Kgaolo 6

1 O ne a tswa gone koo a ya ko motsesetoropo wa ga bone, barutwana ba gagwe ba mo sala morago. 2 Fa letsatsi la Sabata le gorogile, a ya go ruta ko sinanogeng. Bontsi ba ba neng ba mo utlwa ba sala ba gakgametse. Bare, "Dithuto tse o di tsere kae?" "Ke botlhale jwa mofuta ofe jo a bo neetsweng?" "Ke dikgakgamatso tsa kae tse a di dirang ka matsogo a gagwe?" 3 "Aa monna yo ga se mmetli, morwa Marea,ebile e le mogolowe Jakobe le Josese, Jutase le Simone? Bo kgaitsadie ga bana le rona fa?" Jeso a ba kgopisa ka se. 4 Jeso a ba raya a re, "Moporofiti ga a na tlotlo, ko felong le a tsaletsweng ko go lone mo masikeng le ba lwapa la gagwe." 5 O ne a ka seke a dira dikgakgamatso dipe, ko ntle ga go rapelela le go fodisa balwetse ba tsena mo seatleng. 6 Go tlhoka tumelo ga bone ga mo gakgamatsa. A tsamaya mo metseng e e gaufi a ruta gone. 7 A bitsa ba ba lesome le bobedi a ba roma, bobedi ka bobedi, a ba fa taolo godimo ga mewa e e bosula, 8 A ba fa ditaelo tsa gore ba seka ba tsaya sepe mo mosepeleng,fa e se thobane fela; le e seng borotho, le fa ele kgetsi , le fa ele madi mo dipateng tsa meitlamo ya bone, 9 le rwale ditlhako(mpeetshane), mme le seka la tsaya diaparo tse dingwe go na le tse le di apereng. 10 A ba raya a re, "Fa le fiwa boroko mo le lwapeng, le nne gone foo go fitlhela le tswa ka motse oo. 11 Fa toropo e sa le amogele kana ba sa lo reetse, le tsweng mo felong leo,tlhotlhorang lerole mo dinaong tsa lona e le bopaki mo go bone." 12 Ba tsamaya ba ya go rerela batho go re ba ikotlhaele maleo a bone. 13 Ba koba matimona, le go tlotsa ba ba neng ba lwala ka leokwane ba ba fodisa. 14 Kgosi Herote a utlwa se,leina la ga Jeso la bo le setse le tumile. Bangwe ba re,"Ke Johane wa mokolobetsi o tsositswe mo baswing mme ka lebaka le,dinonofo tsa go dira dikgakgamatso di dira mo go ene." 15 Bangwe ba re,"Ke ene Elija." Le ba bangwe ba re, "Ke moporofiti, jaaka mongwe wa baporofiti ba bogologolo." 16 Mme fa Herote a utlwa se a re, "Johane yo ke mo kgaotseng tlhogo, o tsositswe!" 17 Ka go re Herote o ntshitse thomo ya go re Johane a tlhatlhelwe a bewe mo kgolegelong ka ntateng ya se a se buileng ka Herotiase (yo eleng mosadi wa ga morarragwe Filipo), le ka gore one a mo nyetse. 18 Ka Johane o ne a reile Herote, "Gago kafa molaong gore o ka nyala mosadi wa morwarrago." 19 Mme Herotias one a motshwere sekgopi mme a batla go mmolaya, mme ga seka ga kgonega, 20 ka Herote o ne a tshaba Johane; o ne a itse gore ke monna wa moitshepi ebile a itshekile, a mo baya mo polokelong e e siameng. Go moreetsa gone go mo kgopisa le go feta, le fa a ne amofa tsebe ka boitumelo. 21 Mme ga tla sebaka se Herote o neng a ipelela letsatsi la gagwe la matsalo mme a direla badiredi ba gagwe,balaodi ba sesole, le baeteledipele ba Galalea moletlo. 22 Morwadie Herotias a tsena mme a ba binela,mme a itumedisa Herote le balalediwa ba gagwe. Kgosi a raya morweetsana a re, " Mpolelela se ose batlang mme ke tlaa se go neela." 23 A mo ikanela a re, "Tsotlhe tse o di batlang, ke tlaa di go neela, go ya ko sephatlong sa bogosi jwame." 24 O ne a ya ko go mmagwe a mo raya a re, "Ke kope eng?" A mo fetola a re, "Tlhogo ya ga Johane wa mokolobetsi." 25 Gone foo a tsena ka mahega ko go kgosi a kopa, a re, "Ke batla o nneele gone jaanong, mo sejaneng,tlhogo ya ga Johane wa mokolobetsi." 26 Kgosi a utlwa botlhoko, mme ka maitlamo a gagwe le balalediwa o ne a ka seke a gane kopo eo. 27 Jalo kgosi a laola lesole go tswa mo badiseng go re a ye go tla ka tlhogo ya ga Johane. Motlhokomedi o ne a mo tsaya a mo kgaola tlhogo mo kgolegelong. 