Kgaolo 5

1 Ba tla ntlheng e nngwe ya lewatle, ko kgaolong ya Gerasenese. 2 Mme ka bofefo ya re Jeso a tswa mo mokorong,monna yo o neng a na le mewa e e bosula a tla kwa go ene a tswa mabitleng. 3 Monna o ne a nna mo mabitleng. Ope o ne a sa kgone go tshwarwa gotlhelele,le fa e le ka keetane. 4 O ne a kile bofiwa gantsi ka ditshipi mo maotong le ka dikeetane.O ne a kgaola dikeetane ka bogare le ditshipi tsa kgaogana. Go ne go sena ope yo o nang le thata ya go mo tshwara. 5 Bosigo bongwe le bongwe le motshegare mo mabitleng le mo dithabeng, o ne a lela a bo a itshega ka matlapa a bogale. 6 Fa a bona Jeso a le sekgalanyana, a mo tabogela a khubama fa pele ga gagwe. 7 A lela ka lentswe le le kwa godimo, "Ke direng ka wena, Jeso, Morwa Modimo Yo o ko Godimo? ke a go kopa ka Modimo ka sebele ,o seka wa ntlhokofatsa." 8 Ka gore o ne a mo raya a re, "tswaya mo monneng,wena moya o o bosula." 9 A mmotsa a re, "Leina la gago ke mang?"A mo araba a re, "Leina la me ke mephato,ka go re re bantsi." 10 A mo kopa gangwe le gape go re a se ka a ba koba mo kgaolong. 11 Jaanong ga bo go le serapa sa dikolobe di fula mo thabeng, 12 ba mo kopa,ba re, "re romele mo dikolobeng, go re re tsene mo go tsone." 13 A ba letlelela; mewa e e bosula ya tswa ya tsena mo dikolobeng, tsa tabogela ko tlase ga thaba tsa itatlhela mo lewatleng,mme dikolobe tse di ka nnang dikete tse pedi tsa nwela mo lewatleng. 14 Ba ba neng ba disitse dikolobe ba sia ba ya go bolela kwa toropong le ntlheng e nngwe ya lefatshe.Jaanong batho ba ba ntsi ba tswela ko ntle ba tla go bona se se diragetseng. 15 Ba tla kwa go Jeso, ba bona monna yo o neng a na le matimone- mephato ya mewa e e bosula-a ntse fa fatshe, a apere, ebile a itekanetse tlhaloganyo, ba tshoga. 16 Ba ba boneng se se diragaletseng monna yo o neng a na le matimone ba ba bolelela go re go diragetse eng ka ene le ka dikolobe. 17 Ba simolola go mo kopa go re a tswe mo kgaolong ya bone. 18 Ya re a tsena mo mokorong,monna yo o neng a na le matimone a mo kopa gore a tsamae le ene. 19 A seka a letlelela seo, a mo raya a re, "Ya ko ntlong ya gago le batho ba gago, o ba bolelele se Modimo a se go diretseng le mautlwelo botlhoko a a go a fileng." 20 A tswa a tsamaya a ya go bolela dilo tse di kgolo tse Jeso a di mo diretseng mo Tikapolise, mme mongwe le mongwe o ne a gakgametse. 21 Ya re Jeso a tloletse ka ko ntlheng e nngwe gape ka mokoro,bontsi jwa batho ba phuthega ba mo dikaganyetsa,a ntse fa thoko ga lewatle. 22 Mongwe wa baeteledipele ba sinagoge, yo o bidiwang, Jairase, a tla, ya re a mmona a wela fa dinaong tsa gagwe. 23 A kopa gangwe le gape, a re, "Morwadiake o gaufi le go swa, ke a go kopa, tlaa o mmee diatla gore a fole a tshele." 24 A tsamaya le ene, mme bontsi jwa batho ba mo sala morago ba mo atametse thata ba mo pitlagantse. 25 Jaanong ga bo go le mosadi yo o saleng a tshologa madi dingwaga di le lesome le bobedi. 26 O ne a boga thata mo tlhokomelong ya dingaka ka bontsi , a dirisa gotlhe mo a nang le gone,boemong jwa go thusega seemo sa senyegela ko pele. 27 O ne a utlwile dipego ka ga Jeso. A tla fa morago ga gagwe fa a tsamaya fa gare ga bontsi jwa batho, a ama diaparo tsa gagwe. 28 Ka o ne a re, "Fa ke ka kgoma diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola." 29 Fa a mo kgoma,go tshologa madi ga ema, a ikutlela mo mmeleng go re o fodile mo tlhokofatsong ya gagwe. 30 Ka bonako Jeso a itemogela go re nonofo e dule mo go ene.A leba mo bontsing jwa batho a botsa, "Ke mang yo o kgomileng diaparo tsa me?" 31 Barutwana ba gagwe ba mo raya ba re ," O bona botsi jwa batho bo bo go kgobokanetseng,ba go kgoma, o bo o re, 'Ke mang yo o nkgomileng?'" 32 Mme Jeso a leba go senka yo o dirileng jalo. 33 Mosadi ka go itse se se mo diragaletseng,a tshoga a bo a roroma. A tla a wela fa fatshe mo pele ga gagwe a mmolelela boammaruri jotlhe. 34 A mo raya a re "Morwadiaka tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso o bo o fodisiwe mo bolwetsing jwa gago." 35 Ya re a santse a bua, batho bangwe ba tswa kwa go moeteledipele wa sinagoge, ba re, " Morwadio o tlhokafetse.Ka go reng o tshwenya moruti go sena mosola?" 36 Mme ya re Jeso a ba utlwa, a raya mogolwane wa sinagoge a re," Se tshoge . Dumela fela." 37 A seka a letlelela ope go tsamaya le ene, fa e se Petere, Jakobe le Johane, morwa rragwe Jakobe. 38 Ba goroga ko ntlong ya moeteledipele wa sinagoge ba fitlhela tlhakatlhakano go le modumo o mogolo wa selelo. 39 Fa a tsena mo ntlong, a ba raya a re, "Le hutsafaletseng eng e bile le lelela eng? Ngwana ga a tlhokafala o robetse." 40 Ba mo tshega.Mme a ba ntshetsa botlhe kwa ntle,a tsaya rragwe le mmagwe ngwana, le bao ba a neng a na le bone, ba ya mo ngwana a neng a le teng. 41 A tsaya letsogo la ngwana a re ,"Talitha kumi," ke gore, "Mosetsanyana, ke go ra ya ke re,tsoga." 42 Ka bofefo ngwana a ema a tsamaya (ka o ne a na le dingwaga tse di lesome le bobedi). Ba ne ba gakgametse thata. 43 A ba laela a gagamaditse molao gore ope a seka a bua se se diragetseng. A ba laela gore ba mo neele sengwe sa go jewa.