Kgaolo 13

1 Aberame a tlhatlhoga go tswa mo Egepeto, go ya Negefi, ene, mosadi wa gagwe, le tsotlhe tse a neng a na le tsone. 2 Mme Aberame a bo a humile mo leruo, selefera, le gauta. 3 A tsweledisa mosepele wa gagwe go tswa Negeti go ya Bethele, go ya kwa lefelong kwa tante ya gagwe e neng e le teng gole pele, fa gare ga Bethele le Ai. 4 A ya kwa lefelong le a neng a agile aletara ya gagwe teng pele. Mme ga a fitlha foo a bitsa leina Morena. 5 Jalo Lote, yo o oneng a tsamaya le Aborame, le ene one ana le letsomane, letsomane le ditante. 6 Lefatshe lene le sa ba letle go re ba ka aga go bapa, ka gore bane botlhe ba na le dithoto tse dintsi, ka jalo gaseka ga kgonafala gore ba nne mmogo. 7 Gape, gone gona le kgothang fa gare ga badisa baga Aborame le ba ga Lote. Ka nako eo, Bakanana le Baperisa bane ba nna mo lefatsheng leo. 8 Ka jalo Aberame o raya Lote are, "A go se nne le tshokatshokano magareng a rona, le fa gare ga badisa ba rona, morago ga tsotlhe, re lelwapa. 9 Aa lefatshe lotlhe ga le fa pele ga gago? Tsamaela kwa pele o ikgaoganye le nna. Ga o ya kwa molemeng, nna ke tla ya kwa mojeng. Kana fa wena o ya mojeng nna ke ya molemeng." 10 Jaanong Lote a leba mo tikologong, mme a lemoga fa lebala la Jorotane la bo le siame le le bokgola gongwe le gongwe go ya go goroga ko Zoare, jaaka tshingwana ya Morena, jaaka lefatshe la Egepeto. Moo gabo gole pele ga Morena a senyaka Sotoma le Gomora. 11 Mme Lote a itlhophela lebala la Jorotane mme a tsamaela kwa botlhabatsatsi, mme masika ba ikgaoganya. 12 Aberame a nna mo lefatsheng la Kanana, mme Lote a nna mo ditoropong tsa lebala, a tlhoma ditante tsa gagwe kgakala le Sotoma. 13 Jaanong banna ba Sotoma bane ba le ba leofi ba ba bosula thata mo go Jehofa. 14 Jehofa a raya Aberame morago ga Lote a sena go kgaogana a re, "Leba go tswa mo lefelong le o emeng mo go lone go ya bokone, borwa, botlhaba, bophirima. 15 Lefatshe le o le bonang, ke tla le go naya le dikokomane tsa gago ka bosakhutleng. 16 Ke tla dira dikokomane tsa gago dintsi jaaka lerole la lehatshe, gore fa motho a ka kgona go bala lerole la lehatshe, le dikokomane le tsone ditla balega. 17 Ema, o tsamae boleele le bophara ja lehatshe, mme ke tla le go naya." 18 Jalo Aberame a tlhpma tante ya gagwe, mme a tla a tshela fa ditlhareng tsa Mere, tse di mo Heberone, foo a aga aletara ya ga Jehofa.