Kgaolo 3

1 A jaanong re simolola go ikgalaletsa gape? Gare tlhoke dikwalo tsa kgakololo go ya ko go lona kgotsa go tswa mo go lona, jaaka bangwe ba dira, a re dira se? 2 Lona ka bo lona le lekwalo la rona la kgakololo, le kwadilwe mo di pelong tsa rona, le itsiwe gape le balwa ke batho botlhe. 3 Le supa gore le lekwalo le le tswang kwa go Keresete le le tsisetsweng ke rona. Le le neng le sa kwalwa ka moko wa pene mme ka Mowa wa Modimo yo tshedileng. Ga le a kwalelwa mo di kgapetlaneng tsa majwe, mme mo dikgapetlaneng tsa di pelo tsa Batho. 4 Le mo, ke botlhoka poifo bo re nang le bone ka Keresete fa Pele ga Modimo. 5 Gare a itekanela mo bo mangmang ba rona, go ka ipolelela gore sepe se dule mo go rona. Boemong bokgoni jwa rona bo tswa mo Modimong. 6 Ke Modimo yo a re tlhodileng, yo a re thusitseng go nna batlhanka ba kgolagano e ntsha. E, ke kgolagano e seng ya lekwalo mme e le ya Mowa. Gonne lekwalo le a bolaya, mme Mowa one o fa botshelo. 7 Jaanong tirelo e tsisitseng leso, e kwaletswe mo dikgapetlaneng tsa majwe, ka kgalalelo e batho ba Iseraela ba ne ba sa kgone go lebelela Moshe mo sefatlhegong. Mo, e le ntateng ya kgalalelo ya sefatlhego sa gagwe, kgalalelo e e neng e tla e nyelela. 8 Go tla nna kgalalelo e kgolo jang ya tirelo e e tla a dirwang ke Mowa? 9 Fa tirelo e e tla a senyakiwang e nnile le kgalalelo, go tla a nna jang ka tirelo ya tshiamo e e nnang mo kgalalelong! 10 Ka boammaruri, se se kileng se dirilwe kgalalelo ga se sa tlhole se galalela, ka ntlha ya se se galalelang go se gaisa. 11 Fa e le gore se se neng se feta se ne se na le kgalalela, ipotse ka se se tlaang nnelang ruri gore sone setla galalela gole kae! 12 Ka re na le go tlhoka poifo mo go kalo, re na le bo pelokgale. 13 Ga re tshwane le Moshe, yo a neng a ba ya sesiro mo sefatlhegong sa gagwe, gore batho ba Isaeraela ba seka ba lebelela ba bona phelelo ya kgalalelo ee fetang. 14 Mme ditlhaloganyo tsa bone di ne di tswetswe. Go fitlhela tsatsi leno, seriro se o se teng fa kgolagano e kgologolo e balwa. Ga e a bulega, ka gore mo go Keresete fela,go feditswe ka ene. 15 Mme le gompieno, gope fela fa Moshe a balwang teng, sesiro se santse sele mo dipelong tsa bone. 16 Mme fa motho a tla mo Moreneng, sesiro se a ntsiwa. 17 Jaanong Morena ke mowa. Fa Mowa wa Modimo o le teng, go nale kgololesego. 18 Jaanong rotlhe, ba re sa bipiwang di fatlhego, re bona kgalalelo ya Morena. Re fetolelwa go tsweng kwa kgalalelong e ngwe go ya ko go e ngwe, fela jaaka go tswa ko Moreneng, yo eleng Mowa.