Kgaolo 4

1 Ka gore re na le boikarabelo jo, ebile re amogetse boutlwelobotlhoko, ga re kgobege-marapo. 2 Mme re itatotse ditsela tsa matlhabisaditlhong tse di fitlhegileng. Gare tshele ka tsietso,le go nyenyafatse lefoko la Modimo. Ka go bua boammaaruri, re itshupa fa re sena molato fa pele ga batho le mo ponong ya Modimo. 3 Mme fa e le gore mafoko a rona a molemo a fitlhegile, a fitlhegetse fela ba ba nyelelang, 4 Ka gore, modimo wa lefatshe le, o foufaditse ditlhaloganyo tsa bone tse di sa dumeleng. Jaanong ga ba kgone go bona lesedi la mafoko a molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo. 5 Mme ga re rere ka ga rona,mme re rera Jeso Keresete e le Morena, mme rona re le batlhanka ba lona ka ntlha ya ga Jeso Keresete. 6 Ka gore Modimo ke ene arileng, '' Lesedi letlaa phatsima gotswa mo lefifing,'' O phatsimile mo dipelong tsa rona, go re neela lesedi la kitso ya kgalaletso ya Modimo mo go Jeso Keresete. 7 Mme rena le lehumo mo dijaneng tsa mmopa, gore go bonale gore nonofo e kgolo e,ga se ya rona ke ya Modimo. 8 Re bogisiwa ka tsela tsotlhe mme ga re itlhoboge. Re a tsietsega mme ga re ineele. 9 Re a tshwenngwa mme gare a latlhwa, re digelwa fa fatshe mme ga re a senngwa. 10 Re nna re sikere go swa gaga Jeso ka mebele ya rona, gore botshelo jwa ga Jeso le bone bo bonale mo mebeleng ya rona. 11 Rona bare tshelang re nna re sikere mo mebeleng ya rona loso la ga Jeso, gore botshelo jwa ga Jeso bo bonale mo mebeleng ya rona. 12 Jaanong leso le mo tirong mo go rona, mme botshelo bo mo tirong mo go lona. 13 Mme renale mowa o o tshwanang wa tumelo go ya ka se se kwadilweng: "Ke dumetse, ebile ke buile." Le rona rea dumela ebile re a bua. 14 Rea itse gore yo o tsositseng Morena Jeso, le rona otlaa re tsosa nae. Rea itse gore le rona otlaa re tsisa le wena mo pele ga gagwe. 15 Dilo tsotlhe keka ga gago, gore fa batho ba le bantsi ba segofala, tebogo Modimo e gole gore Modimo atle a galalediwe. 16 Mme gare kgobege marapo, lefa kwa ntle re lapa, mo teng re shafadiwa tsatsi le letsatsi. 17 Gonne pogisegonyana e ya nakwana e re baakanyetsa kgalalelo e kgolo ya sennela ruri e e senang bolekanyetso. 18 Ka gare a lebelela dilo tse di bonalang, mme dilo tsedi sa bonaleng. Dilo tse re di bonang ke tsa nakwana mme tse di sa bonaleng ke tsa sennelaruri.