Kgaolo 4

1 Gape one a simolola go ruta fa lewatleng.Bontsi jwa batho jwa kgobokana fa go ene, a tsena mo mokorong mo lewatleng, a nna fa fatshe.Bontsi jwa batho ba ne ba le fa letshitshing la lewatle. 2 A ba ruta dilo di le dintsi ka ditshwantsho,mme a bua le bone mo thutong a re, 3 ''Reetsang, molemi o ne a tswa a ya go jwala peo. 4 Ya re a jwala, peo nngwe ya wela mo tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa e ja. 5 Peo nngwe ya wela mo lekgwarapaneng, fa go neng go se na mmu o montsi.Ka ponyo ya leitlho ya tlhoga, ka go re e ne e sena mmu o montsi. 6 Mo tlhabong ya letsatsi, ya swaba, ka e ne e sena medi, ya omelela. 7 Peo e nngwe ya wela mo ditlharing tse di mitlwa. Ditlhare tse di mitlwa tsa gola tsa di hupetsa, mme tsa seka tsa ungwa. 8 Peo e nngwe ya wela mo mmung o o siameng ya ntsha maungo ya ntsifala, e nngwe ya ntsha masome a mararo, e nngwe masome a marataro, e nngwe lekgolo.'' 9 Mme a re, ''Lefa ele mang yo o nang le ditsebe tsa go utlwa, a a utlwe!'' 10 Fa Jeso a le nosi, ba ba neng ba le gaufi le ene le ba ba lesome le bobedi ba mmotsa ka di ditshwantsho. 11 A ba raya are, ''Le neetswe masaitseweng a bogosi jwa Modimo. Mme mo go ba ba kwa ntle sengwe le sengwe se mo ditshwantshong, 12 gore fa ba leba, ''Ee ba lebe, mme ba seka ba bona sepe, gore fa ba utlwa, ee ba utlwe, mme ba seka ba tlhaloganya sepe. E seng jalo ba ka fetoga mme Modimo wa ba itshwarela'' 13 A ba raya a re, '' A ga le tlhaloganye setshwantsho se? Jaanong le tlaa tlhaloganya ditshwantsho tse dingwe jang? 14 Molemi yo o jwalang peo ya gagwe ke yo o jwalang lefoko. 15 Bangwe ke peo e welang fa thoko ga tsela, fa lefoko le jwalwang teng. Mme fa ba le utlwa, ka ponyo ya leitlho satane a tsaya lefoko le le jwadilweng mo go bone. 16 Bangwe ke e e jwadilweng mo lekgarapaneng, fa ba utlwa lefoko, gone foo ba le amogela ka boitumelo. 17 Mme ga ba na modi ,ba itshoka ka lebakanyana fela. Mme fa ditlhokofatso kana dipogisego di tla ka ntlha ya lefoko ka bofefo ba kgopiwe. 18 Ba bangwe ke e e jwadilweng mo mitlweng. Ba utlwa lefoko, 19 mme matshwenyego a lefatshe, tsietso ya dikhumo, dikeletso tsa dilo tse dingwe, di tsene di hupetse lefoko, le tlhoke go ntsha maungo. 20 Gape gona le ba ba leng e e jwadilweng mo mmung o o siameng. Ba utlwa lefoko, ba le amogele ba ntshe maungo:bangwe masome a mararo,ba bangwe masome a marataro, ba bangwe lekgolo.'' 21 Jeso a ba raya a re, ''A le tsisa lebone mo ntlong le bo le le baya kafa tlase ga tlatlana, kana ka fa tlase ga bolao? Le le tsisa mo ntlong, le bo le le baya fa setlhomong sa lebone. 22 Ka gore ga go sepe se se fitlhegileng se se tlaa sekeng se itsewe,ga go sepe se se fitlhegileng se se ka se keng sa tswela kwa ntle. 23 Yo o nang le ditsebe a a utlwe!'' 24 A ba raya a re, ''Reetsang ka kelotlhoko se le se utlwang, gonne ka selekanyo se le lekanyang ka sone, le tla a lekanyediwa ka sone, le bo le okelediwa ka sone. 25 Gonne yo o nang le sengwe, o tlaa okelediwa, mme yo o senang,o tlaa tseelwa le se a nang le sone.'' 26 Mme a re, ''Gonne Bogosi jwa Modimo bo tshwantshiwa le monna yo o jwalang peo ya gagwe mo mmung. 27 O robala bosigo mme a tsoge phakela, peo e kukunye mme e gole, le fa a sa itse go re jang. 28 Lefatshe le ungwa ka bo lone: pele go tswe letlhare,seako,mme morago go tswe mabele a a buduleng mo seakong . 29 Fa seako se omile ka bofefo o isa thipa, ka nako ya thobo e a bo e gorogile.'' 30 A re, "Re ka tshwantshanya bogosi jwa legodimo le eng, kana re ka dirisa setshwantsho sefe go tlhalosa? 31 Go tshwana le thapo ya mositara e lemilweng, e e leng nnye mo go tsotlhe mo lefatsheng. 32 Mme fa e lengwa e gola e nna kgolo go feta dijwalo tse dingwe tsotlhe mo tshimong, e dire dikala tse ditona gore dinonyane tsa loapi di dire dintlhaga mo meriting ya tsone.'' 33 Ka ditshwantsho tse dintsi tse di tshwanang le tse a bua lefoko le bone,go ya ka fa bane ba kgona go tlhaloganya ka teng, 34 gope fa a ne a bua le bone teng o ne a dirisa setshwantsho.Mme e ne e re a le nosi a tlhalosetse barutwa ba gagwe sengwe le sengwe. 35 Ya re letsatsi leo go le maitseboa ,'' a ba raya a re, "A re kgabaganyetseng kwa moseja.'' 36 Ba tlogela bontsi ba batho,ba tsamaya le Jeso ka a ne a setse a le mo mokorong. Mekoro e mengwe e ne e na le bone. 37 Matsubutsubu a simologa, makhubu a metsi a tsena mo mokorong mme wa tsamaela go tlala ka metsi. 38 Jeso Keresete o ne a le ko morago mo mokorong, a robetse mo mosamong. Ba mo tsosa, ba re, ''Moruti a ga o kgathale go re re tloga re swa?" 39 A tsoga a kgalemela matsubutsubu a raya lewatle a re, "Ema, o kgaotse.'' matsubutsubu a didimala, ga nna thitibalo e kgolo. 40 A ba raya a re, ''Ke eng le boifa? A le ntse ga le na tumelo?'' 41 Ba ne ba tshogile fela thata ba raana ba re, "Ke mang yo, gonne le tsone diphefo le lewatle di a mo utlwa?''