Kgaolo 10

1 Ba ene e le dikokomane tsa barwa ba ga Noa, e bong Sheme, Hame , le Jafethe. Barwa ba bone ba tshotswe morago ga morwalela. 2 Bo morwa Jafete e ne e le Gomere, Magoge, Matai, Jafane,Tubale, Mesheke le Tirase. 3 Bo morwa Gomere e ne e le Ashekenase, Ruphathe le Togarama. 4 Bo morwa Jafane e ne e le Elishaha, Tarashishi, Kitime, le Totanimi. 5 Go tswa mo go ba, batho ba letshitshi la lewatle ba ne ba kgaogana ka mafatshe, lengwe le lengwe lena le puo ya lone , go ya ka fa dikgotlaneng le ka fa ditshabeng tsa bone. 6 Bo morwa Hame ke Kuse, Miseraime, Pute, le Kanana. 7 Bo morwa Kuse e ne e le Seba, Hafila, Sabeta, Raama, le Sabeteka. Bo morwa Raama e ne e le Sheba le Detane. 8 Kuse a tshola Nimerote, yo o nnileng mofenyi wa ntlha mo lefatsheng. 9 E ne ele motsumi o nonofileng fa pele ga ga Jehova. Ke ka mo go tweng, "Jaaka Nimerole, motsumi yo o nonofileng fa pele ga Jehova." 10 Bogosi jwa gagwe bo simolola kwa Babele, Erege, Akate, le Kalene, mo lefatsheng la Shenare. 11 A tswa mo lefatsheng leo a ya kwa Asiria , a aga Ninefe le Rehobothe, le Kala, 12 le Resene, yo o neng ale fa gare ga Ninife le Kala. e ne e le motse o mogolo. 13 Misarime ya nna rragwe Baludi, le Baanamite,le Balehabi,le 14 Banafetuhi, ba Phatharusi, Bakaseluni ( ba go duleng Bafilisitia mo go bone) le Bakefetori. 15 Kanana a tshola Sitone ,motsalwapele wa gagwe, le Hethe, 16 le Bajebusi, Baamora le Bagigashishe, le 17 Bahife, Baarika le Basinite, le 18 Baarafatitei le Basemari le Bahamatite. Morago ga moo dikgotlana tsa Bakanana tsa anama. 19 Molelwane wa Bakanana one o simolola kwa Sitone, mo ntlheng ya Gerara go wela ko Gasa jaaka o tsamaela ko Sotoma, Gomora, Atema, le Seboime go fitlha kwa Lasha. 20 Bao ke bo morwa Hame, ka dikgotlana tsa bone, ka diteme tsa bone, mo mafatsheng a bone, le mo ditshabeng tsa bone. 21 Sheme, e leng mogolowe Japhete le ene a tshola barwa. Sheme gape e ne e le rragwe batho botlhe ba Ebere. 22 Barwa Sheme e ne e le Elama, Ashure, Arafasate, Ludi le Arama. 23 Barwa Arama e ne ele Usa, Hula, Gethare le Mesheke. 24 Arepakesate a tshola Shela, mme Shela a nna tshola Ebere. 25 Ebere a nna le barwa bale babedi, yo mongwe o ne a bitswa Pelege, ka gore ka nako ya malatsi a gagwe lefatshe le ne la kgaogana. Monnawe o ne a bitswa Joketane. 26 Joketane a nna rraagwe Alemotate, Shelefe, Hasaremafete, Jera, 27 Hatorame, Usale, Dikela, 28 Obale, Abimnaele, Sheba, 29 Ofira, Hafila, le Jobaba. Botlhe ba e ne e le barwa Joketane. 30 Boago jwa bone bo ne bo simologa kwa Mesha, go ya go tsena kwa Sephare, thaba ya botlhaba tsatsi. 31 Bao ke bo morwa Sheme ka fa dikgotlaneng tsa bone le ka fa puong ya bone, mo ditshabeng le mo nageng ya bone. 32 Tse ke dikgotlana tsa barwa Noa, go ya ka fa lesikeng la bone, ka ditshaba tsa bone. Gotswa mo go bone merafe ya kgaogana mo lefatsheng morago ga morwalela.