Kgaolo 12

1 Mme Jeso a simolola go ba ruta ka ditshwantsho. A re,"Monnna o ne a lema tshingwana, a bo a e agelela, a epa seboana se go gamolelwang mofine mo go sone. A aga ntlo ya badisa dikago, a hirisetsa balemi ba mofine tshimo. Jalo a tsaya loeto. 2 E ne ya re fa nako e fitlha, a roma motlhanka kwa baleming ba mofine, go ya go tsaya maungo a a tswang mo tshingwaneng. 3 Mme ba mo tshwara, ba mmetsa, ba mmusetsa morago a sa tshola sepe. 4 O ne a ba romelelela mothanka yo mongwe gape, ba mo utlwisa botlhoko mo tlhogong ba mo dira dilo tse di tlhabisang ditlhong. 5 A roma yo mongwe, mme ba mmolaya. Ba ne ba dira se se tshwanang le mo go ba ba latelang, bangwe ba ba betsa fa ba bangwe ba ba bolaya. 6 O ne a santse a na le motho a le mongwe go mo roma, morwa yo o rategang. Ke ene wa bofelo go mo roma kwa go bone. A re, "Ba tla tlotla morwaake." 7 Balemi ba mofine ba ne ba raana ba re, "Yo ke moja boswa. Tlaang re mmolaeng, boswa e tla nna jwa rona". 8 Ba mo tshwara, ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshingwana ya mofine. 9 Jaanong, mong wa tshingwana ya mofine o ka dira eng ? O tla atla go senya balemi ba mofine, a neele ba bangwe tshingwana. 10 A ga le ise le bale lekwalo le? Lentswe le baagi ba le ganneng, le dirilwe pinagare. 11 Se se ne se tswa kwa Moreneng, mme go a kgatlhisa mo matlhong a rona." 12 Ba ne ba batla go tshwara Jeso, mme ba boifa bontsi jwa batho, ka ba ne ba itse fa a buile setshwantsho se kgatlhanong le bone. Ba mo tlogela, mme ba tsamaya. 13 Mme ba roma bangwe ba Bafarasai le ba ga Herote go mo tshwara ka mafoko. 14 Fa ba goroga, ba mo raya ba re, "Moruti, re a itse gore ga o kgathale ka mogopolo wa ga ope, ebile ga o tseye letlhakori lepe. O ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri. Aa go ka fa molaong go duela Kaisara lekgetlho kana nyaa? Aa re duele kana nyaa?" 15 Jeso a itse boitimokanyi jwa bone, a ba raya a re, "Ke eng le nteka? Tsisang kwano ledi ke tle ke le lebelele." 16 Ba le tsisa kwa go Jeso. A ba raya a re, "Setshwantsho se le mokwalo o, ke tsa ga mang?" Ba re, "Tsa ga Kaisara" 17 Jeso a re, "Neelang Kaisara tse e leng tsa ga Kaisara, Modimo dilo tse e leng tsa Modimo." Ba mo gakgamalela. 18 Basadukai, ba ba reng ga gona tsogo, ba tla kwa go ene. Ba mmotsa ba re, 19 "Moruti, Moshe o re kwaletse a re, 'fa monna a tlhokafalelwa ke morwa rraagagwe, a tlogela mosadi, a sena ngwana, monna yo o tshwanetse a tsaya mosadi wa ga morwa rraagwe a tsalele monnawe bana.' 20 Ga bo go le batsalwammogo ba borre ba le supa, wa ntlha a nyala mosadi mme a tlhokafala, a sa tlhogele ngwana. 21 Wa bobedi a tsaya mosadi yoo, a tlhokafala le ene a sa tlogele bana. Wa boraro le ene a dira jalo. 22 Le wa bosupa a seka a tlogela bana. Sa bofelo mosadi le ene a tlhokafala. 23 Fa ba tsoga botlhe ka nako ya tsogo, mosadi e tla nna wa ga mang? Ka go re o ne a le mosadi wa batsalwammogo ba ba supa ba botlhe. 