Kgaolo 3

1 Batho ga ba a tshwanela go nna baruti ba le bantsi, bakaulengwe ba me. Re itse gore re tla amogela katlholo e e masisi. 2 Gonne rotlhe re a palelwa ka ditsela tse dintsi. Fa mongwe a sa palelwe mo mafokong, ke monna yo o godileng mo semoweng, a kgona go laola le mmele wa gagwe otlhe. 3 Jaanong fa re tsenya ditomo mo melomong ya dipitse gore re di laole, re ka laola le mebele ya tsone. 4 Lemoga gape gore le dikepe, le fa di le ditona thata e bile kgaramediwa ke diphefo tse di nonofileng, di kgweediwa ka tshipi e e nnye e e ka ko tlase gore di tsamaele gongwe le gongwe ko mokgweetsi a eletsang gore di tsamaele teng. 5 Ka tsela e e ntseng jalo leleme ke karolo e nnye ya mmele, mme le ipelafatsa ka dilo tse di kgolo. Akanya ka fa tlhase ya molelo e tukisang naga e tona ka teng. 6 Leleme le lone ke molelo, lefatshe la boleo le le beilweng mo gare ga dikarolo tsa rona tsa mmele. Le leswafatsa mmele otlhe le bo le senya botshelo ba motho. Ke lone ka bo lone le tsenngwa mo molelong ke bobipo. 7 Gonne mefuta yotlhe ya diphologolo tsa naga, dinonyane, diphologolo tse di gagabang, le diphologolo tsa lewatle di a ruiwa e bile di ruilwe ke batho. 8 Mme ka ga leleme, ga gona ope magareng ga batho yo o kgonang go le ruwa. Ke bosula bo bo sa laolesegeng, bo tletse botlhole bo bo bolayang. 9 Ka lone re galaletsa Morena le Rara, le ka lone re hutsa batho, ba ba dirilweng mo setshwanong sa modimo. 10 Go tswa mo molomong o le mongwe go tswa ditshegofatso le diphutso. Bakaulengwe ba me dilo tse ga di a tshwanela go dirafala. 11 A petse e ka kgona go ntsha metsi a a botshe le a a botlhoko? 12 A setlhare sa mofeige, bakaulengwe ba me, se ka dira mafine? Kgotsa setlhare sa mofine, se ka dira maungo a mofeige? Le fa e le metsi a a letswai ga a kake a dira metsi a a monate. 13 Ke mang yo o botlhale gape a tlhaloganya magareng ga lona? A motho yoo a supe botshelo bo bo molemo ka ditiro tsa gagwe mo boikokobetsong jwa botlhale. 14 Mme fa o na le lefufa le le bogalaka le keletso ya go gaisa ba bangwe mo pelong ya gago, o seka wa ipelafatsa o bo o bua maaka kgatlhanong le boammaruri. 15 Se ga se botlhale bo bo tlang ko go rona bo tswa ko godimo. Boemong ke jwa selefatshe, ga se jo bo tswang ko Moweng o o boitshepho, bo tswa ko meweng e e bosula. 16 Gonne fa go nang le lefufa le keletso ya go gaisa ba bangwe, go nale tsietsego le le go dira sengwe le sengwe se se bosula. 17 Mme botlhale jo bo tswang ko godimo santlha bo phepa, go bo go nna kagiso, bonolo, bo tshwenyegile ka batho ba bangwe, bo tletse mautlwelo botlhoko le leungo le le molemo, bo sa tsise bokoa gape le boammaruri. 18 Le leungo la tshiamo le jalwa mo kagisong magareng ga bao ba ba dirang kagiso.