Kgaolo 14

1 E ne e le malatsi a mabedi pele ga paseka le moletlo wa borotho jo bo sa bedisiwang. Baperesiti bagolo le bakwadi ba molao ba ne ba sekaseka ka bokukuntshwane go re ba ka tshwara Jeso jang go mmolaya. 2 Gonne ba ne ba re "e seng ka letsatsi la moletlo, batho ba ka tloga ba tsosa mokubukubu" 3 Erile Jeso a le ko Bethane mo ntlong ya ga Simone wa molepero, fa a sekame fa tafoleng, mosadi mongwe a tla kwa go ene a tshotse lebotlele la alebasetara le na le senkgisa monate sa narito se se tlhwatlhwa kgolo. A thuba lebotlele a se tshela mo tlhogong ya gagwe. 4 Mme ga bo go na le bangwe ba ba neng ba tenega.Ba buisanya ba re "tshenyo e ke ya eng? 5 Senkgisa monate se se ka bo se rekisitswe ka selefera tse di makgolo a mararo mme ga abelwa bahumanegi."Ba mo kgalemela. 6 Jeso a re "Mo tlogeleng, lemo tswenyetsa eng?" O ntiretse selo se se molemo. 7 Le nna fela le na le bahumanegi, le ka ba direla molemo nako nngwe le nngwe fa le batla, mme ga le ye go nnela ruri le nna. 8 O dirile se a se kgonang: o tloleditse mmele wame phitlho. 9 Ka boammaruri ke a le bolelela, gongwe le gongwe kwa mafoko a bogosi jwa Modimo a rerwang teng, se mosadi yo a se dirileng se tla a buiwa go mo gopola." 10 Jalo Jutase Sekariota, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a tswa a ya ko baperesiti bagolo go re a tle a mo neele mo diatleng tsa bone. 11 Fa baperesiti bagolo ba utlwa se, ba itumela ba mo solofetsa go mo fa madi. A simolola go batla sebaka sa go mo neela mo diatleng tsa bone. 12 Ka letsatsi la ntlha la moletlo wa borotho jo bo sa bedisiwang, ba sena go ntsha kwana ya setlhabelo sa tlolagano, barutwa ba gagwe ba mo raya ba re "o batla re ye go go baakanyetsa kae go ja dijo tsa tlolaganyo?". 13 A roma barutwa ba gagwe ba babedi a re, " tsamayang le tsene mo toropong, monna yo o tshotseng nkgwana e tletse metsi o tla kopana le lona, mosaleng morago. 14 Fa a tsena mo ntlong, mo saleng morago le reye mong wa ntlo le re, 'Moruti a re "kamore ya baeng e kae e ke tla jelang paseka le barutwa bame teng?" 15 O tla a le bontsha kamore e e kwa godimo e e phuthologileng ebile e siamisitswe.Re baakanyetseng mo go yone. 16 Barutwa ba tsamaya ba tsena mo toropong. Ba fitlhela sengwe le sengwe jaaka ba laetswe, ba baakanyetsa tlolaganyo. 17 Mo maitseboweng, a tla le barutwa baba lesome le bobedi. 18 Fa ba sekame mo tafoleng ba aja, Jeso a re " ka boammaruri ke a le bolelela, mongwe wa lona yo o jang le nna o tla a nkoka". 19 Ba utlwa botlhoko mme ka bongwe ka bongwe ba re "E seng nna?". 20 Jeso a araba a re ke mongwe wa barutwa ba ba lesome le bobedi, yo o inang borotho le nna gone jaana mo mogopong". 21 Gonne Morwa Motho o tla tsamaya fela jaaka dikwalo di bua ka ga gagwe. Mme go latlhegile jang ene yo o tla rekisang morwa motho!go ka bo go le botoka mo go ene fa a ka bo a sa tsalwa. 22 Fa ba ntse ba a ja, Jeso a tsaya borotho a bo segofatsa a bo ngathoganya, a bo ba neela a re "tsayang se, ke mmele wame". 23 A tsaya senwelo a se segofatsa a se ba neela, botlhe ba se hupisanya. 24 A ba raya a re "Sena ke kgolagano ya madi ame, madi a a tshololetsweng ba le bantsi" 25 Ka boammaruri ke a lo raya "Ga nkitla ke e nwa leungo la mofine, go fitlhela nako e ke tla Le nwang sesha mo bogosing jwa Modimo" 26 Ga ba sena go opela sehela, ba ya thabeng ya Letlhware. 27 Jeso a ba raya a re "Lona lotlhe le tla phatlalala ka ntata yame, gonne go kwadilwe, "Ke tla itaya modisa, mme dinku di tla phatlalala" 28 Mme fa ke se na go tsosiwa, ke tlaa le etelela pele go ya Galalea. 29 Petere a mo ra ya a re "Le fa botlhe ba ka phatlalala, e seng nna" 30 Jeso a mo ra ya a re "ka boammaruri ke a go raya, bosigo jo, fa mokoko o ise o lele gabedi, o tlaa bo o setse o intatotse gararo". 31 Petere a re "le fa ke ka swa nao, ga ke na go go itatola". Botlhe ba solofetsa jalo. 32 Ba tla mo lefelong le le bidiwang Gethesemane, mme Jeso a raya barutwa ba gagwe a re "Nnang fa ke santse ke rapela". 33 A tsaya Petere, Jakobe le Johane mme a simolola go tlala ka bohutsana le kutlobotloko. 34 A ba raya a re "Moya wame o tletse kutlobotlhoko thata, le go ya losong, salang fa le lebeletse." 35 Jeso a tsamaela ko kgakajana, a wela fa fatshe, a rapela go re fa go kgonega, oura e e mo fete. 36 A re "Rara,dilo tsotlhe di a kgonega mo go wena, tlosa senwelo se mo go nna, mme e seng go rata game,mme e leng ga gago". 