KGAOLO 2

1 Ke tsere tshwetso ya gore ga ke na go tlhola ke tla kwa go lona gape ke le mo seemong se se ka le utlwisang botlhoko. 2 Fa ke le utlwisitse botlhoko, ke mang yo o ka nkgothatsang, fa e se ene yo ke mo utlwisitseng botlhoko? 3 Ke kwadile jalo gore fa ke ne ke tsile kwa go lona ke seka ka kgopisiwa ke ba ba tshwanetseng go intumedisa. Ke tlhomamisa gore boitumelo jwame ke jwa lona lotlhe. 4 Gonne ke le kwaletse ke le mo tlhokofatsong e kgolo, ke thubegile pelo, ka dikeledi tse dintsi. Ke ne ke sa batle go le utlwisa botlhoko. Mme ke ne ke batla lo itse boteng jwa lerato lame mo go lona. 5 Fa mongwe a utlwisitswe botlhoko, ga a bo utlwisa nna ke le nosi, mme ka tsela nngwe, o le utlwisitse botlhoko lotlhe, ga ke batle go bua se ka bogale. 6 Ka fa bontsi bo otlhaileng motho yo ka teng go lekane. 7 Boemong jwa kotlhao, le tshwnetse go mo itshwarela le go mo gomotsa. Le dire se gore a seka fekeetswa ka bohutsana jo bogolo. 8 Ke le kgothatsa gore le supe lerato la lona mo go ene. 9 Ke ne ke kwala ka lebaka le, gore ke le leke, ke tle ke itse gore a le kutlo mo sengweng le sengwe. 10 Fa le itshwarela mongwe, le nna ke a mo itshwarela. Se ke se itshwaretseng, fa e le gore ke itshwaretse sepe fela, se itshwaretswe ka lobaka la lona fa pele ga ga Keresete. 11 Gore Saatane a se ka a re tsietsa. ka gore re itse maano a gagwe. 13 Ke ne ka bulelwa lebati ke Morena fa ke ne ke tla kwa motseng wa Torasa go rera mafoko a molemo a ga Keresete. 12 Lefa go ntse jalo kene ke tshwenyegile ka ke sa fitlhela mokaulengwe Tito teng. Ke ne ka ba tlogela ka boela Maketonia. 14 Mme a malebogo a ye kwa Modimong, yo o re neelang phenyo mo go Keresete. Ka rona o phatlalatsa lenko le le monate la kitso ka ga gagwe gongwe le gongwe. 15 Ka gore mo Modimong re lenko le le monate la ga Keresete, mo go botlhe ba ba bolokilweng le ba ba nyelelang. 16 Mo bathong ba ba nyelelang ke lenko le le monate le le tswang lesong go ya lesong. Go ba ba bolokwang, ke lenko le le tswang botshelong go ya botshelong. Kemang yo o tshwanetsweng ke dilo tse? 17 Gonne ga re tshwane le batho ba bangwe ba ba rekisang lefoko la Modimo go bona dipoelo. Mme ka maikaelelo a mantle, re bua mo go keresete, jaaka re romilwe ke Modimo ebile re le mo ponong ya Modimo.