Kgaolo 15

1 Mo mosong, baperesiti ba bagolo bokopana le bagolwane, le bakwadi le lekgotla la Bajuta. Jaanong ba bofa Jeso ba tsamaya ka ene. Ba mo neela Pilato. 2 Pilato a mmotsa a re, "A ke wena kgosi ya Bajuta"? A araba a re, "Wa rialo". 3 Baperesiti ba bagolo ba ne ba kaya melato e mentsi kgatllhanong le Jeso. 4 Pilato a mmotsa gape a re, "A ga o na karabo? Bona go re ba go bona melato e metsi jang !" 5 Mme Jeso a seka a tlhola a araba Pilato, mme se sa mo gakgamatsa. 6 Jaanong ka nako ya moletlo Pilato o ne a tle a ba gololele legolegwa le le lengwe,legolegwa le ba le kopileng. 7 Mo kgolegelong le digogela thoko, mo babolaing ba ba tshwaretsweng karolo ya bone mo bogogelathokong, ga bo gole monna a bidiwa Barabase. 8 Bontsi jwa batho ba tla ko go Pilato ba simolola go mo kopa go ba direla jaaka a dirile pele. 9 Pilato a ba araba a re, "A le batla ke le gololela kgosi ya Bajuta?" 10 Ka o ne a itse gore ke ka ntlha ya lefufa go bo Moperisiti yo mogolo a bo a mo neetse Jeso. 11 Mme baperesiti yo mogolo a rotloetsa batho go goeletsa gore go gololwe Barabase. 12 Pilato a ba araba gape a re," Jaanong ke dire eng ka Kgosi ya Bajuta?" 13 Ba goa gape ba re, " Mmapole!" 14 Pilato a ba raya a re, "o dirile molato ofe?" Ba goeletsa le go feta ba re, "Mmapole" 15 Pilato o ne a batla go kgotsofatsa bontsi , jalo a ba gololela Barabase. A kgwathisa Jeso mme a ba mo neela go ya go bapolwa. 16 Masole ba mo isa kwa kgotleng , ba bitsa ga mmogo masole otlhe. 17 Ba apesa Jeso seaparo se se bohibidu jwa segosi, mme ba loga korone ya mitlwa, ba e mo rwesa. 18 Ba simolola go dumedisa ka go ikoba ba re, " Tuma, Kgosi ya Bajuta!" 19 Ba mmetsa mo tlhogong ka letlhaka ba bo ba mo kgwela mathe. Ba oba mangole fa pele ga gagwe ba itira jaaka ekete ba a mo tlotla. 20 Fa ba se na go mo sotla, Ba mo apola seaparo se sehibidu jwa mmala wa segosi, ba mo apesa diaparo tsa gagwe mme ba mo isa go ya go mmapola. 21 Ba pateletsa mofiti ka tsela go thusa, yo o neng a tla a tswa mo lefatsheng lengwe, monna yo o neng a bidiwa Simone wa Sirane (Rraagwe Alekesentere le Rufase); ba mo pateletsa go rwala sefapaano sa ga Jeso. 22 Masole a isa Jeso ko lefelong le le bidiwang Gologota (go raya, "lefelo la legata"). 23 Ba mo neela mofine o tlhakantswe le molemo, mme a seka a o nwa. 24 Ba mmapola, ba kgaoganya diaparo tsa gagwe, ba dira khupelekhupele go bona se lesole lengwe le lengwe le tlaa se tsayang. 25 E ne e le ka oura ya boraro fa ba mmapola. 26 Ba baya mokwalo wa go supa molato o ba o mmoneng o re, "Kgosi ya Bajuta." 27 Ba bapola magodu a mabedi le ene,yo mongwe ka fa mojeng yo mongwe ka fa molemeng. 28 Mme dikwalo tsa rurifadiwa tse di reng one a balelwa le baleofi. 29 Ba ba neng ba feta ba mo roga, ba tshikhinya ditlhogo ba re, "ahaaa! Wena yo o kgonang go senya tempele o bo o e aga mo malatsing a mararo, 30 ikgolole o bo o fologe sefapaano!. 31 Ka tsela e e tshwanang baperisiti bagolo ba mo sotla ga mmogo le bakwadi ba molao ba re, "O bolokile ba bangwe, mme ga a kgone go ipoloka. 32 A Keresete,Kgosi ya Iseraele, a fologe mo sefapaanong, go re re bone re tle re dumele". Le ba ba neng ba bapotswe le ene ba mo sotla. 33 Ka oura ya borataro, lefifi la tla mo lefatsheng lotlhe go fitlhela oura ya borobabongwe. 34 Ka oura ya borobabongwe Jeso a lela ka lentswe le le ko godimo, "Eloi, Eloi, lama sabakathani?" Mo go ranolwang gotwe, "Modimo wa me, Modimo wame, o ntlogeletse eng?" 35 Bangwe ba ba ba neng ba eme foo ba utlwa mme ba re, "Bona, o bitsa Elija." 36 Mongwe a taboga, a tshela mofine o o botlhoko mo sekateng, a se tsenya mo thobaneng ya letlhaka, a bo a mo neela go re a nwe. Monna a re, " A re boneng go re a Elija o tlaa mo folosa?" 37 Jalo Jeso a lela ka lentswe le le kwa godimo mme a swa. 38 Sesiro sa tempele sa kgagoga ka bogare go tswa kwa godimo go ya kwa tlase. 39 E rile fa moeteledipele wa sesole yo o neng a eme a lebagane le Jeso a bona go re o sule ka tsela e e ntseng jaana , a re, " Ruri yo ke Morwa Modimo". 40 Gape ga bo go le basadi ba ba neng ba lebile ba le kgakajana. Mo go bone go le Maria Magatalena, Maria (mmaagwe Jakobe le Josese), le Salome. 41 Fa a ne a le ko Galalea ba ne ba mo sala morago ba mo direla. Basadi ka bontsi le bone ba ne ba tsile le ene mo Jerusalema. 42 Fa maitseboa a tla, ka go re e ne e le Letsatsi la Paakanyo,ke gore, letsatsi pele ga Sabata, 43 Josefa wa Arimatia a tla foo. E ne e le leloko le le tlotlegang la lekgotla, yo o neng a letetse Bogosi jwa Modimo. A ya kwa go Pilato ka bopelokgale, a kopa mmele wa ga Jeso. 44 Pilato a gakgamalela go re Jeso o setse a sule; a bitsa mogolwane wa sesole go mmotsa go re a Jeso o sule. 45 Fa a se na go utlwa ka mogolwane wa sesole go re Jeso o sule, a neela Josefa mmele wa gagwe. 46 Josefa o ne a rekile letsela. A mo folosa mo sefapaanong, a mo phutha ka letsela, a mmaya mo lebitleng le le neng le gabilwe mo letlapeng. Jaanong a pitikololela letlapa go tswala kgoro ya lebitla. 47 Maria Magatalena le Marea mmaagwe Josese ba bona lefelo le Jeso a fitlhilweng mo go lone.