Kgaolo 6

1 Go bereka mmogo le ene, re le kgothatsa gore le seka la tsaya tshegofatso ya Modimo lolea. 2 Gonne a re, "mo nakong tse di molemo ke ne ka le reetsa, le mo nakong ya poloko ke ne ka le thusa." Bonang, jaanong ke nako e siameng. Bonang, jaanong ke letsatsi la poloko. 3 Ga re beye sekgopi fa pele ga ope, gonne ga re eletse bodiredi jwa rona bo sa buiwe sentle ke ope. 4 Boemong, re itshupile ka ditiro tsotlhe, gore re batlhanka ba Modimo. Re batlhanka ba gagwe mo boitshokong, pogisegong, bofutsaneng, pitlaganong, 5 dipetsong, bogolegweng, ditshupegetsong kgatlhanong le rona, mo go berekeng ka thata, mo go tlhokeng boroko, mo tlaleng, 6 mo go itshekeng, mo kitsong, mo bo peloteleleng, mo bo pelonoming, mo moweng yo o Boitshepo, le mo loratong la boammaruri. 7 Re batlhanka ba gagwe mo lefokong la boammaruri, le mo maatleng a Modimo. Re na le ditlhabani tsa tshiamo tsa letsogo la moja le tsa letsogo la molema. 8 Re berekela mo tlotlong le mo go tlhokeng tlotlo, mo go akelweng, le mo go galalediweng. Re a patelediwa, re bo re tsiediwa mme e ntse re boammaaruri fela. 9 Re bereka jaaka ba ba sa itsiweng ,mme re ntse re itsege. Re bereka jaaka ba ba swang, mme bona! re santse re tshela. Re bereka jaaka ba ba otlhaelwang ditiro tsa bone mme eseng jaaka o kare re atlholetswe leso. 10 Re bereka jaaka ba ba futsafetseng, mme re nna ka go ipela. Re bereka jaaka ba bahumanegileng, mme re dira khumo e ntsi. Re bereka jaaka ba ba senang sepe mme re nale le dilo tsotlhe. 11 Re le boleletse boammaaruri botlhe, Bakorinta, dipelo tsa rona di bulegile mo gogolo. 12 Dipelo tsa lona ga di a tshwarwa ke rona, mme di tshwerwe ke maikutlo a lona. 13 Fa re bua boamaruri, ke bua le lona jaaka bana, bulang dipelo tsa lona thata. 14 Le seka la tshwaragana le baleofi. Gonne tshiamo e kopana jang le tshiamololo? Lefifi le kopana jang le lesedi? 15 Keresete o dumalana jang le diabole? Kana modumedi o kopanela eng le yo o sa dumeleng? 16 Le gore tempele ya Modimo e dumalana jang le medimo ya disetwa? Gonne re tempele ya Modimo yo o tshelang, fela jaaka Modimo a buile: "Ketla a nna le bone ke bo ke tsamaya le bone. ketla nna Modimo wa bone le bone etla nna batho bame." 17 Ka jalo, "tswayang mo go bone, le bo le kgaogana,'' go bua Morena. ''Se tshware sepe se se seng phepa, ke gone ke tla le amogelang. 18 Ke tla a nna Raalona, le lona le tla nna bomorwaake le bomorwadiake,'' o bua Morena Mothata yotlhe.