Kgaolo 5

1 Re a itse gore fa motlagana wa rona wa selefatshe o re tshelang mo go one o sengwa, re na le boago jo bo tswang ko Modimong. Ga se ntlo e e agilweng ka diatla, mme ntlo ya bosakhutleng mo legodimong. 2 Gonne mo motlaaganeng o, re a lela, re eletsa go apesiwa ka diaparo tsa rona tsa selegodimo. 3 Re eletsa se ka gore fa re bonwa re di apere ga re kitla re bonwa re sa ikatega. 4 Gonne fa re santse le mo motlaaganeng o, re a lela, re imelwa.Ga re batle go apolwa. Boemong re batla go apesiwa, gore se se swang se mediwe ke botshelo. 5 Ene oo re baakanyeditseng selo se, ke Modimo, oo re neelang mowa oo leng tuelo ya se se tlang. 6 Le fa go ntse jalo nnang ka go tlhoka poifo ka nako tsotlhe. Elang tlhoko gore fa re le ko gae re le mo mmeleng, re kgakala le Morena. 7 Gonne re tsamaya ka tumelo, eseng ka pono. 8 Jalo ga re na poifo. Re kampa ra tswa mo mmeleng, le gonna kwa gae le Morena. 9 Ka jalo re dira se maikaelelo a rona, gore re ko gae kana re gare teng, re mo itumedise. 10 Gonne rotlhe re a go nna fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Keresete gore mongwe le mongwe, a tle a amogele se se mo tshwanetseng, dilo tse a di dirileng mo mmeleng, dile molemo kana bosula. 11 Le fa go ntse jalo, re itse poifo ya Modimo, re ruta batho. Se releng sone se bonwe ke Modimo ka tlhomamo. Ke solofela gore ga sea fitlhega mo matswalong a lona. 12 Ga re leke go le rapela gape gore le re bone jaaka ba ba siameng. Boemong, re le neele lebaka la gore le ka ikgantsha ka rona, gore letle le kgone go araba bao ba ba ipokang go yeng ka di tebegobetsa bone eseng goyeng ka se se mo pelong. 13 Gonne fa retlhokile tlhaloganyo, ke go Modimo; le fa re le mo di tlhaloganyong tse di siameng, ga ke ka ntlha ya lona. 14 Gonne lerato la ga Keresete le a re tlhotlheletsa, ka gore re tlhomamisa se: ka gore motho a le mongwe o re swetse botlhe, ka jalo botlhe ba sule. 15 O swetse botlhe, gore ba ba tshelang ba seka ba tlhola ba itshelela gape, mme ba tshelele ene yoo ba swetseng a ba a tsosiwa. 16 Gonne ka lebaka le, ga re a atlhole ope ka tlhaloganyo ya setho, le fa re ne re kile rabo retsaya Keresete ka tsela e. Mme jaanong ga re a tlhole ope ka tsela e. 17 Jaanong fa mongwe a le mo go Keresete ke sebopiwa se sesha. Dilo tse dikgologolo di fetile, bona di ntse dintsha 18 Dilo tse tsotlhe di tswa mo Modimong. O re buseleditse mo go ene ka Keresete, le go re o neetse gape bodiredi jwa puseletso. 19 Se se raya, mo go Keresete, Modimo o buseletsa lefatshe mo go ene, a sa ba balele melato ya bone. O re tshephile ka molaetsa wa puseletso. 20 Jaanong re tlhophilwe jaaka baemedi ba ga Keresete, jaaka ekete Modimo o bua kgang ya gagwe ka rona. Re a le kopa, ka ntlha ya ga Keresete: ''Boelanang le Modimo!'' 21 O dirile Keresete go nna setlhabelo sa maleo a rona. Ke ene o a iseng ake a leofe. O dirile se, gore re nne basiami ba Modimo mo go Ene.