Kgaolo 10

1 Jeso a tswa fa lefelong leo, a tsamaela ko dikgaolong tsa Jutia go ya go feta ka noka ya Jorotane, bontsi jwa batho jwa tla kwa go ene gape. A ba ruta gape jaaka a ne a tlwaetse go dira. 2 Bafarasai ba tla ko go ene ba mo leka ka dipotso ba re; " A go ka fa molaong gore monna a tlhale mosadi?" 3 A araba a re, "Moshe o le laoletse eng?" 4 Ba re, "Moshe o ne a letlelela monna go kwalela mosadi setlankana sa tlhalo mme a mo kobe." 5 "E ne ele ka ntlha ya dipelo tsa lona tse di thata go re a le kwalele molao o." ga bua Jeso. 6 "Mme Ko tshimologong ya lebopo, Modimo o bopile monna le mosadi.' 7 Ka lebaka le monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe go ngaparela mosadi wa gagwe, 8 mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe, jalo ga ba sa tlhole ba le babedi mme ke nama e le nngwe. 9 Jalo he, se Modimo a se kopantseng, a go se nne ope yo o se kgaoganyang.'' 10 Ya re ba le mo ntlong, barutwa ba mmotsa ka se. 11 A ba raya a re, "Ope yo o tlhalang mosadi wa gagwe a bo a nyala yo mongwe o mo direla boaka. 12 Le mosadi fa a tlhala monna wa gagwe go ya go nyala monna yo mongwe, o dira boaka." 13 Ba tsisa bana ba bone ba bannye ko go ene go re a ba ame, mme barutwa ba ba kgalemela. 14 Ya re Jeso a lemoga se, a seka a itumela a ba raya a re, "Letlang bana go tla ko go nna,le seka la ba kganela, ka gore bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba tshwanang le bone . 15 Ka boammaruri ke le raya ke re, ope yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a tsena ka jone". 16 Jaanong a tsaya bana, a ba segofatsa jaana a ntse a ba baya diatla. 17 E rile a simolola mosepele wa gagwe, monna mongwe a mo tabogela, a khubama fa go ene, a mmotsa, "Moruti yo o molemo, ke dire eng go rua botshelo jo bo sa khutleng?" 18 Jalo Jeso a re, "ke eng o mpitsa yo o molemo?, Ga go ope yo o molemo ko ntle ga Modimo a le nosi. 19 Le itse ditaelo: o seka wa bolaya, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa fa bosupi jwa maaka, o seka wa tsietsa, tlotla rrago le mmago." 20 Monna a re, "Moruti dilo tse tsotlhe ke di obametse fa e sa le ke le monana". 21 Jeso a mo leba mme a mo rata. A mo raya a re, "o tlhaela ka selo se le sengwe, o tshwanetse go rekisa dilo tsotlhe tse o nang le tsone, o bo o di fa batlhoki, mme o tlaa nna le khumo ko legodimong. Jaanong o ka tla wa ntshala morago. 22 Mme a hutsafadiwa ke mafoko a, a tsamaya ka pelo e e botlhoko, ka o ne a na le dikhumo tse dintsi. 23 Jeso a leba mo tikologong mme a raya barutwa ba gagwe a re, " go dingalo gole kae mo go ba ba humileng go re ba tsene ka bogosi jwa Modimo!". 24 Barutwa ba gakgamadiwa ke mafoko a gagwe. Mme Jeso a ba raya gape a re, " Bana, go thata go le kae go tsena ka bogosi jwa Modimo! 25 Go motlhofo go re kamela e tsene ka letshoba la nnale go na le go re mohumi a tsene ka bogosi jwa Modimo". 26 Ba ne ba gakgametse mo go golo, ba bo ba raana ba re, "ke mang yo o ka bolokiwang?". 27 Jeso a ba leba, a ba raya a re, "Mo bathong ga go kgonege mme e seng mo Modimong. Ka gore mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega". 28 Petere a simolola go bua le ene, "Bona re tlogetse sengwe le sengwe mme ra go sala morogo." 