Kgaolo 6

1 Go ne ga diragala ha batho ba simolola go oketsega mo lefatsheng mme barweetsana ba simolola go tsholwa mo go bone, 2 jalo barwaa batho ba bona fa barwadia batho ba rothisa mathe go lejwa. Ba ba itseela go nna basadi, go ya ka mo ba itlhophetseng ka teng. 3 Morena a re, ''mowa wa me ga o na go tswelela mo sikeng loo motho go ya pele, go nne ene ke nama. Ba tla tshela dingwaga di le lekgolo le masome mabedi. 4 Mekaloba e ne e le teng mo lefatsheng mo malatsing ao, mme gape le morago ga one. Mo go diragetse morago ga barwa Modimo ba sena go nyala barwadia batho, mme ba tshola bana le bone. Ba ya nna banna ba ba nonofileng ba kgale, banna tota. 5 Morena a bona fa bomaswe jwa sika loo motho le aname le lefatshe, le go bo dikakanyo tsa dipelo tsa bone di bo di le bosula phetelela. 6 Morena a ikwatlhaela go bo a dirile motho mo lefatsheng, mme moo ga utlwisa pelo ya gagwe botlhoko. 7 Mme Morena a re, ''ke tla sutlha sika loo motho le ke le dirileng mo lefatsheng - motho, diphologolo, digagabi, dinonyane tsa loapi, go nne ke ikwatlhaela go bo ke di dirile.'' 8 Mme Noa ene a bona thekegelo mo matlhong a Morena, 9 Tse ke ditirafalo ka ga Noa. Noa e ene e le monna yo o siameng, a sena molato mo bathung ba dipaka tsa gagwe. Noa o ne a sepela le Modimo. 10 Noa a nna rraabo barwa ba le bararo; Sheme, Hame le Jafethe. 11 Lefatshe le ne le tobekanye ha pele ga Modimo, mme le tletse thubakano. 12 Modimo a leba lefatshe, bonang, la bo le senyegile, go nne nama yotlhe e ne e tobekantse ditsela tsa gotsena mo lefatsheng. 13 Mme Modimo a raya Noa a re, ''ke a bona janong gore motlha o tsile go re ke fedise nama yotlhe, go nne ka yone lefatshe le tletse ka thubakano. 14 Itirele areka ka logong la mosepara. O dire dikamore mo teng ga areka, mme o di khurumetse ka boreledi mo teng le kwa ntle. 15 O tla e aga ka tsela e: go rapalala ga areka e tla nna dilekanyo di le makgolo mararo; bophara e tla nna dilekanyo di le masome a matlhano, mme boleele jwa yone e tla nna dilekanyo di le masome a mararo. 16 O dire marulelo a areka, mme o tlogele sephatonya gautshwanyane le phelelo ya areka, mme o dire dikarolo tse di tlhomaganeng ga raro. 17 Reetsa, ke gaufi le go tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, mme ke tla nyeletsa nama yotlhe e e nang le mowa wa botshelo mo tlase ga lefatshe. Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se tle swa. 18 Mme ke tla tlhoma kgolagano ya me. O tla tsena mo teng ga areka, wena le bana ba gago, le mosadi, le basadi ba bo morwaabone.le wena. 19 Mo go tsotlhe ditshidi tse di tshelang tsa nama yotlhe, o di tsenye mo teng ga areka di le sebedi-sebedi, e tonanyana le e namagadi, 20 Dinonyane tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, diphologolo tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, digagabi tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, sebedi-sebedi mo go tsotlhe ditshidi di tla tla kwa go wena mme o tla di tlhokomela. 21 Phutha dijo tse di farologanyeng mme o di boloke, go re go nne le dijo tse e o tla di jang le tsone. 22 Jalo Noa a dira jalo, go ya ka se Modimo o se mo laetseng, mme a direa fela jalo.