barutwana ba gagwe mme a ba raya a re, 2 "Ke utlwela bontsi bo botlhoko, ka go re ba tsweletse ka gonna le nna mme ga ba ise ba je sepe malatsi a mararo. 3 Fa ke ba romela ko malapeng a bone ba sa ja sepe ba ka felela ba idibala mo tseleng. Mme bangwe ba bone ba tswa kgalala." 4 Barutwana ba gagwe ba mo araba ba re, "Re ka tsaya kae borotho jo bo lekaneng batho ba mo lefelong le le senang ope le?" 5 A ba botsa a re, "Le na le borotho bo le kae?" Ba re, "Bosupa." 6 A fa bontsi taolo ya go re ba nne fa fatshe. O ne a tsaya borotho jo bo supa, a isa malebogo, mme a bo kgaoganya. A bo neela barutwa gore ba bo beye fa pele ga bone, mme ba bo baya fa pele ga bontsi jwa batho. 7 Ba bo gape bana le ditlhapi di se kae, mme morago ga malebogo, a laola barutwa go re ba bafe le tsone gape. 8 Ba a ja ba kgora. Ba sela masalela mme a tlala ditlatlana tse supa. 9 Go ne go na le dikete di le nne tsa batho. Mme a ba laela go tsamaya. 10 Gone foo a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe, mme baya mo kgaolong ya Talamonutha. 11 Mme Bafarasai ba tla go ganetsana le ene. Ba mo raya ba re a ntshe sesupo sa selegodimo mme e le teko. 12 A hegelwa mo moweng a re, "Ke eng kokomane e e batla sesupo? Ka nnete kea le bolelela, ga gona sesupo se kokomane e e ka se e neelwang." 13 A ba tlogela, a tsena mo mokorong gape, mme aya ka ko boseja. 14 Jaanong barutwana ba gagwe ba ne ba lebetse ipakela borotho. Bane ba sena le fa ele borotho bope mo mokorong fa ese bo le bongwe fela . 15 O ne a ba tlhagisa a re, "Lebelelang mme le tlhokomeleng sebidiso sa Bafarasai le sa ga Herote.'' 16 Barutwana ba botsana, "Ke ka gore ga rena borotho." 17 Jeso o ne a etse tlhoko se, mme a re, "Ka go reng le ipotsa ka go tlhoka borotho? Ga le bone? Ga le tlhaoganye? Dipelo tsa lona di ntshofetse? 18 Le na le matlho, a ga le bone? Le na le ditsebe, a ga le kgone go utlwa? Gale gakologelwe? 19 Fa ke kgaoganya borotho jo botlhano go fa dikete tse tlhano tsa batho, le ne la sela masalela a borotho a tletse ditlatlana tse kae?" Ba mo raya ba re, "Lesome le bobedi." 20 "Lefa ke kgaoganya borotho bo supa go fa ba ba dikete tse nne, le ne la tsaya ditlatlana tse kae di tletse?" Ba mo raya ba re, "Bosupa." 21 A ba raya a re, "Le jaanong ga le tlhaloganye?" 22 Ba ne ba tla mo Bethesaida. Batho ba ba neng ba le foo ba ne ba tsisa monna wa sefofu mme ba kopa Jeso go mo ama. 23 Jeso a tsaya letsogo la sefofu, a mo isa ko ntle ga motse. Fa a sena go kgwela mathe mo matlhong a gagwe a ba a mmaya diatla, a mmotsa, "A o bona sengwe?" 24 A leba kwa godimo mme a re, "Ke bona batho ba ba lebegang jaaka ditlhare tsedi tsamayang." 25 Gape a boa a baya diatla mo matlhong a gagwe, mme monna a bula matlho a gagwe, pono ya gagwe ya buselediwa a ba a kgona go bona dilo tsotlhe sentle. 26 Jeso a mo romela ko lapeng a re, "O seka wa tsena mo toropong." 27 Jeso o ne a tsamaya le barutwana ba gagwe go ya ko motseng wa Kaesaria Filipi. Mo tseleng a botsa barutwana ba gagwe, "Batho ba re ke mang?" 28 Ba mo araba ba re, "Johane wa mokolobetsi. Bangwe ba re, 'Elija,' ba bangwe ba re, 'Mongwe wa baporofiti.'" 29 A ba botsa, "Mme lona la re ke mang?" Petere a mo raya a re, "Ke wena Keresete." 30 Jeso a mo tlhagisa gore a seka a bolelela ope ka ene. 31 A simolola go ba ruta go re Morwa Motho o tla bogisega mo dilong tse dintsi, le go re o tla seke a amogelwe ke bagolwane, moperesiti le bakwadi, o tla bolawa mme morago ga malatsi a mararo a tsoge. 32 A bua se a utlwala. Petere a mo tseela fa thoko a mo kgalemela. 33 Mme Jeso a retologa a leba barutwana ba gagwe mme a kgalemela Petere a re, "Mpote ka kwa morago Satane! Ga o a tlhoma tlhaloganyo ya gago mo dilong tsa Modimo, mme o e tlhomile mo dilong tsa batho." 34 A bitsa batho le barutwana ba gagwe, a ba raya a re, "Fa mongwe a batla go ntshala morago o tshwanetse go itatola boene, a tseye sefapaano sa gagwe, mme a ntshale morago. 35 Gonne yo o batlang go boloka botshelo jwa gagwe bo tla mo latlhegela, mme ope yo o latlhegelwang ke botshelo ka ntlha ya leina lame le ka ntlha ya mafoko a a molemo, o tlaa bo somarela. 36 Go tswela mang mosola, go rua lefatshe lotlhe, mme a latlhe botshelo jwa gagwe? 37 Motho o ka duela ka eng go rekolola botshelo jwa gagwe? 38 Ope yo o tlhabisiwang ditlhong ke nna le mafoko a me mo kokomaneng e e tletseng boaka le boleo e, Morwa Motho o tla mo tlhabelwa ke ditlhong fa a tla mo kgalalelong ya ga Rraagwe le baengele ba ba boitshepo.''