Kgaolo 2

1 Bakaulengwe ba me, le seka la tshwara tumelo mo go Morena wa rona Jeso Keresete, Morena wa kgalalelo, ka go thusa batho bangwe go feta ba bangwe. 2 A re re mongwe o tsena mo bokopanong ja lona a rwele palamonwana ya gouta le diaparo tse di ntle, mme gone foo ga bo go tsena monna yo o humanegileng a apere dilwana tse di leswe. 3 Fa o leba yo o apereng dilwana tse di turang o bo o re, '' Ke kopa o nne fa mo lefelong le siameng, '' mme o bo o raya yo o humanegileng o re, ''O eme fa le,'' kgotsa, ''Nna ko dinaong tsa me,'' 4 a ga le atlhole mo gare ga lona? A ga le nne baatlhodi ba ba megopolo e maswe? 5 Reetsang, bakaulengwe ba me ba ba rategang, a Modimo ga a tlhopha ba ba humanegileng mo lefatsheng go huma mo tumelong le go nna baja boswa ba bogosi jo a bo solofeditseng ba ba mo ratang? 6 Mme ga le a tlotla ba ba humanegileng! A ga se bahumi ba ba le gatelelang? Gape a ga se bone ba ba le isang ko dikgotla tshekelong? 7 A ga ba tlhapatse leina le le siameng le le lemogiwang ka lone? 8 Ka jalo, fa le diragatsa molao wa segosi,go yeng ka lekwalo, ''O rate mongwe ka wena jaaka o ithata,'' o dira sentle. 9 Mme fa o thusa batho bangwe go feta ba bangwe, o dira boleo, mme o sekisiwa ke molao jaaka motho yo o tlolang molao. 10 Gonne ope fela yo o obamelang molao otlhe,fa a ka o fosa ka tsela e le nngwe, o nna molato wa go roba molao otlhe. 11 Gonne yo o rileng, ''O seka wa dira boaka,'' gape a re ''O seka wa bolaya.'' Fa o sa dire boaka, mme fa o bolaya, o motho yo tlolang molao. 12 Ka jalo bua o bo o dire jaaka ba ba tla atlholwang ka tsela ya molao wa kgololesego. 13 Gonne katlholo e tla go sena boutlwelo botlhoko mo go bao ba ba sa supang boutlwelo botlhoko. Mautlwelo botlhoko a fenya katlholo. 14 Go molemo o ntseng jang, bakaulengwe ba me, fa mongwe a re o na le tumelo, mme a se na ditiro? A tumelo eo e ka mmoloka? 15 A re re mokaulengwe ga apara sentle a bo a tlhoka dijo tsa letsatsi. 16 A re re mongwe wa lona o mo raya a re, ''Tsamaya ka kagiso, thuthafalelwa o bo o tladiwe '' Fa le sa ba neele dilo tse di tlhokwang mo mmeleng, molemo wa seo ke eng? 17 Ka tsela yone eo tumelo ka bonosi, fa e sena ditiro e sule 18 Mme mongwe o ka re, ''O na le tumelo, ke na le ditiro.'' Mpontsha tumelo ya gago e e senang ditiro, ke tla go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me. 19 O dumela gore go na le Modimo a le mongwe; o dira sentle. Mme le mewa e maswe e dumela seo, e bo e roroma. 20 A o batla go itse, monna wa seeleele, gore tumelo e senang ditiro ga e na mosola. 21 A Aborahame rra rona ga ntlafadiwa ka ditiro fa ntsha morwawe Isake mo aletareng? 22 Wa bona gore tumelo e berekile ka ditiro tsa gagwe le gore ka ditiro, tumelo ya gagwe e ile ya godisiwa thata. 23 Lekwalo le ne la diragadiwa le le reng, ''Aborehame o ne a dumela Modimo, mme ga balwa mo go ene e le tshiamo. ''Mme a bidiwa tsala ya Modimo. 24 Le a lemoga gore ke ka ditiro gore monna a siamisiwe, e seng ka tumelo fela. 25 Ka tsela yone eo, A Rahabe wa seaka o siamisitswe ka ditiro, fa a ne a amogela barongwa a bo a ba bontsha tsela e sele? 26 Fela jaaka mmele fa o kgaogane le mowa wa bo o sule ,ka jalo gape, tumelo e e kgaoganeng le ditiro e sule.