Kgaolo 4

1 Dikomano le dikgotlhang magareng ga lona ditswa kae? A gadi tswe mo dikeletsong tsa lona tsedi di tlhabanang magareng ga maloko a lona? 2 Le a eletsa, mme ga lena. Le a bolaya, abo le eletsa ditsabatho, ebile gale kgone go amogela. Le alwa abo le ngaga. Gale amogele ka gore gale kope. 3 Lea kopa mme gale amogele ka gore le kopa ka tsela e e sa siamang, gore letle le itirisetse go eng ka dikeletso tsa lona. 4 Diaka ke lona! A ga le itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba kgatlhanong le Modimo. Jalo ope hela yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo. 5 Kana le akanya gore dikwalo di bua lefela fa dire, ''Mowa o a o dirileng go tshela mo go rona o lefufa le le tseneletseng''? 6 Mme Modimo o fa ditshegofatso tse dintsi, jalo dikwalo tsare, ''Modimo o ganetsa ba ba boikgokgomoso, mme o neela tshogofatso ba ba boikobo''. 7 Jaanong ineeleng mo Modimong. Ganetsang diabolo, mme otla le tshaba. 8 Tlaa gaufi le Modimo, mme o tlaa tla gaufi le lona. Phepafatsang diatla tsa lona, baleofi ke lona, le itshekise dipelo tsa lona, lona bale tlhaloganyo di pedi. 9 Utlwang botlhoko, le hutsafale, le lele! A setshego sa lona se fetoge kutlobotlhoko le boitumelo ba lona bo nne lefifi. 10 Ikokobetseng fa pele ga Morena, mme otla go tsholeletsa ko godimo. 11 Le seka la bua kgatlhanong le o mongwe, bakaulengwe. Motho o o buang kgatlhanong le mokaulengwe kapo a atlhola mokaulengwe wa gagwe o bua kgatlanong le molao ebile o atlhola molao. Ga o atlhola molao, ga o modire wa molao, mme moatlodi. 12 A le mongwe fela ke ene a neelang molao abo a atlhola. Ke ene a kgonang go boloka le go senyaka. Wena o mang, wena o a tlholang moagisane ka wena? 13 Jaanong reetsa, wena o o reng, ''Gompieno kana kamoso retla tsena mo toropong e, ra tsaa ngwaga teng, go gweba, le go dira dipoelo.'' 14 Ke mang yo o itseng gore gotla diragala eng kamoso, ebile botshelo ba gago ke eng? Gonne o mmuane o o bonalang ka lebakanyana abo o boa o nyelela. 15 Boemong, o tshwanetse gore, ''Fa Morena a eletsa, retla tshela abo re dira sele le sele.'' 16 Mme le jaanong lea ikgantsha kaga mananeo a lona a maikgantsho. Boikgantsho botlhe bago nna jalo bo bosula. 17 Jaanong ope hela o o itseng go dira se se siameng abo a sa se dire, mo go ene ke boleo.