Kgaolo 7

1 Bafarasai le bakwadi bangwe ba ba tswang Jerusalem ba mo kgobokanela. 2 Ba lemoga go re bangwe ba barutwana ba ga Jeso ba jele borotho ka matsogo a a leswe,ke go re a a sa tlhapiwang. 3 (Gonne Bafarasai le Bajuta botlhe ga ba je pele ba ka tlhapa matsogo,ka gore ba sala morago ngwao e ba e filweng ke bagolo. 4 Fa Bafarasai ba tswa marekisetsong,ga ba je pele ga ba sa tlhapa.Mme go na le melawana mengwe e ba tlamegang go e sala morago,jaaka go tlhatswa dikopi, dipitsa, dijana tsa kopore le ditilo tse ba di dirisang fa ba a ja.) 5 Bafarasai le bakwadi ba botsa Jeso ba re, "Ke eng barutwana ba gago ba sa sale ngwao e re e neetsweng ke bagolo morago,gonne ba ja borotho jwa bone ba sa tlhapa matsogo?" 6 Mme a ba ra ya a re, "Moporofiti Isaia o buile sentle ka ga lona baitimokanyi.A kwala,'Batho ba ba ntlotla ka dipounama mme di pelo tsa bone di kgakala le nna. 7 Ba nnaya kobamelo e e lolea, ebile ba ruta melao ya batho ele thuto ya bone.' 8 Le latlha ditaelo tsa Modimo le itlhaganele go dira ngwao ya bo rraalona". 9 A ba raya a re "Le dira ka bomo go gana molao wa Modimo go re le dire ngwao ya bo rraalona! 10 Gonne Moshe o rile 'Tlotla rrago le mmago,' le, 'Yo o buang bosula ka rraagwe kana mmaagwe e le ruri o tlaa swa.' 11 Mme lona la re, 'Fa mongwe a raya rraagwe kana mmaagwe a re sepe fela se ke ka bong ke se go neela jaanong ke 'Korobane' (ke gore,"se neetswe Modimo")- 12 le bo le sa mo letlelele go direla rraagwe kana mmaagwe sepe. 13 Le dira ditaelo tsa Modimo go nna lolea ka ntlha dithuto tsa ngwao ya lona tse ebile le di ruta ba ba ko tlase ga lona, le go tswelela le dira tse dingwe tse di tshwanang le tsone." 15 14 A bitsa bontsi jwa batho gape a ba raya a re, "Ntheetsang lotlhe e bile le tlhaloganyeng se. 15 Ga go na sepe se se tswang ko ntle ga motho se se tsenang mo go ene se se ka mo leswafatsang.Ke se se tswang ka molomo wa gagwe se se mo leswafatsang. 16 (Yo o nang le tsebe a a utlwe se). 17 Jaanong fa Jeso a setse a tlogetse bontsi jwa batho a tsene mo ntlong,barutwa ba gagwe ba mmotsa ka setswantsho. 18 Jeso a ba araba a re, "a le le lona ga le tlhaloganye? A ga le bone go re se se tsenang mo mothong se tswa ko ntle ga se ka ke sa mo leswafatsa, 19 ka gore ga se tsene mo pelong, se tsena mo mpeng se bowe se fetele ko ntlwaneng?" Go bua se Jeso one a supa fa dijo tsotlhe di le phepa go ka jewa. 20 A ba raya a re, "Ke se se tswang mo teng ga motho se se mo leswafatsang. 21 Gonne mo pelong ya motho, go tswa dikakanyo tse di bosula,bogokafadi, bogodu,dipolao, 22 boaka,bopelotshetlha,boikepo, tsietso,dikeletso tse di sa laolesegeng,leitlho le le bosula, go bua batho maswe, boikgogomoso, boeleele. 23 Masula a otlhe a tswa mo teng ga motho,ke one a leswafatsang." 24 A tswa mo lefelong leo, a ya kwa kgaolong tsa Tario le Sitona. A tsena mo ntlong mme a sa batle ope a itse gore o teng, a ntse a itse go re boleng teng ba gagwe ga se bo bo ka fitlhwang. 25 Mme ka bofefo mosadi yo o neng a na le morwadie yo o tshwenngwang ke matimona a utlwa ka se, a tla a khubama fa dinaong tsa gagwe. 26 Mosadi yo a bo e le Mogerika wa mo Serofonika ka tshika. A mo kopa go koba letimona mo go morwadie. 27 A mo raya a re, "A go jesiwe bana pele.Gonne ga go a siama go tsaya borotho jwa bana bo latlhelelwa dintsa." 28 Mme a mo raya a re, "Ee, Morena, le dintsa di ja matlhotlhora a a wang mo tafoleng ya bana ba mong wa tsone." 29 A mo raya a re, "Ka go re o buile se, o ka tsamaya. Letimona le dule mo go morwadio." 30 Ya re a boela ko ntlong ya gagwe a fitlhela morwadie a robetse mo bolaong letimona le dule mo go ene. 31 Ya re go tsweng mo kgaolong ya Tario,a ralala Sitona go ya ko lewatleng la Galalea go fitlha ko kgaolong ya ditoropo tsa Tekapolise. 32 Ba ne ba mo tsisetsa susu yo ebile eleng semumu,ba mo kopa go mmaya matsogo. 33 A mo ntsha mo bontsing jwa batho ka sephiri, a mo tsenya menwana mo ditsebeng, ya re a fetsa go kgwa mathe, a kgoma loleme lwa gagwe. 34 A leba kwa legodimong,mme a hegelwa, a bo a mo raya a re, "Ephapahata" a raya go re "Bulega"! 35 Ka ponyo ya leitlho a bo a setse a utlwa, le se se neng se kganna loleme lwa gagwe go bua sa senyakiwa ka jalo a kgona go bua gape. 36 A ba laela go re ba se ka ba bolelela ope ka se. Mme fa a re o ba tlhagisa ka se, bone ebile ba tswelele ka go bua thata ka kgang e. 37 Ba bo ba gakgametse mo go tona ba re "O dirile dilo tsotlhe sentle thata, a bo a dira le bosusu go utlwa le dimumu go re di kgone go bua gape."