Kgaolo 9

1 Jaanong Modimo a segofatsa Noa le bomorwae, mme a ba raya are, "Atlang, ntshifalang, le tlatse lefatshe. 2 Ka ntlha ya lona ke tla tsenya poifo le letshogo mo ditshiding tsa lefatshe, mo dinonyaneng tsotlhe tsa loapi, mogo tsotlhe tse di gogobang mo mmung. Ke di tsentse mo diateng tsa lona. 3 Tsotlhe tse di tsamayang mme di tshela e tla nna dijo tsa lona. Jaaka ke lo neetse ditlhare tse di ungwang tse di tlala, jaanong ke lo naya sengwe le sengwe. 4 Mme ga lo a tshwanela go ja nama ena le botshelo—e bong madi—mo go yone. 5 Ka madi a lona, le botshelo jwa lona jo bomo mading a lona, ke tla lopa tuelo. Go tswa mo seatleng sa phologolo ngwe le ngwe ke tla bo lopa. Go tswa mo seateng sa motho, ke gore, go tswa mo seatleng sa yo o bolaileng morwa rragwe, ke tla lopa tuelo ka botshelo jwa motho. 6 Yo o bolayang motho a tsholola madi le ene madi a gagwe a tshwanetse go tshololwa, ka gore motho o dirilwe mo tshwanong sa Modimo. 7 Mme lona, atlang le ntshifale, le katologe le lefatshe lotlhe." 8 Jaanong Modimo a bua le Noa le bo morwae are, 9 "Reetsang, ka re! Ke a go diragatsa kgolaganyo yame le lona, le dikokomane tsa lona morago ga lona, 10 le ditshedi tsotlhe tse di nnang le lona, le dinonyane, le diruiwa, le sebopiwa sengwe le sengwe se se nnang le lona, tshotlhe tse di tswang mo arakeng, le setshidi sengwe le sengwe mo lefatsheng. 11 Ke rurifatsa kgolagano yame le lona, ga nketla gape ke nyeletsa nama yotlhe ka metsi a morwalela. Ga go ketla go nna le morwalela go nyeletsa lefatshe." 12 Mme Modimo ware, " E ke tshupo ya kgolagano yame e ke e dirang le lona le setshedi sengwe le sengwe se se nnang le lona, go ya dikokomaneng tsotlhe tse di ko pele. 13 Ke beile motshe wame mo lerung, mme e ta nna tshupo ya kgolagano yame le lefatshe lotlhe. 14 Go tla diragala gore ha ke tisa leru go apesa lefatshe mme motshe wa modimo o bo o bonala mo lerung, 15 ho ke tla gopola mo tlhaloganyong kgolagano yame, e e ha gare game le lona le ditshidi tsotlhe tsa nama. Metsi ga a ketla a nna morwalela gape go senyaka nama yotlhe mo lefatsheng. 16 Motshe wa modimo o tla nna mo marung mme ke ta o bona, gore ke te ke kgone go gopola kgolagano e e sa feleng fa gare ga modimo le setshedi sengwe le sengwe sa nama se se mo lefatsheng." 17 Modimo wa raya Noa wa re, "E ke yone tshupo ya kgolagano e ke e rurifaditseng fa gare game le nama yotlhe e e mo lefatsheng." 18 Barwa Noa ba ba neng ba tswa mo arakeng ke Sheme, Hame, le Japhetha.Hame e ne ele rraagwe Kanana. 19 Boraro joo ke bone barwa Noa, mme gotswa mo go bone lefatshe la tladiwa ka dichaba. 20 Noa a simolola ya nna molemi, mme a lema moweine. 21 A nwa bojalwa jwa weine a tagwa. A robala a sa ikatlega mo tenteng ya gagwe. 22 Ya re Hame, rraagwe Kanana, a bona rraagwe a sa ikatlega a bolelela bbarwa rraagwe ba babedi ba ba neng ba le kwa ntle. 23 Jaanong Sheme le Japhetha ba tsaya kobo ba e pega mo magetleng, ba tsamaya ba lebile kwa morago mme ba ya ba khurumetsa go sa ikatlega ga ga rraabone. Difatlhego tsa bone di ne di lebile go sele, ka moo ga ba aka ba bona rraabone a sa ikatlega. 24 Yare Noa a tsoga mo botagweng jwa gagwe jwa mofine, a lemoga se barwae ba bannye ba se dirileng mo go ene. 25 Mme are, "A Kanana a hutsege. A a nne lelatla la malatla a bo morwa rraagwe." 26 Mme gape a bua are, "A Jehova, Modimo wa ga Sheme, o bakwe, mme a Kanana a nne lelatla la gagwe. 27 A Modimo a atlolose bonno jwa ga Japhetha, mme a bonno jwa gagwe bo nne mo ditenteng tsa ga Shema, mme a Kanana e nne lelatla la gagwe." 28 Morago ga morwalela, Noa a tshela dingwaga di le 350. 29 Malatsi otlhe a botshelo jwa ga Noa e ne ele dingwaga dile 950, ebo a tlhokafala.