Kgaolo 3

1 1 Jaanong noga ya bo e le leferefere go gaisa diphologolo tsotlhe tsa lefatshe tse Morena Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re, "A Modimo tota o rile, "O seka wa ja mo go sepe sa ditlhare tsa tshimo'?'' 2 Mosadi a raya noga a re, ''Re ka ja maungo a ditlhare tsa tshimo, 3 mme fa e le ka leungo la setlhare se se fa gare ga tshimo, Modimo o rile, Le seka la le ja, le fa e le go le tshwara, eseng jalo le tla swa.'' 4 Noga ya raya Mosadi ya, "Ruri ga o na go swa. 5 Tota Modimo o itse gore letsatsi le o jang ga lone matlho a gagoa tla bulega, mme o tla bo jaanong o tshwana le Modimo, o itse molemo le bosula.''' 6 Erile fa mosadi a bona fa setlhare se siametse dijo, mme ebile se kgatlhisa mo matlhong, mme gape se eletsega go ka dira motho botlhale, a tsaga mangwe a maungo a sone mme a ja. Ka jalo a neela monna wa gagwe yo baneng ba le mmogo, mme le ene a ja. 7 Matlho a bone botlhe a bulega, mme ba ba itse go re ga ba ikatega. Ba roka matlhare a mofeigi mme ba itirela diaparo. 8 Ba utlwa modumowa Morena a tsamaya mo tshimong mo phirimaneng ya letsatsi, mme monna le mosadi wa gagwe ba iphitlha mo boleng teng jwa Modimo mo teng ga ditlhare tsa tshimo. 9 Morena Modimo a bitsa monna mme a mo raya a re, ''a fa kae?'' 10 Monna a re, ''ke go utlwile mo tshimong, mmeka boifa, go nne ke ne ke sa ikatlega. ka jalo ka iphitlha.'' 11 Modimo a re, ''O boleletswe ke mang go re ga o a ikatlega? A o jele ga setlhare se ke se go laetseng go re o se ka wa ja mo go sone?'' 12 Monna a re, ''Mosadi yo o mo nneetseng go nna le ene, o mphile leungo la setlhare, mme ka le ja.'' 13 Morena Modimo a raya mosadi a re, ''O dirile jang?'' Mosadi a re, ''Noga e nkakeditse, mme ka ja.'' 14 Morena Modimo a raya noga a re, ''Ka go nne o dirile jalo, go hutsegile wena mo diphologolong le dibatana tsotlhe tsa naga. O tla tsamaya o gopa ka mpa, mme o tla lerole mo malatsing otlhe a botshelojwa gago, 15 Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga ga peo ya gago le peo ya gagwe. O tla tswetla tlhogo ya gago mme wena o tla rurusa serethe sa gagwe.'' 16 Mosadi ene a mo raya a re, ''Ke tla go okeletsa ditlhabi ka nako ya pelegi ya bana; o tla nna le ditlhabi fa o tshola bana. Keletso ya gago e tla nna mo monneng wa gago, mme ene o tla nna le taolo mo go wena.'' 17 Mme Adame ene a a mo raya a re, ''Ka go bo o ile wa reetsa lentswe la mosadi wa gago, mme wa ja go tswa mo setlhareng, se ke se go laetsang ka re, 'seka wa ja mo go sone,' go hutsegile lefatshe ka ntlha ya gago; o tla ja ka go bereka mo go botlhoko ka malatsi otlhe a gago. 18 Le tla mela mebitlwa le mesetlho ka ntlha ya gago, mme o tla ja ditlhare tsa naga. 19 O tla ja ka mohuhutso waphatlha ya gago, go fitlhelela o boela mo mmung, ka go nne o dule mo go one. Go nne o lerule, mmeo tla boela mo leroleng.'' 20 Monna a bitsa mosadi wa gagwe Efa gonne o ne a le mma ditshidi tsotlhe. 21 Morena Modimo a direla Adame le mosadi wa gagwe diaparo tsa matlalo mme a ba apesa. 22 Morena Modimo a re, ''Motho jaanong o tshwana le mongwe wa rona, o itse tshiamo le bosula. Ka jalo ga a tshwanela go letlelelwa go otlolola seatla sa gagwe go goroga ko setlhareng sa botshelo, a ja mo go sone, mme a tshelela ruri. 23 Mme Morena Modimo a mo kobela kwa ntle ga tshimo ya Edene, go pitlokolola mmu o a ntshitsweng mo go one. 24 Jalo Modimo a kgarameletsa motho kwa ntle ga tshimo, mme abaya dicheruba kwa botlhaba jwa tshimo ya Edene, le tshaka e e dikologelang mo dintlheng tsotlhe, go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa botshelo.