Kgaolo 5

1 Le, ke lekwalo la tshika ya ga Atame. Ka letsatsi le modimo o tlhodileng motho wa mo dira mo setshwanong sa gagwe. 2 A tlhola monna le mosadi.A ba segofatsa le go ba fa leina a re motho ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone. 3 Adame o tshedile dingwaga di le 130, a tshola ngwana wa mosimane mo tshwanong ya gagwe ka popego ya gagwe, a mo fa leina a re Sethe. 4 Morago ga Atamo a tshola Sethe ,o tshedile dingwaga di le 800 , a tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana . 5 Atame o tshidile dingwaga di le 930, mme a swa. 6 Fa ne Sethe a tshidile dingwaga di le 105, a nna rraagwe Enosho. 7 Morago ga sena go nna rraagwe Enosho, a tsela dingwaga di le 807. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 8 Sethe o tshedile dingwaga di le 912, a bo a tlhokafala. 9 Fa Enoshe a sena go tshela dingwaga di le 90, a tshola ngwana ebong Kenane. 10 Morago ga go tshola Kenane, Enoshe o tshedile dingwaga di le 815. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana 11 .Enoshe o tshidile dingwaga di le 905, mme swa 12 Fa Kenane a tshedile dingwaga dile 70, a nna rraagwe Mahalalele. 13 Morago ga sena go nna rraagwe Mahalalele, Kenane o tshedile dingwaga dile 840. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 14 Kenane o tshedile dingwaga dile 910, a bo a tlhokafala. 15 Morago ga Mahalalele a tshedile dingwaga di le 60, a tshola Jarete. 16 Morago ga go tshola Jarete, Mahalalele o tshedile dingwaga di le di le 830. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana. 17 Mahalalele o tshedile dingwaga di le 895, mme a swa. 18 Fa Jarete a tshedile dingwaga dile 162, a nna rraagwe Enoko. 19 Morago fa a sena go nna rraagwe Enoko, Jarete a tshela dingwaga dile 800. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 20 Jarete o tshedile dingwaga dile 962, a bo a tlhokafala. 21 Fa Enoke a tshedile dingwaga dile 65, a nna rraagwe Methusela. 22 Morago ga Enoko a sena go nna rraagwe Methusela a tsamaya le Modimo dingwaga dile 300. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 23 Enoke o tshedile dingwaga dile 365. 24 Enoke one a tsamaya le Modimo, mme a tsamaya, ka gore Modimo one a mo tsaya. 25 Fa Methusela a tshedile dingwaga dile 187, a nna rraagwe Lameke. 26 Morago fa sena go nna rraagwe Lameke, Methusela a tshela dingwaga dile 782. A bo a nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 27 Methusela o tshedile dingwaga dile 969. A bo a thokafala. 28 Fa Lameke a tshedile dingwaga dile 182, a bo a nna le morwa. 29 A bitsa leina la gagwe Noa, are, "Yo ene o tla re neela tapologo mo tirong ya rona le mo go berekeng ga diatla tsa rona mo go botlhoko, e re tshwanetseng go e dira ka gore Jehova o hutshitse lefatshe." 30 Lameke o tshedile dingwaga di le 595, a sena go tshola Noa. A tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana. 31 Lameke o tshedile dingwaga di le 777, mme a swa. 32 Morago ga Noa a sena go tshela dingwaga di le makgolo matlhano, a nna rraagwe, Sheme, Hame le Jafethe.