Kgaolo 2

1 Ya re a boela ko Kaperenaume, morago ga malatsi a se kae, ga utlwala fa a setse a le mo gae. 2 Bontsi jwa phuthegela gone, mo go neng go sena phatlha le fa mojakong tota,mme Jeso a bua le bone lefoko. 3 Banna bangwe ba le bane ba tsisa monna wa segole, ko go ene. 4 Ya re ba sa kgone go atumela kwa go ene ka lebaka la bontsi, ba tlosa marulelo a ntlo fa a neng a le teng. Fa ba sena go bula phatlha mo marulelong, ba folosetsa bolao jo monna wa segole a robetseng mo go jone kwa tlase. 5 Go boneng tumelo ya bone, Jeso a bua jaana a re, "morwa maleo a gago a itshwaretswe." 6 Mme bangwe ba bakwadi ba ba neng ba ntse foo ba ngongorega mo dipelong ba re, 7 "Keng monna yo a bua jaana? O roga Modimo! Ke mang yo o ka itshwarelang maleo fa e se Modimo fela?'' 8 Jeso mo moyeng wa gagwe a itse ka bonako se ba se akantseng mo dipelong tsa bone. A ba raya a re, "Ke eng le akanya jaana mo dipelong tsa lona? 9 Se se motlhofo go se raya monna wa segole ke eng,''Dibe tsa gago di itshwaretswe'' kana ''ema o tseye bolao jwa gago o tsamaye''? 10 Mme gore le tle le itse gore morwa motho o filwe taolo ya go itshwarela dibe mo lefatsheng", a raya segole a re, 11 "Jalo ke go raya ke re, tsoga, o tseye bolao jwa gago o ye kwa ntlong ya gago." 12 Jalo ka bonako a tsoga mme a tsaya bolao jwa gagwe, a tswa mo ntlong mo ponong ya mongwe le mongwe, mme botlhe ba tlala ka kgakgamalo, ba isa kgalaletso kwa Modimong, ba re, "Ga re ise re ko re bone se." 13 One a tswela ko ntle gape, a ya fa thoko ga lewatle, matshwititshwiti a tla kwa go ene, jalo a ba ruta. 14 E rile a feta a bona Lefi morwa Alefiase a ntse fa tenteng ya bakgethisi a mo raya a re, "Ntshala morago." A ema a mo sala morago. 15 Ya re Jeso a a ja kwa ntlong ya ga Lefi, bontsi jwa bakgethisi le baleofi ba ja le Jeso le barutwa ba gagwe, mme bontsi ba mo sala morago. 16 Ene ya re bakwadi ba e neng e le Bafarasai ba bona se, go re Jeso o ja le baleofi le bakgethisi, ba botsa barutwa ba gagwe ba re, "Ke eng Jeso a ja le bakgethisi ga mmogo le baleofi?" 17 Fa Jeso a utlwa se, a ba raya a re, "Ba ba lwalang ke bone ba tlhokang ngaka, mme ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka. Ga ke a tlela basiami ke tletse baleofi." 18 Bafarasai le barutwana ba ga Johane bane ba itimile dijo. Batho bangwe batla kwa go ene ba re, "Barutwana ba ga Johane le barutwana ba Bafarasai ba itima dijo, mme ke eng barutwana ba gago bone ba sa itime dijo?'' 19 Jeso a ba araba a re, "A baetsana ba monyadi ba ka itima dijo ba santse ba na le ene? Fa ba santse ba na le ene ga ba kake ba itima dijo. 20 Mme nako e etla e monyadi a tla tlosiwang fa go bone, ka malatsi ao, ke gone batla itimang dijo. 21 Ga gona motho yo o ka bayang sebata sa letsela le lesha, mo seaparong se segologolo, eseng jalo sebata se se mo seaparong se tla kgagoga,se sesha se tswa mo go se segologolo , mme go kgagoga go tla nna mo go golo. 22 Ga gona ope yo o ka tsayang mofine o mosha a o tsenya mo matlalong a magologolo, e seng jalo mofine o tla thuba matlalo mme gotlhe mofine le matlalo di mo latlhegele.Boemong ja moo, o ka tsenya mofine o mosha mo matlalong a masha." 23 Ka letsatsi la Sabata Jeso a raletse masimo, barutwa ba gagwe ba simolola go tsaya diako tsa mabele ba di ja. 24 Bafarasai ba tla kwa go ene ba re, "Bona, ke eng ba dira selo se se sa letlelesegeng ka letsatsi la Sabata?" 25 A ba raya a re, "Ga le a bala go re Tafite o ne a dira eng le banna ba a neng a na le le bone fa bane ba tshwerwe ke tlala - 26 jaaka a ne a tsena mo ntlong ya Modimo ka nako e moperesiti mogolo e neng e le Abiathara, a ja borotho jo bo itshepisitsweng, jo boneng bo sa letlelelwe go jewa ke ope fa e se baperesiti fela, a ba a fa ba a neng a na le bone?" 27 Jeso a re, "Sabata e diretswe batho, eseng batho Sabata. 28 Ka jalo, Morwa Motho ke Morena wa Sabata tota."