Kgaolo 2

1 Go ne ga wediwa magodimo le lefatshe jalo, le ditshidi tsotlhe mo go tsone. 2 Ka letsatsi la bosupa Modimo o ne a wetsa tiro e a e dirileng, a ikhutsa ka letsatsi la bosupa a sena go fetsa tiro yotlhe e a e dirileng. 3 Mme Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa a le itshepisa, ka go nne Modimo o ne a ikhutsa ka lone a sena go fetsa tiro yotlhe e a e dirileng. 4 Mo ke ditiragalo tsa magodimo le lefatshe, fa di bopiwa, mo letsatsing le morena Modimo a dirileng lefatshe le magodimo. 5 Ga bo go ise go nne ditlhatsana dipe tsa naga mo lefatsheng, go ne go sena setlhare sepe sa naga se se medileng, ka gore morena Modimo o nea ise a nese pula mo lefatsheng, le gone go ne go se motho yo o ka lemang naga. 6 Mouwane wa tswa mo lefatsheng mme wa nosetsa mpa yotlhe ya lefatshe. 7 Jehofa Modimo a bopa motho go tswa mo leroleng la mmu, a bo a hemela mo dinkong tsa gagwe mowa wa botshelo, mme motho a nna setshidi. 8 Jehofa Modimo a lema tshingwana kwa botlhabatsatsi, jwa Etene, mme hoo a baya monna yo a mmopileng. 9 Go tswa mo mmung Jehofa Modimo a medisa ditlhare tsotlhe tse di kgatlhisang leitho di siametse go ka jewa. Mo go tsone ga bo go le setlhae sa botshelo mogare ga tshimo, setlhare sa kitso ya molemo le bosula. 10 Noka ya bo e elela gotswa mo Etene go nosetsa tshimo. Go tswa foo ya kgaogana ya nna noka tse nne. 11 Leina la ya ntlha ke Phisone. Ke yone e e elelang mo lefatsheng lotlhe la Hafila kwa gouta eleng teng. 12 Gouta ya lefatshe le e le molemo. Teng ga bo go le bedula le lentswe le le kgethegileng. 13 Leina la noka ya bobedi ke Gihone. E yone ya bo e elela mo lefatsheng lotlhe la Kushe. 14 Leina la noka ya boraro ke Tikele, e be e elela botlhabatsatsi jwa Aserea. Noka ya bone ke Yuferatese. 15 Jehofa Modimo o tlhomile monna a mmaya mo tshimong ya Eten go berka mo go yone le go e tlhokomela. 16 Jehofa Modimo a laolela monna, a re, ''Go tswang mo setlhareng sengwe le sengwe se se mo tshimong o ka a ja ka phuthologo. 17 Mme go tsweng mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula o seka wa ja, k a gore go tswa mo letsatsing le o tla a jang mo go sone, e le ruri o tla a swa.'' 18 Jalo Jehofa Modimo a re,''Ga go a siama gore monna a bo a le nosi.'' Ke tla a mo direla mothusi yo o mo tshwanetseng.'' 19 Go tswa mo mmung Jehofa Modimo o dirile diphologolo tsotlhe tsa naga le dinonyane tsa loapi. A bo a di isa kwa monneng gore a di bitse maina. Setshidi sengwe le sengwe se monna a sebiditseng, ya nna leina la sone. 20 Jalo monna a fa diruiwa tsotlhe maina, dinonyane tsotlhe tsa loapi, le dibatana tsotlhe tsa naga. Mme mo monneng ka sebele go ne go sena mothusi ope yo o mo tshwanetseng. 21 Jehofa Modimo a dira gore monna a tshwarwe ke boroko jo bo tseneletseng, jalo monna a robala. Jehofa Modimo a tsaya legopo la gagwe a bo a tswala nama fa a ntshitseng teng legopo. 22 Ka legopo le Jehofa Modimo a le tsereng mo monneng, a dira mosadi a bo a mo tisa ko monneng. 23 Monna o ne a re,''ka nako e, mo ke lerapo la marapo ame, le nama ya nama ya me. O tla a bitswa 'mosadi,' ka gore o ntshitswe mo go nna. 24 Ka jalo monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe, o tla tshwaragana le mosadi wa gagwe, mme ba tla nna nama e le ngwe. 25 Botlhe ba ne ba sa apara, monna le mosadi wa gagwe, mme ba ne ba sa tlhabiwe ke ditlhong.