Kgaolo 3

1 Mme gape a tsena mo sinagogeng mme ga bo go na le monna a na le letsogo le le omeletseng. 2 Batho bangwe ba mo leba thata go bona gore a o tlaa mo fodisa ka letsatsi la Sabata, gore ba tle ba mmone molato. 3 Jeso a raya monna yo o omeletseng letsogo a re, "Tsoga mme o eme fa gare ga botlhe''. 4 Mme a raya batho a re," A go ka fa molaong go dira molemo ka Sabata kana go tlhokofatsa, go boloka botshelo, kana go bolaya? Mme ba ne ba didimetse. 5 A ba lebelela ka tshakgalo, a utlwisiwa botlhoko ke go thatafala ga dipelo tsa bone, mme a raya monna a re, "Otlolola letsogo la gago." A le otlolola mme letsogo la gagwe la buselediwa. 6 Bafarasai ba tswela kwa ntle mme ka bonako ba loga leano le ba lekoko la ga Herote kgatlhanong le ene gore ba mmolae. 7 Mme Jeso, le barutwa ba gagwe, ba ya kwa lewatleng, mme bontsi jo bogolo jwa batho ba ba sala morago go tswa mo Galalea le go tswa mo Jutia 8 le go tswa mo Jerusalema, Itumia le go feta Jorotane le go dikolologa Tera le Sitona. Bontsi jwa batho fa ba utlwa dilo tse a di dirang, ba tla kwa go ene. 9 A kopa barutwa ba gagwe go mmakanyetsa mokoro o monnye ka ntata ya bontsi jwa batho, gore ba seka ba mo gata. 10 Gonne o fodisitse ba le bantsi, gore ope fela yo o nang le ditlhokofatso a mo atamele go re a mo ame. 11 Gope fela fa mewa e e bosula e neng e mmona teng, e ne e khubama fa pele ga gagwe e lela, mme e re, "O Morwa Modimo" 12 A ba laola gore ba seka ba bolelela ope. 13 A palama ko godimo ga thaba, mme a bitsa ba a neng a ba batla, mme ba tla ko go ene. 14 A tlhoma ba ba lesome le bobedi (ba a ba biditseng ba aposetolo), gore ba tle ba nne le ene le gore a ba rome go rera, 15 le go nna le taolo go koba matimone. 16 Mme a tlhoma ba ba lesome le bobedi : Simon, yo a mmiditseng Petere, 17 Jakoba morwa Sebete, Johane morwarragwe Jakobe, yo a mmiditseng Boagenase, ke gore barwa legadima, 18 le Anterea, Filipo, Batholemeo, Mathaio, Tomase, Jakobe morwa Alefaeso, Thataeso, Simone Moselota, 19 le Jutase Sekariota, yo a tlaa mo itatolang. 20 Mme a boela lapeng,bontsi jwa batho ba kgobokana gape, mo ba neng ba se ka ba kgona go ja borotho. 21 Fa ba lelwapa la gagwe ba utlwa ka se, ba tsamaya goya go mo tsaya, gonne ba ne ba re, "O latlhegetswe ke tlhaloganyo." 22 Bakwadi ba ba neng ba tswa Jerusalema ba re, "O dirisiwa ke Belezabule,"ke gore,"O kobela matimone ntle ka kgosi ya matimone." 23 Jeso a ba biletsa ko go ene mme a bua le bone ka ditshwantsho, "Satane o ka koba satane jang? 24 Fa puso e kgaogana ka bo yone, puso eo ga e ka ke ya kgona go ema. 25 Fa ntlo e kgaogana ka bo yone, ntlo eo ga e ka ke ya kgona go ema. 26 Fa satane a itsogologela ka bo ene mme a kgaogana, ga a ka ke a kgona go ema , mme o tsile ko bokhutlong. 27 Mme ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o nonofileng a bo a utswa dithoto tsa gagwe fa a sa mo golega pele, mme ke gone a ka tsayang dithoto. 28 Ka nnete ke le raya ke re, maleo otlhe a barwabatho a tla itshwarelwa, le ditlhapa tsotlhe tse ba di buang ka Modimo, 29 mme ope fela yo o tlhapatsang Moya o o Boitshepo ga a kitla a itshwarelwa, mme o molato wa boleo jo bo sa feleng." 30 Jeso a bua se ka gore ba ne ba re, "O na le moya o o bosula." 31 Jaanong mmaagwe le barwarragwe ba tla ba nna ko ntle. Ba romela ko go ene mongwe gore a mmitse a tle nae. 32 Mme bontsi jo bo mo dikaganyeditseng ba mo raya ba re, "Mmago le barwarrago ba ko ntle, baa go batla." 33 A ba araba a re, "Mme le barwarre ke bo mang?" 34 A leba ba ba mo dikaganyeditseng a re, "Bonang, barwarre le mme ke ba! 35 Gonne ope fela yo o dirang go rata ga ga Rara, motho yoo ke kgaitsadi, morwarre le mme."