Kgaolo 12

1 Jalo Jehofa a raya Aberame a re, "Tloga mo lefatsheng la ga eno, le mo masikeng a gago, le mo go ba ntlo ya ga rrago, o ye kwa lefatsheng le ka tla le go supegetsang. 2 Ke tla go dira tshaba e kgolo, ke tla go segofatsa, ke ba ke dira leina la gago legolo, mme o tla nna tshegofatso. 3 Ke tla segofatsa ba ba go segofatsang, mme ke tla hutsa ba sa go tlotleng. Ka wena ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tla segofala.'' 4 Ka jalo Aberame a bolola, jaaka Jehova a mo kaetse, mme Lote a tsamaya le ene. aberame a bo a le dingwaga di le 75 fa a tloga mo Harane. 5 Aberame a tsaya Sara, mosadi wa gagwe, Lote morwa monnawe, dithoto tsa bone tsotlhe tse baneng ba di kgobokantse, le batho ba ba neng ba ba neng ba ba bone mo Harane. Ba bolola go ya kwa lefatsheng la Kanana, mme ba goroga mo lefatsheng la Kanana. 6 Aberame a ralala lefatshe go fitlha kwa Shekeme, kwa maokeng a More. Ka malatsi ao Bakanana ba ne ba agile lefatsheng leo. 7 Jehofa a iponahatsa kwa go Aberame, mme a re, Ke tla naya ditshika tsa gago lefatshe le.'' Ka jalo Aberame a agela Jehofa aletare, yo o neng iponahaditse mo go ene. 8 Go tloga foo a fudugela kwa dithabeng tse di potileng Bethele ka fa botlhaba, mme a tlhoma motlaagana wa gagwe, mme Bethele a bo a le kwa bophirima Ai a le kwa botlhaba. Foo a agela Jehofa aletare mme a bitsa lefelo leo Jehofa. 9 Jalo Aberame a tswelela ka loeto, a lebile kwa Negefi. 10 Ga bo go le leuba mo lefatsheng, mme Aberame a leba kwa lefatsheng la Egepeto go batla bonno. 11 Mme ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sara a re, ''bona, ke itse fa o le mosadi o montle. 12 E tlare fa Baegepeto ba go bona ba re ''Yo ke mosadiwa gagwe'' mme ba mpolae, mme wena ba go tlogele o tshela. 13 O ba reye o re o kgaitsadiake, go re go ntshiamele ka wena, go re botshelo jwame bo sireletsege ka lebaka la gago. 14 Ga diragala, ya re fa Aberame a goroga mo Egepeto, Baegepeto ba bona fa Sara a le montle fela thata. 15 Magosana a ga Faro a mmona, ba mo isa kwa go Faro, mme mosadi a akarediwa mo go ba lelwapa la ga Faro. 16 Faro a tlhokomela Aberame fela thata ka lebaka la ga Sara, mme Aberame a abelwa dinku le dikgomo, ditonki tse ditonanyana, malata a banna, malata a basadi, ditonki tse di namagadi, le dikamela. 17 Mme Jehofa a otlhaya Faro le ba ntlo ya gagwe ka lebaka la ga Sara, mosadi wa ga Aberame. 18 Faro a biletsa Aberame kwa go ene, mme a re, ''Ke eng selo se o se dirileng mo go nna? Ke ka go reng fa o ne o sa mpolelele go re ke mosadi wa gago? 19 Ke ka go reng fa o ne o re , ''Ke kgaitsadiake'' go dira go re e tle e nne mosadi wame? Jaanong, tsaya mosadi wa gago o tsamae." 20 Mme Faro a ntshetsa banna ba gagwe ditaelo, mme ba mo fa tsela go tsamaya, ga mmogo le tsotlhe tse a neng a na le tsone.