Kgaolo 11

1 Jaana lefatshe lotlhe la bo le dirisa puo e le nngwe le mafoko a a tshwanang. 2 Mme yare ba tsamaela ko botlhabatsatsi, ba fitlhela lobala mo lefatsheng la Shinare mme ba aga gone. 3 Ba raana ba re, " tlang, re dire setena re se bese se butswe thata ." Ba dirisa setena mo boemng jwa letlapa le sekonetere jaaka taka. 4 Bare, "Tlang, re ikageleng toropo le kago e e godileng e setlhowa sa yone se tlaa fitlhang kwa legodimong, mme a re iteleng leina. ha re sa dire, re tla phatlalala mo bophareng jotlhe jwa lefatshe." 5 Mme Jehofa fologela go bona toropo le kago e e godileng e bana ba bana ba ga Adame ba e agileng. 6 Jehofa are, "bonang, ke batho ba le banngwe fela ba buwa puo ele nngwe, mme se ke sone se ba simololang go se dira! Sepe fela se ba batlang go se dira ga gona se se tla ba palelang. 7 Tlang, re fologeng re tlhakatlhakane puo ya bone gone, e tleere gongwe ba seka tlhaloganyana." 8 Jalo Jehofa a ba phatlalatsa le lefatshe lotlhe mme ba emisa go aga motse. 9 Ke gone ka moo, leina la bidiwa Babele, ka gore Jehofa o tlhakatlhantse puo ya lefatshe lotlhe mme yare go tswa foo Jehofa a ba phatlalatsa le lefatshe lotlhe. 10 Tse ke tsone dikokomane tsaga Sheme. Sheme o ne a le dingwaga dile lekgolo, mme a nna rragwe Arepakasete dingwaga dile pedi morago ga morwalela. 11 Sheme a tsehela a dingwaga dile makgolo a matlhano a sena go tshola Aprepakasete. A tshola ba bangwe basimane le basetsana. 12 Arepakasat a tshela dingwaga dile masome mararo le botlhano, a tshola shela. 13 Arepakasate a tshela dingwaga dile 403 a sena go tshola Shela. A tshola ba bangwe basimane le basetsana. 14 Shela a tshela dingwaga dile masome a mararo, a tshola Ebere. 15 Shela o tshedile dingwaga dile 403 a sena go tshola Ebere. A tshola ba bangwe basimane le basetsana. 16 Ebere a tshela dingwaga dile masome a mararo le bone, a tshola Pelege. 17 Ebere a tshela dingwaga dile 430 morago ga go nna rragwe Pelege. A bowa a nna rraagwe bana ba bangwe ba basimane le basetsana. 18 Ha Pelege a sena go tshela dingwaga dile masome mararo a tshola Reu. 19 Pelege a tshela dingwaga dile 209 a sena go tshola Reu. A nna le bana ba bangwe ba basimane le basetsana gape. 20 Ha Reu a sena go tshela dingwaga dile masome a mararo le bobedi, a tshola Seruge. 21 Reu a tshela dingwaga dile 207 a sena go nna rraagwe Seruge. A tshola ba bangwe basimane le basetsana. 22 Ha Seruge a sena go tshela dingwaga dile masome a mararo, a tshola Nahore. 23 Seruge a tshela dingwaga dile makgolo a mabedi a sena go tshola Nahore. A tshola ba bangwe basimane le basetsana. 24 Ha Namore a sena go tshela dingwaga dile masome a mabedi le bofera bongwe, a tshola Tera. 25 Nahore o tshedile dinwaga dile 119 a sena go tshola Tera. A tshola ba bangwe basimane le basetsana. 26 Ya re morago ga Tera a sena go tshela dingwaga dile masome a supa, a tshola Aberame, Nahore, le Herane. 27 Mme jaana tse ke tsone dikokomane tsaga Tera. Tera a shola Aberame, Nahore, le Harane, Harane a tshola Lote. 28 Harane a tlhokafala fa peleg ga ga rraagwe ebong Tera mo lefatsheng le a tsholetsweng mo go lone, kwa Ure kwa Chaladane. 29 Aberame le Nahore ba tsaya basadi. Leina la mosadi wa ga Aberame ke Sarai la mosadi wa ga Nahore ke Mileka, morwadia Harane, rragwe Mileka le Isake. 30 Sarai ya bo ele moopa; a sena ngwana. 31 Tera a tsaya Aberame morwaagagwe, Lote morwa wa morwa wa gagwe Harane, le Sarai ebong ngwetsi ya gagwe, mosadi mosadi wa morwaagwe Aberame, mme botlhe ba tswa kwa Ura Cheladane, go ya ko lefatsheng la Kanana. Ka jalo batla ko go Harane go nna teng. 32 Tera one a tshela dingwaga dile 250 mme a tlhokafalla mo go Harane.