Kgaolo 7

1 Jehova a raya Noa a re, "Tlaya, wena le ba ntlo ya gago botlhefela, mme lo tsene mo arakeng, ka go bo ke bonye fa o le boitshepo ,o losikeng lo. 2 Mo diphologolong tse di itshekileng, o tla tsenya tse ditonanyana dile supa le tse di namagadi dile supa. Mo diphologolong tse di itshekologileng, o tla tsenya dile pedi, e tonanyana le molekane wa yone. 3 Le dinonyanane tsa loapi, tsone o tsenye tse ditonanyana dile supa le tse dinamagadi dile supa, go boloka losika lwa tsone mo lefatsheng lotlhe. 4 Go nne morago morago ga malatsi a supa ke tla nisa pula mo lefatsheng ga malatsi a le masome a mane le le masigo a le masome a le mane. Ke tla senya tsotlhe tse di leng mo lefatsheng tse ke di dirileng." 5 Mme Noa a dira tsotlhe tse Jehova a di mo laoletseng. 6 Mme Noa a bo a le dingwaga dile makgolo a marataro fa morwalela o tla mo lefatsheng. 7 Noa , bo morwaawe, mosadi wa gagwe, le dingwetsi tsa gagwe ba tsena botlhe mo teng ga araka ka ntlha ya metsi a morwalela. 8 Diphologolo tse di itshekileng le tse di itshekologileng, dinonyane, le digagabi tsotlhe, 9 dile sebedi sebedi, e tonanyanale e namagadi, ta tla ko go Noa mme tsa tsena mo teng ga araka, fela jaaka Modimo o ne o laetse Noa. 10 Ga diragala morago ga , malatsi a supa, metsi a morwalela a goroga mo lefatsheng. 11 Mo ngwageng wa bomakgolo a marataro a gotshela ga ga Noa, mo kgweding ya bobedi, letsatsi la bolesome le bosupa la kgwedi, ka lone letsatsi leo, metswedi yotlhe ya boteng ya thubega ya bulega, mme ditlhabaphefo tsa selegodimo tsa bulega. 12 Pula ya simolola go na malatsi a le masome a mane le masigo a le masome a mane. 13 Ka lone letsatsi leo Noa le borwaawe, Sheme, Hame, le Jafete, le Mogatse Noa, le basadi ba bomorwaawe ba ba bararo a na le bone, ba tsena mo arekeng. 14 Ba tsena mmogo le nngwe le nngwe ya diphologolo go ya ka mefuta ya tsone, le diruiwa tsolthe go ya ka mefuta ya tsone, le dirdigagabi tsotlhe tse di gagabang mo lefatsheng go ya ka mefuta ya tsone, le lefuta yotlhe ya dinonyane go ya ka mefuta ya tsone, tsotlhe tse di nang le diphuka. 15 Sebedi sebedi sa nama yotlhe e e nang le mohemo wa botshelo sa tla kwa go Noa mme tsa tsena mo arekeng. 16 Diphologolo tse di tseneng mo arekeng ya bo e le tse di tonanyana le tse di namagadi tsa nama yotlhe; tsa tsena fela ka fa Modimo o neng o mo laetse. 17 Mme merwalela ya goroga mo lefatsheng ka malatsi a le masome a le mane, mme metsi a oketsega a tsoleletsa areka fa godimo ga lefatshe. 18 Metsi a khurumetsa lefatshe, mme areka ya kokobala fa godimo ga metsi. 19 Metsi a tlhatloga thata mo lefatsheng mo dithaba tsotlhe tse di ka fa tlase ga loapi di ileng tsa khurumediwa. 20 Metsi a tlhatloga dielo di le lesome le botlhano mo godimo ga ditlhoa tsa dithaba. 21 Ditshidi tsotlhe tse di neng di saila mo lefatsheng tsa swa - dinoyane, dibatana tsa naga, ditshidi tsotlhe tse di neng di tshela ka dipalo palo mo lefatsheng, le losika lotlhe loo motho. 22 Dibopiwa tsotlhe tse di neng di tshela mo lefatsheng, di hema mohemo wa botshelo ka dinko tsa tsone, tsa swa. 23 Ka jalo ditshidi tsotlhe tse dineng di le mo godimo ga lefatshe tsa nyelediwa tsotlhe, sika loo motho le diphologolo le digagabi le dinonyane tsa loapi. Ke Noa fela le ba ba neng a na le bone mo arekeng ba ba neng ba sala. 24 Metsi a tswelela a le mo lefatsheng malatsi a le lekgolo le masome a matlhano.