Kgaolo 5

1 Tlaa jaanong, lona bale humileng, lela le goeletse ka lebaka la mahutsana aa tlang ko go lona. 2 Dikhumo tsa lona di bodile, le dilwana tsa lona di jelwe ke motoutwane. 3 Gauta ya lona le selefera di rusitse, Go rusa ga tsone e tlaa nna bosupi kgatlhanong le lona. E tla aja nama ya gago jaaka molelo. O ipeetse mahumo a gago go malatsi a bofelo. 4 Bona, tuelo ya babereki e lelela ko ntle-tuelo e o ganneng ka yone go tswa ko go ba ba robileng masimo a gago. Le selelo sa barobi se ile mo di tsebeng tsa Morena wa mashomoshoma. 5 Le tsheletse mo letlepung mo lefatsheng, le inatefisa. Le nontsheditse dipelo tsa lona letsatsing la tlhabo. 6 Le beile molato la ba la bolaya motho o o siameng. Ga a le ganetse. 7 Jalo nna pelo telelele, bakaulengwe, go fitlhela gotla ga Morena. Bona, molemi o emetse thobo ya tlhwatlhwa go tswa mo lefatsheng. O e emetse ka bopelotelele, go fitlhela e amogela dipula tsa pele le tsa morago. 8 Le wena, nna pelo telele. Dirang dipelo tsa lona thata, ka gore go tla ga Morena go gaufi. 9 Le seka la ngongorega, bakaulengwe, kgatlhanong le ba bangwe, gore le seka la atlholwa. Bona, moatlhodi o eme kwa monyakong. 10 Tsaya sekai, bakaulengwe, ka go sotlega le bopelotelele jwa baporofiti, bao ba buileng mo leineng la Morena. 11 Bona, re lemoga bao ba ba itshokileng gore ba segofetse. Le utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe, e bile le itse lebaka la Morena, ka fa a leng pelotlhomogi le mautlwelo botlhoko ka teng. 12 Godimo ga tsotlhe, bakaulengwe, le seka la ikana, e seng ka legodimo kapo lefatshe, kapo ka maikano ape. Boemong, a ''ee'' wa lona a ree ''Ee'' le ''Nnyaa'' wa lona a ree ''Nnyaa,'' gore le seka la wela mo tshekisong. 13 A gona le mongwe wa lona yoo bogang dikgwetlho? A a rapele. A ope o itumetse? A a opele dikgalaletso. 14 A gona le mongwe mo go lona yoo lwalang? A a bitse bagolwane ba phuthego, mme a ba mo rapelele. A ba mo tlotse ka leokwane mo leineng la Morena. 15 Thapelo ya tumelo e tlaa fodisa balwetsi, mme Morena o tlaa motsholetsa. Fa a dirile maleo, Modimo o tlaa mo itshwarela. 16 Jaanong Ipolelaneng maleo, a bo le rapelane, gore le tle le fodisiwe. Thapelo ya mosiami e nonofile mo go berekeng ga yone. 17 Elija ene ele motho fela jaaka rona. O ne a rapela ka tlhoafalo gore pula e seka yana, mme ene ya seka ya na mo lefatshing sebakeng sa ngwaga tse tharo le kgwedi tse thataro. 18 E bile Elija o rapetse gape. Magodimo a tlisa pula, mme lefatshe la ntsha leungo a lone. 19 Bakaulengwe bame , fa mongwe mo go lona a tswa mo boammaaruring, mme bangwe ba mmuse gape, 20 motho wa gonna jalo o tshwanetse go itse gore ope yoo fetolang moleofi go tswa mo tseleng ya gagwe tsa tatlhego o mmoloka go tswa mo lesong, e bile o tlaa khurumetsa palo e kgolo ya maleo.