29 Jeso a re, "ka nnete ke lo raya ke re,ga go ope yo o tlogelang ntlo, morwarraagwe, kana kgaitsadie, kana mmaagwe, kana rraagwe, kana bana, kana lefatshe la gagwe ka ntlha yame le ya dikgang tse di molemo, 30 yo o tlaa sekeng a amogele go le lekgolo thata mo lefatsheng le: mantlo, le morwarraagwe, le kgaitsadie, Le mmaagwe, le bana, le lefatshe le dipogisego, le mo botshelong jo bo sa khutleng. 31 Mme bontsi jo e leng jwa ntlha e tlaa nna ba bofelo, mme jwa bofelo e tlaa nna ba ntlha." 32 Ba ne ba le mo tseleng ba ya kwa Jerusalema, mme Jeso a ba etelela pele. Barutwa ba ne ba gakgametse le ba ba ba setseng morago ba ne ba tshogile. Jaanong Jeso a tseela ba ba lesome le bobedi fa thoko gape, mme a simolola go ba bolelela se se tlaa mo diragalelang ka bokhutshwane. 33 Bonang, re tsile go palamelela ko Jerusalema, mme Morwa Motho o tlaa neelwa baperesita ba bagolo le bakwadi ba molao. Ba tlaa mo atlholela loso ba bo ba mo neela Baditshaba. 34 Ba tlaa mo sotlaka, ba mo kgwela mathe, ba mmetsa ba bo ba mmolaya. Mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga.'' 35 Jakoba le Johane barwa Sebete, ba tla ba mo raya ba re, "Moruti re batla o re direla sengwe le sengwe se re se go kopang." 36 A ba raya a re, " Le batla ke le direla eng?" 37 Ba mo raya ba re, "re letlelele go nna le wena mo kgalalelong, yo mongwe a le mo mojeng yo mongwe mo molemeng." 38 Mme Jeso a ba fetola a re, "Ga le itse se le se kopang. A le ka kgona go nwa seno se ke tlaa se nwang kana go itshokela kolebetso e ke tlaa e kolobediwang?" 39 Ba mo raya ba re, " Ee re tlaa kgona". Jeso a ba raya a re, ''Seno se ke tlaa se nwang le lona le tlaa senwa. Le kolobetso e ke tlaa kolobediwang ka yone le lona le tlaa kolobediwa ka yone. 40 Mme go re go nna mang ka fa letsogong la moja kana ka fa go la molema ga se nna yo o nka go neelang, mme ke ga ba ba go baakanyeditsweng. 41 Ya re barutwa ba bangwe ba ba lesome ba utlwa ka se, ba simolola go galefelela Jakobe le Johane. 42 Jeso a ba biletsa ko go ene a re, "Le itse go re ba ba lemogiwang e le babusi ba Baditshaba ba ba feta ka nonofo, le badiredi ba bone ba digaratsa taolo mo go bone. 43 Ga go a tshwanela go nna jaana mo go lona. Ope yo o batlang go nna mogolo o tshwanetse a nna motlhanka pele, 44 le ope yo o batlang go nna wa pele mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe. 45 Gonne Morwa Motho ga a atla go tla go direlwa, mme go direla, go neela botshelo jwa gagwe go duelela ba bantsi.'' 46 Ba tla mo Jeriko. Jaaka a tswa mo Jeriko le barutwa ba gagwe, le bontsi jo bogolo jwa batho, morwa Timaese,Baratimaese, mokopi wa sefofu, a bo a ntse fa thoko ga tsela. 47 Ya re a utlwa go re ke Jeso wa mo Nnasaretha, a simolola go goeletsa a re, " Jeso ,morwa Tafita, nkutlwela botlhoko! 48 Bontsi jwa kgalemela monna wa sefofu, ba mo raya ba re a didimale. Mme a goeletsa le go feta, " Morwa Tafita nkutlwela botlhoko!" 49 Jeso a ema,a laola go re a bidiwe. Ba bitsa monna wa sefofu, ba re, "Nna pelokgale! Emelela! O a go bitsa". 50 A latlha jase ya gagwe, a tsapoga, a tla ko go Jeso. 51 Jeso a mo araba a re, "O batla ke go direla eng"? Monna wa sefofu a re, "Moruti, ke batla go amogela pono ya me". 52 Mme Jeso a mo raya a re, "Tsamaya. Tumelo ya gago e go fodisitse." Ka bonako a kgona go bona gape, mme a mo sala morago mo tseleng.