Kgaolo 4

1 Monna a kopana le mosadi wa mme a ima a tshola Kaine. A bo a re, ''Ke dirile monna ka thuso ya Morena.'' 2 Mme a tshola monnawe Abel. Jalo Abel a nna modisa, mme Kaine a nna molemi. 3 Go ne ga diragala mo tsamaong ya nako Kaine bontlhabongwe jwa maungo a mmu e le kabelo ko go Morena. 4 Fa e le Abele, ene a tlisa kabelo ya setsalwapele sa leruo lwa gagwe le mafura. Morena a amogela Abele le kabeloya gagwe, 5 mme Kaine le kabelo ya gagwe a seka a mo amogela. Jalo Kaine a shakgala thata, mme a sosobanya sefatlhego. 6 Morena a raya Kaene a re, ''Ke ka go reng fa o shakgetse ebile o sosobantse sefatlhego? 7 Fa o ka dira se se siameng, aa ga o na go amogelwa? Mme fa o ka seke o dire se se siameng, boleo bo go emetse fa kgorong mme bo ikaeletse go go laola, mme wena o tshwanetse go bo fenya'' 8 Mme Kaine a bua le morwaa ragwe. Ga diragala go re e re ba le mo nageng, Kaine a tsogologela morwaarragwe mme a mmolaa. 9 Mme Morena a raya Kaine a re, ''Abel morwaarago o kae?'' A fetola a re, ''Ga ke itse. Aa ke nna modise wa ga morwaarre?' 10 Morena a botsa a re, ''O dirile eng? Madi a ga morwaarrago a goeletsa kwa go nna go tswa mo lefatsheng. 11 Jaanong o hutsegile go tswa mo mmung, o o butseng legano go amogela madi a morwaarrago go tswa mo diatleng tsa gago. 12 Fa o pitikolola mmu, go tloga jaanong go ga o na go ntsha maungo a a nonofileng. O tla nna motshabi le ka go mokgarakgatshegi mo lefatsheng. 13 Kaine a raya Morena a re, ''Kotlhao ya me e mphetile. 14 Ka nnete, o ntelekile gompieno mo lefatsheng le, mme ke tla fitlhega mo matlhong a gago. Ke tla nna motshabi le mokarakgatshegi mo lefatsheng, mme fela yo tla mponang o tla mpolaya.'' 15 Morena a mo raya a re, ''Ope fela yo tla bolayang Kaine, pusolosetso e nna mo go ene go menagane ga supa,'' Jalo Morena a baya letshwao mo go Kaine, go re fa ope fela a ka mmona, a seka a mo tlhasela. 16 Jalo a tswa mo ponong ya Morena a ya go aga mo lefatsheng la Node, kwa botlhabatsatsi jwa Edene. 17 Kaine a kopanale mosadi wa gagwe, mme ima. A tshola Enoke. A aga motse mme a o bitsa ka leina la morwaawe Enoke. 18 Enoke a tshola Irate. Irate a nna rragwe Mehujaele. Mahujaele a nna rraagwe Methushaele. Methushaele a nna rragwe Lameke. 19 Lameke a inyalela basadi ba le babedi. Leina layo mongwe e ne e le Ada, mme yo mongwe ya bo e le Sila. 20 Ada a tshola Jabale. Yo a nna rraa barui ba letsomane ba ba nnang mo ditanteng. 21 Leina la morwaaragwe e ne e le Jubale. e ne e le raabo ba ba letsang harepa le lonaka. 22 Sila ene, a tshola Tubale-Kaine, molomaganye wa ditshipi. Kgaitsadie Tubale-Kaine e ne e le Naama. 23 Lameke a raya basadi ba gagwe a re, ''Ada le Sila, utlwang lentswe lame; lona basadi ba ga Lameke, reetsang se ke se buang. Gonne ke bolaile monna a nkgobaditse, lekawana le nkobaditse. 24 Fa Kaine a ka bosolodiwa ga supa, Lameke e ne o tla bosolodiwa ga masome a supa le bosupa.'' 25 Adame a kopana le mosadi wa gagwe gape, mme a tshola morwa gape. A mo raya leina a re Sethe mme a re, ''Modimo o nneile morwa gape go emisetsa Abele, yo Kaine a mmolaileng.'' 26 Sethe a tshola morwa mme a mo raya leina a re Enoshe. Ka nako eo batho ba simolola go bitsa leina la Morena.