Kgaolo 16

1 Fa letsatsi la Sabata le sena go feta, Marea Magatalena, Marea mmaagwe Jakoba, le Salome, ba reka dinkgisa monate, go re ba ye go tshasa mmele wa ga Jeso.' 2 Ya re mo mosong wa letsatsi la ntlha la beke, ba ya kwa lebitleng fa letsatsi le tlhaba. 3 Ba raana ba re, "Ke mang yo o tla re pitikololelang letlapa a le ntsha mo kgorong ya lebitla?" 4 Fa ba tsosa matlho, ba bona gore letlapa le tlositswe ka gore e ne e le letlapa le le golo. 5 Ba tsena mo lebitleng, mme ba bona mokawana yo o apereng diaparo tse ditshweu, a ntse fa thoko, mme ba gakgamala thata. 6 Mme a ba raya a re, "Se boifeng, le batla Jeso wa Nnasaretha, yo o neng a bapotswe? O tsogile!Ga a yo fa.Bonang fa ba neng ba mmeile teng. 7 Tsamayang le bolelele barutwa ba gagwe le Petere go re, o le eteletse pele go ya Galalea. Mme le tla a mmona koo jaaka a le boleletse. 8 Ba ne ba tswa fa lebitleng ba sia, ba roroma ebile ba gakgametse. Ba se ka ba bolelela ope ka ntlha ya letshogo. 9 E rile mo mosong wa letsatsi la ntlha la beke, fa a se na go tsoga, a iponatsa pele kwa go Marea Magatalena yo o neng go kobilwe matimona a le supa mo go ene. 10 Mme a tsamaya a ya go bolelela botlhe ba ba neng ba na nae,ba santse ba utlwile botlhoko ba lela. 11 Ba ne ba utlwile go re o tsogile, e bile o mmonye, mme ba sa dumele. 12 Morago ga mo, o ne a iponafatsa ka ponalo e nngwe mo go bangwe ba bone ba babedi, ba ba neng ba tsamaya mo nageng. 13 Mme ba ya go bolelela barutwa ba bangwe, ba seka ba ba dumela. 14 Morago Jeso a iponatsha mo go ba ba lesome le motso ba le mo tafoleng, mme a ba kgalemelela go tlhoka tumelo le bopeloethata jwa bone, ka gore ga ba a ka ba dumela ba ba mmoneng morago ga go tsoga mo baswing. 15 A ba raya a re, "Yang le lefatshe lotlhe le rerele lebopo lotlhe mafoko a a molemo, 16 Yo o dumelang, a bo a kolobediwa o tla bolokwa, yo o sa dumeleng o tla atlholwa. 17 Ditshupo tse di tla tsamaya le ba ba dumelang: ba tla lelekela ntle matimona ka leina la me. Ba tla a bua ka diteme tse disha. 18 Ba tla tsaya dinoga ka diatla tsa bone, mme fa ba a nwa sepe se se bolayang ga se kitla se ba utlwisa botlhoko ka gope. Ba tla a baya balwetse diatla mme ba tla a fola." 19 Fa Morena a sena go bua dilo tse le bone, a tlhatlosediwa kwa legodimong mme a nna ka fa letsogong le legolo la Modimo. 20 Barutwa ba tsamaya ba rera gongwe-le-gongwe, Morena a dira le bone, a rurifatsa lefoko ka ditshupo tse di neng di tsamaya le bone.