24 Jeso a re, "A ga se lone lebaka la go re le bo le fositse, ka gore ga le itse dikwalo le fa e le go tlhaloganya maatla a Modimo? 25 Gonne fa ba tsoga mo baswing, ga ba na go nyalana, kana ba nyadisiwa, ba tla nna jaaka baengele ko legodimong. 26 Ka ga baswi ba ba tsosiwang, a ga lo a bala mo Lekwalong la ga Moshe, ka ga sekgwa, ka fa Modimo a buileng le ene a re, 'Ke Modimo wa ga Aborahama, ke Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe. 27 Ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi. Le fositse.'' 28 Mongwe wa bakwadi a tla, a utlwa puisano ya bone, a bona go re Jeso o ba arabile sentle. A mmotsa, "Ke efe taolo e e botlhokwa thata mo go tsone tsotlhe?" 29 Jeso a araba, "E e botlhokwa thata ke go re, "Utlwang Iseraele; Morena Modimo wa rona, Morena o mongwefela. 30 O tshwanetse wa rata Morena Modimo wa gago ka pelo ya gago yotlhe, le ka moya wa gago otlhe, ka tlhaloganyo ya gago yotlhe, le ka nonofo ya gago yotlhe. 31 Taolo ya bobedi ke e, 'O rate moagisanyi wa gago jaaka o ithata.' Ga gona taolo epe e kgolo gona le tse.'' 32 Mokwadi a re, "Moruti yo molemo! O buile sentle fa o re Modimo o mongwefela, ga gona yo mongwe kwa ntle ga gagwe. 33 Go mo rata ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo le ka nonofo, le go rata moagisanyi wa gago jaaka o ithata, go feta setlhabelo se se tshubiwang le ditlhabelo tse dingwe.'' 34 Fa Jeso a bona a arabile ka botlhale, a mo raya a re, "Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.'' Morago ga moo, ga bo go sena yo o pelokgale go botsa Jeso dipotso gape. 35 Mme Jeso a fetola, fa a ruta mo tempeleng a re, "Ke eng bakwadi ba re Keresete ke morwa Tafita? 36 Fa Tafita a le mo Moyeng o o Boitshepo, o ne a re, "Morena o reile Morena wame a re, nna ka fa letsogong la me la moja go fitlhelela ke dira baba ba gago bonno jwa dinao tsa gago. 37 Tafita ka bo ene o mmitsa "Morena", Mesia o ka nna morwa Tafita jang?'' Bontsi jwa batho ba mo reetsa ka boitumelo. 38 Mo dithutong tsa gagwe Jeso o ne a re, "Elang tlhoko bakwadi, ba ba ratang go tsamaya ba apere dilwana tse di telele le go dumedisiwa mo marekisetsong 39 le go nna mo ditilong tsa segosi mo sinagogeng le mo mannong a segosi mo meletlong. 40 Ba utswa matlo a batlholagadi, ba rapele ditlhapelo tse ditelele go bonwa ke batho.Batho ba ba tla amogela katlholo e kgolo". 41 Jeso a nna fa tlatlaneng ya moneelo mo tempeleng, a bo a lebeletse batho jaaka ba latlhela madi a bone mo tlatlaneng. Bontsi jwa bahumi ba tsenya madi a mantsi. 42 Ga tla motlholagadi wa mohumanegi a tsenya dithebe tse pedi. 43 A bitsa barutwa ba gagwe a ba raya a re, "Ke le bolelelela nnete motlholagadi yo wa mohumanegi o neetse go feta botlhe ba ba neetseng mo tlatlaneng ya moneelo. 44 Gonne botlhe ba neetse go tswa mo lehumong la bone. Mme motlholagadi yo go tswa mo lehumeng la gagwe o neetse madi otlhe a gagwe a a ka tshelang ka one.