37 Fa a boa a fitlhela ba thulametse, a raya Petere a re "Simone a o robetse?O ne o sa kgone go lebelela oura e le nngwe?" 38 Lebelela o rapele go re o seka wa tsena mo thaelong. E le ruri moya o a eletsa mme nama e bokoa." 39 A boa gape go ya go rapela, a dirisa mafoko a a tshwanang. 40 A boa gape a ba fitlhela ba thulametse, gonne matlho a bone a ne a tletse boroko mme ba sa itse go re ba ka mo raya ba reng. 41 A tla la boraro a ba raya a re "A le sa ntse le robetse le itapolositse? Go lekane!Nako e gorogile.Bonang! Morwa Motho o rekiseditswe baleofi. 42 Tsogang;a re tsamayeng, bonang ene yo o nthekisang o gaufi. 43 Fa a sa ntse a bua, Jutase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi a goroga, mme bontsi jwa batho bo ne bo na le ene ba tshotse ditshaka le melamu, go simolola ka baperesiti bagolo, bakwadi ba molao le bagolwane. 44 Jaanong yo o neng a mo rekisa, a ba fa sekao a re, "Yo ke tla a mo atlang ke ene, lemo tshware, mo tseeng le mo disitse ". 45 Ya re fa Jutase a goroga, a tlhamalelela kwa go Jeso a re "Moruti"a mo atla. 46 Ba mo tshwara. 47 Mme mongwe wa ba ba neng ba le gaufi a ntsha tshaka, a kgaola tsebe ya mongwe wa batlhanka ba moperesiti mogolo. 48 Jeso a ba raya a re, "A le tla le mpololetse ka ditshaka le melamu jaaka e kare le ya go tshwara serukutlhi? ka ditshaka le melamu?". 49 Fa ke ne ke na le lona letsatsi le letsatsi ke ruta mo tempeleng ga le a ntshwara" Mme sena se ne se diragala go re dikwalo di rurifadiwe. 50 Mme botlhe ba ba neng ba na le Jeso ba mo tlogela ba sia. 51 Mokawana mongwe yo o neng a ithathile ka letsela fela a mo sala morago; ba mo tshwara, 52 mme a tlogela seaparo sa letsela foo a sia a sa apara sepe. 53 Ba isa Jeso ko moperesiting mogolo. Baperesiti bagolo, bagolwane le bakwadi ba molao ba mo kgobokanela botlhe. 54 Jaanong Petere a ba sala morago sekgelenyana go fitlhela ko kagong ya moperesiti mogolo. A feta a nna magareng ga masole a a neng a ora molelo. 55 Jaanong baperesiti bagolo le lekgotla lotlhe la Bajuta ba ne ba batla bosupi kgatlhanong le Jeso go re ba tle ba mmolae. Mme ba seka ba bo bona. 56 Gonne ba le bantsi ba ne ba tsisa bosupi jwa maaka kgatlhanong le ene mme le bosupi jwa bone tota bone bo sa dumalane. 57 Ba bangwe ba ema ka dinao ba tsisa bosupi jwa maaka kgatlhanong le ene ba re, 58 "Re mo utlwile a re, ke tla senya tempele e ,e e agilweng ka diatla mme mo malatsing a mararo ke tla aga e nngwe e sa agiwang ka diatla." 59 Mme le bosupi jwa bone bo ne bo sa dumalane. 60 Moperesiti mogolo a ema ka dinao magareng ga bone a botsa Jeso a re, "A ga o na karabo? Ke eng se banna ba ba se buang ka ga gago?" 61 Mme a didimala a se ka a bua sepe. Moperesiti mogolo a boa a mmotsa gape a re, "A o Keresete? Morwa wa yo o Segofetseng?" 62 Jeso a re, "Ke nna, le gone tla bona Morwa Motho a ntse ka fa letsogong la moja la nonofo a bo a tla ka maru a legodimo." 63 Moperesiti mogolo a ikgagolaka diaparo a re, "A re santse re tlhoka basupi? 64 Le utlwile matlhapa kgatlhanong le leina la Modimo. Tshwetso ya lona ke eng?" Mme botlhe ba mmaya molato ba re o tshwanetswe ke leso. 65 Ba bangwe ba simolola go mo kgwela mathe, ba mmipa sefatlhego mme ba mo itaya ba mo raya ba re, "Porofita!". Masole ba mo tsaya ba mmetsa. 66 Fa Petere a ntse a le kwa tlase mo kagong ya kgotlatshekelo, mosetsana mongwe wa lelata la moperesiti mogolo a tla kwa go ene. 67 A bona Petere a ora molelo, mme a mo lebelela thata. A mo raya a re, "Le wena o ne o na le Jeso wa moNaseretha". 68 A itatola a re, "ga ke tlhaloganye gape ga ke itse go re o bua kaga eng" A bo a tswa a tsena mo kagong ya kgotlatshekelo. Foo mokoko wa lela. 69 Mosetsanyana wa lelata a mmona, a simolola go bua gape le ba ba neng ba le foo a re " Monna yo ke mongwe, wa bone!" 70 Mme a itatola gape. Morago ga sebakanyana, ba ba neng ba le foo ba raya Petere ba re, "E le ruri o mongwe wa bone, gonne le wena o moGalalea." 71 A simolola go hutsa le go ikana a re, "Ga ke itse monna yo le buang ka ga ene yo". 72 Ka ponyo ya leitlho mokoko wa lela la bobedi. Foo Petere a gakologelwa mafoko a Jeso a a mmoleletseng: "Pele ga mokoko o lela ga bedi, o tla a intatola ga raro". A thubega ka selelo.