Kgaolo 8

1 Modimo o ne a gopola Noa, le diphologolo tsotlhe tsa naga, le leruo lotlhe le a neng a nale lone mo teng ga araka. Modimo o ne a fukisa phefo mo godimo ga lefatshe mme metsi a simolola go ya tlase. 2 Metswedi ya metsi e e koteng le matlhaba phefo a legodimo a ne a tswetswe, mme pula ya kgaotsa. 3 Metsi a morwalela a simolola go ya tlase ka bonya ka bonya a tsena mo mmung, mme moago ga malatsi a le 150 a wela metsi a ne setse a ile tlase. 4 Araka e ne ya ikhutsa mo kgweding ya bosupa, mo letsatsing la bo lesome le bosupa la kgwedi, godimo ga thaba ya Ararata. 5 Metsi a ne a tswelela a ya tlase gofitlhela kgwedi ya bo lesome. Ka letsatsi la ntlha la kgwedi, ko godimo ga ditlhaba ga simolola go bonala. 6 Go ne ga diragala morago ga malatsi a le masome a le mane gore Noa bule letlhaba phefo la araka e a neng a e dirile. 7 One a roma legakabe mme le ne la fofela kwa le kwa go fitlhela metsi a kgala mo lefatsheng. 8 Morago ga mo a roma lephoi go ya go thola gore a metsia setse a kgadie mo lefatsheng.. 9 Mme lephoi la fitlhela go sena fa le ka gatang teng, mme la boela ko go ene mo arakeng, ka gonne etsi a ne a setse a le boidiidi a apesitse lefatshe lotlhe. One a otlololela lebogo la gagwe ko ntle mme a busetsa lephoi ko go ene mo arakeng. 10 A leta malatsi a le supa a roma lephoi gape go tswa mo arakeng. 11 Lephoi la boela ko go ene mo maitseboeng. Bona! Mo molomong wa lone la bo le hupile letlhare la Olifi. Jalo Noa a itse fa metsi a setse a kgadile mo lefatsheng 12 One a leta malatsi a le supa gape, a roma lephoi gape. Ga le a ka la boela ko go ene gape. 13 Gone ga tla mo lebakeng la dingwaga dile makgolo a le marataro le bongwe, o kgweding ya ntlhamo letsatsing la ntlha la kgwedi gore metsi a bo a kgadile mo godimo ga lefatshe. Noa a apola sekhurumelo sa araka, a leba kwa ntle, a lemoga fa lefatshe le omeletse. 14 Mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bo masome a mabedi le bosupa la kgwedi, lefatshe la bo le omeletse. 15 Modimo a raya Noa are, 16 "Tswela ko ntle ga araka, wena, mosadi wa gago, bo morwaago, le basadi ba barwa ba gago. 17 Tsaya le wena sebopiwa se se tshelang sa nama le madi, dinonyane–gore ditle di ntshifale thata mo lefatsheng, gore ditle di bee maungu di ate mo lefatsheng." 18 Ka jalo Noa a tswela kwantle le barwa ba gage, mosadi w gagwe le basadi ba barwa ba gagwe. 19 etshidi sengwe le sengwe, segagabi sengwe le sengwe, le nonyane ngwe le ngwe, sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng go yeng ka losika la tsone tsa tswela ko ntl ga araka. 20 Noa a agela yaweh aletara. one a tsaya dingwe tsa diphologolo tse di itshekileng le dingwe tsa dininyane tse di itshekileng a dira setlhabelo sa setsheso mo aletareng. 21 yaweh a nkgelwa ke lenko le le itumedisang mme mo pelong ya gagwe are, "Ga ke sa tlhola ke hutsa lefatshe ka lantlha ya motho, le fa maikalelo a dipelo tsa bone a le maswe gotsweng bonyeng jwa bone. Ga nkitla ke nyeleta sepe se se tshelang, jaaka ke dirile. 22 Jaaka fa lefatshe le ntse, nako ya go jala le ya thobo, serame le mogote, selemo le mariga, le motshegare le bosigo ga di kitla di ema."