Kgaolo 13

1 Fa Jeso a tswa mo tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re, "Moruti, bona matlapa a mantle le dikago tse dintle tse!" 2 A mo raya a re, "A o bona dikago tse dikgolo tse? Ga gona letlapa lepe le le tla a tlogelwang mo godimo ga le lengwe le le tla sekeng le digwe". 3 Fa a ntse fa fatshe go lebagana le tempele mo thabeng ya letlhware, Petere, Jakoba, Johane le Anterea ba mmotsa mo sephiring, 4 "Re bolelele, dilo tse di tla a dirafala leng", Sesupo e tla nna eng fa dilo tse di le gaufi le go dirafala?" 5 Jeso a simolola a ba raya a re, "Elang tlhoko go re ope a se le timetse. 6 Ba le bantsi ba tla a tla ka leina la me, ba re, 'ke ene, mme ba tla timetsa ba le bantsi. 7 Fa le utlwa ka ga dintwa le magatwe a dintwa, le seka la tshwenyega, dilo tse di tla a diragala mme bokhutlo bo bo bo ise bo tle. 8 Gonne morafe o tla tsogologela morafe yo mongwe, le bogosi bo tla tsogologela bogosi jo bongwe. Go tla nna thoromo ya lefatshe, le mauba mo mafelong a le mantsi. Se ke tshimologo ya ditlhabi tsa pelegi. 9 Elang tlhoko. Ba tla a le tsisa mo makgotleng,mme ba le kgwathisa mo disinagogeng. Le tla ema fa pele ga babusi le dikgosi ka ntlha yame, se e tla nna bopaki mo go bone. 10 Mme mafoko a a molemo a tshwanetse go rerelwa merafe yotlhe pele. 11 Fa ba le tshwara ba le isa, le seka la tshwenyega gore le tla a reng. Gonne ka nako eo, le tla neelwa mafoko a le tla a buang;e tla a bo e se wena yo o buang, go tla a bua Moya o o Boitshepo. 12 Morwa o tla isa morwarragwe go bolawa, le rrangwana ngwana wa gagwe. Bana ba tla tsogologela batsadi ba bone mme ba ba ise go ya go bolawa. 13 Le tla ilwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me. Mme yo o itshokang go ya bokhutlong o tla bolokwa. 14 Fa le bona makgapha a leswafatswang a eme fa a sa tshwanelang teng (a mmadi a tlhaloganye), a ba ba mo Jutia ba tshabele kwa dithabeng. 15 A yo o kwa godimo ga ntlo a seka a fologela tlase go tsena mo ntlong kgotsa go ya go tsaya sengwe. 16 A le yo o kwa nageng a seka a boa go ya go tsaya kojwana. 17 Mme go bo go latlhega ba ba imileng le ba ba amusang mo malatsing ao. 18 Rapelang gore go seka ga dirafala mariga. 19 Gonne go tla nna pogisego e kgolo e e iseng e nne mo tshimologong, fa Modimo a tlhola lefatshe, nnyaa, le gone ga e kitla e nna morago ga moo. 20 Fa Morena a ne a sa khutshwafatsa matsatsi ao, ga gona motho ope yo o neng a ka bolokwa.Ka ntlha ya bakgethwa,bao a ba ikgethetseng o khutswafaditse malatsi. 21 Mme fa motho mongwe a go raya a re, "Bona, Keresete ke yo, kgotsa ke yole! o se ka wa dumele. 22 Gonne bo-keresete le baporofiti ba maaka ba tla a tla ba dira ditshupo le dikgakgamatso, gore fa go kgonega, ba tsietse le bone ba ba ikgethetsweng tota. 23 Disang! Gonne ke le boleletse dilo tse pele ga nako. 24 Mme morago ga dipogisego tsa matsatsi ao, letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga a na a ntsha lesedi la one, 25 dinaledi di tla wela fa fatshe, le dinonofo tsotlhe tsa legodimo di tla reketla. 26 Mme ba tla bona morwa motho atla mo marung,ka maatla le kgalalelo e kgolo. 27 Mme o tla a roma baengele ba gagwe go phutha botlhe ba a ba ikgethetseng go tswa mo phefong tse nne, go tswa bokhutlong jwa lefatshe go ya bokhutlong jwa lewapi. 28 Ithuteng ka setlhare sa mofeige. Fa dikala di nna ditala le matlhare a kukunya,le itse go re selemo se gaufi. 29 Jalo he, fa le bona dilo tse di diragala le itse gore o gaufi, o fa kgorong. 30 Ke le bolelela boammaruri go re, kokomane e ga e kitla e feta pele ga dilo tse tsotlhe di diragala. 31 Legodimo le lefatshe di tla a feta, mme lefoko lame ga le kitla le feta. 32 Mme fa e le ka nako le fa e le letsatsi ga go ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimomg, kgotsa morwa, fa e se Rara fela. 33 Elang tlhoko! Disang mme le rapeleng, gonne ga lo itse nako. 34 Go tshwana le monna yo o tsayang leeto, a tswa mo ntlong a e tlogele mo tlhokomelong ya batlhanka ba gagwe mme mongwe le mongwe wa bone a dire tiro ya gagwe. Mme a laele motlhokomedi go re a seka a robala. 35 Ke gone lebelelang, gonne ga lo itse nako e mong wa ntlo a tla a bowang ka yone;e ka nna mo maitseboeng, bosigo gare, kgotsa fa mokoko o lela, kgotsa mo mosong. 36 Fa a ka tla ka tshoganetso, a a se go fitlhele o robetse. 37 Se ke se lo rayang, ke se raya batho botlhe. Disang!"