Kgaolo 11

1 Jaanong fa ba goroga mo Jerusalema, ba bo ba le gaufi le Bethephage le Bethane ko thabeng ya Letlhware, mme Jeso a roma barutwa ba gagwe ba babedi, 2 a ba raya a re,"Tsenang mo motseng o o lebaganyeng le rona. Fela fa le tsena, le tla fitlhela tonkana e e iseng e pagangwe ke ope. Le e bofolole le e tsise kwa go nna. 3 Mme fa mongwe a le raya a re,"le direlang jalo?" le re 'Morena o a e tlhoka mme o tlaa e busa ka bonako.'' 4 Ba tsamaya, mme ba fitlhela tonkana e bofeletswe mo kgorong, kwa ntle mo mmileng, ba e bofolola. 5 Batho bangwe ba bo ba eme foo, mme ba ba raya ba re,"Le dirang go bofolola tonkana?" 6 Ba bua le bone jaaka Jeso a ba boleletse, mme batho ba ba lesa go re ba tseye tsela ya bone. 7 Barutwa ba babedi ba tsisa tonkana kwa go Jeso, mme ba latlhela dijase tsa bone mo go yone go re Jeso a tle a e pagame. 8 Batho ba bantsi ba tsharabolola diaparo tsa bone mo tseleng, mme ba bangwe ba baya dikala tse ba di kgetlileng mo masimong. 9 Ba ba mo eteletseng pele, le ba ba mo setseng morago ba goa ba re, "Hosana! Go sego yo o tlang ka leina la Morena. 10 Go sego bogosi yo bo tlang jwa ga Tafita rraetsho! Hosana mo magodimodimong!" 11 Foo Jeso a tsena mo Jerusalema, a ya ko tempeleng, a lebelela sengwe le sengwe. Jalo, maitseboa, a tswa le ba ba lesome le bobedi a ya Bethane. 12 Letsatsi le le latelang fa ba bowa ko Bethane, o ne a tshwerwe ke tlala. 13 Ya re go bona setlhare sa mofeige se na le matlhare a matala a sa le kgakala, a ya go bona go re a o ka fitlhela sengwe mo go sone. Mme fa a tsena kwa go sone, a seka a fitlhela sepe, fa e se matlhare fela, ka e ne e se paka ya mofeige. 14 A bua naso, "Ga gona ope yo o tla a tlholang a a ja leungo mo go wena gape." Mme barutwa ba gagwe ba utlwa se. 15 Ba tla mo Jerusalema, a tsena mo tempeleng, a simolola go kobela bareki le barekisi kwa ntle. A pitikolola ditafole tsa ba ba ananyang madi le ditilo tsa ba ba rekisang maphoi. 16 A seka a letlelela ope go tsena ka sengwe se se ka rekisiwang mo tempeleng. 17 A ba ruta a re,"A ga go a kwalwa go re,''Ntlo yame e tlaa bidiwa ya thapelo ya merafe yotlhe''?Mme le e dirile legaga la dirukutlhi." 18 Baperesiti ba bagolo le bakwadi ba utlwa se a se buileng , mme ba senka leano la go mmolaya. Gonne ba ne ba mo tshaba ka batho botlhe ba ne ba gakgamadiwa ke dithuto tsa gagwe. 19 Mme e ne e re maitseboa ba bo ba tswa mo toropong. 20 Ya re ba feta foo mo mosong, ba bona setlhare sa mofeige se omeletse go tsena ko meding. 21 Petere a gakologelwa, a re "Moruti bona! Setlhare sa mofeige se o se hutsitseng se omeletse." 22 Jeso a ba araba,'' Nnang le tumelo mo Modimong. 23 Ka nnete ke le raya ke re le fa e le mang yo o rayang thaba e a re, ''Nanoga o itatlhele mo lewatleng,'' fa a sa belaele mo pelong ya gagwe mme a dumela go re se a se kopang se tla a diragala, ke se Modimo o tla a dirang. 24 Jalo he ke le raya ke re:Sengwe le sengwe se le se rapelelang le se kopa, le dumele go re le se amogetse, mme e tlaa nna sa lona. 25 Fa le ema le rapela,le tshwanetse go itshwarela sengwe le sengwe se le se tshwereng kgatlhanong le mongwe fela, go re rraetsho yo o kwa legodimong a le itshwarele melato. 26 Mme fa le sa itshwarele le rraetsho yo o kwa legodimg ga a kitla a le itshwarela. 27 Ba tla mo Jerusalema gape, Ya re Jeso a tsamaya mo tempeleng, baperesiti ba bagolo, bakwadi le bagolwane ba tla kwa go ene. 28 Ba mo raya ba re "O dira dilo tse o di dirang ka taolo ya ga mang? Le gone ke mang yo o go laoletseng go di dira?" 29 Jeso a ba raya a re," Ke tla a le botsa potso e le nngwe.Mpolelelang mme ke tla a le bolelela go re ke dira dilo tse ka taolo ya ga mang. 30 A kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa legodimong ka na mo bathong?Nkarabeng." 31 Ba buisanya, ba ganetsanya mme ba re,"Fa re ka re, 'kwa legodimong' o tla a re, jaanong ke eng le ne le sa mo dumele? 32 Mme fa re re' mo bathong,'...Ba tshaba batho ka go re botlhe ba ne ba dumela go re Johane ke moporofiti. 33 Foo ba araba Jeso ba re," Ga re itse." Jeso a ba raya a re, "Le nna ga ke le bolelele go re ke dira dilo tse ka taolo ya ga mang."