28 A tsisa tlhogo ya ga Johane mo sejaneng a e neela morweetsana, mme morweetsana a e fetisetsa ko go mmagwe. 29 Mo go utlweng se ga barutwana ba gagwe, ba ne batla ba tsaya mmele wa gagwe ba o fitlha. 30 Baposetolo ba kgobokanela fa go Jeso, ba mmegela tsotlhe tse ba di dirileng le tse ba di rutileng. 31 A ba raya a re,"tsamayang le ye ko lefelong le le kwa thoko le ikhutse."Gonne bontsi bo ne botla,bo bo bo tsamaya, ba se na le nako ya go ja. 32 Ba ne ba tsaya mokoro ba ya ko lefelong le le kwa thoko ka bo bone. 33 Ya re ba ba bona ba tsamaya, bontsi ba ba lemoga, ba ne ba tabogela teng ka maoto go tsweng ditoropong tsotlhe, ba goroga pele ga bone. 34 Fa ba goroga fa letshitshing, ba bona bontsi jwa batho mme a ba utlwela botlhoko ka ba ne ba tshwana le dinku di sena modisa. A simolola go ba ruta tse dilo tse dintsi. 35 Fa letsatsi le phirima,barutwana ba gagwe ba tla ko go ene ba re, "Se ke lefelo le le kgakala mme ebile go a fifala. 36 Ba reye ba tsamae go re baye ko mafelong a a gautshwane go re ba kgone go ithekele se ba ka se jang." 37 A ba araba a re, "Ba feng se ba ka se jang lona." Ba mo raya ba re, "Re ka ya go reka borotho bo bo lekanang le madi a makgolo a mabedi tuelo ya letsatsi mme re ba fe ba je?" 38 A ba raya a re, "Le na le borotho bo le kae? Tsamayang le ye go bona." Fa ba lemoga ba re, "Marotho a le matlhano le ditlhapi tse pedi." 39 A fa taelo ya go re mongwe le mongwe a nne fa fatshe ka ditlhophana mo tlhageng. 40 Ba ne ba nna mo ditlhopheng;tsa makgolo, le tsa masome a a matlhano. 41 tsaya marotho a matlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa magodimong, a di segofatsa a bo a kgaoganya marotho a a neela barutwana go re ba neele batho go ya ka ditlhophana.A kgaoganya ditlhapi tse pedi mo go bone botlhe. 42 Botlhe ba a ja go fitlhelelela ba kgora. 43 Ba ne ba sela masalela a borotho,ditlatlana tse lesome le bobedi di tletse, le masalela a ditlhapi. 44 Go ne ga ja banna ba le dikete tse tlhano. 45 Gone foo o ne a dira go re barutwana ba gagwe ba tsene mo mokorong ba mo etelele pele go ya ko letlhakoreng le lengwe, ko Bethesaita, fa a sa ntse a phatlalatsa batho. 46 Fa ba fetsa go tsamaya a ya ko godimo ga thaba go rapela. 47 Maitseboa a fitlha, mokoro wa bo o le fa gare ga lewatle, ene a bo a le nosi mo lefatsheng. 48 O ne a bona go re ba na le bothata jo bogolo ka ba ne ba kgweetsa mokoro kgatlhanong le phefo. Ka makuku a tla ko go bone, a tsamaya mo metsing, a batla go feta ka bone. 49 Fa ba mmona a tsamaya fa godimo ga metsi, ba ne ba akanya gore ke sepoko ba lelela godimo, 50 ka gore go mmoneng ba tshoga mo gogolo. Gone foo a ba raya a re, "Nametsegang! Ke nna! Se boifeng!" 51 A tsena mo mokorong le bone, mme diphefo tsa didimala. Ba ne ba gakgametse e le ruri. 52 Ka ba ne ba sa tlhaloganya sesupo sa borotho.Ka gore,dipelo tsa bone dine di thatafetse. 53 Fa ba se na go kgabaganyetsa ko lethakoreng le lengwe, ba tla ko lefelong la Genesarete mme ba emisa mokoro. 54 Fa ba tswa mo mokorong, teng foo ba mo lemoga. 55 Ba taboga mo kgaolong ba simolola go tsisa balwetsi ba ba mo diphateng, gongwe le gongwe ko ba utlwileng gotwe o etla. 56 Gongwe le gongwe fa a neng a tsena ka metsana le ditoropo, kana mo lefatsheng, ba ne ba baya balwetsi mo marekisetsong, mme ba mo kopa go re a ba letle go kgoma seaparo sa gagwe bogolo. Mme bontsi jwa bao ba neng ba mo kgoma ba fola.