Kgaolo 14

1 Go ne ga dirafala ka malatsi a ga Amarafele, kgosi ya Shinara, Arioko, kgosi ya Elasara, Kedolaomeya, kgosi ya Elame, le Titala, kgosi ya Goime, 2 go re ba bolotse ntwa kgatlhanong le Bera, kgosi ya Sotoma, Birasha, kgosi ya Gomora, Shinabe, kgosi ya Atama, Shemeba, kgosi ya Sboyime, le kgosi Bela (yo gape a bidiwang Soara). 3 Dikgosi tse tlhano tsa bofelo tse tsa tsenelela ntwa mo mokgatsheng wa Sitima (yo gape a bidiwang Lewatle la Letswai). 4 Morago ga dingwaga tse di lesome le boraro ba sena godirela Ketomilaome, ba ne ba ingaola mongwageng wa lesome le boraro. 5 Mme ka ngwaga wa lesome le bone, Ketomilaone le dikgosi tse a neng a na natso ba tla go tlhasela Refaime mo Ashitora Karanaime, wa Mosusite mo Hame, Moemite mo Safeha Kiriathaime, 6 le Mohorite mo lefatsheng le le dithaba la Seira,go goroga fela kwa bokgakaleng jwa Ele Parana, gaufile sekaka. 7 Jaanong ba retologa ba ya kwa Enemishpate (yo gape a bidiwang Katese), mme ba fenya lefatshe lotlhe la Baamalike, le Baamora ba ba neng ba nna mo Hasesone Tamare. 8 Jaanong kgosi ya Sotoma, kgosi ya Gomora, kgosi ya Atema, kgosi ya Saboyime, le kgosi ya Bela (yo gape a bidiwang Soare) ba tswa ba ya go ipaakanyetsa ntwa mo mokgatsheng wa Sitime 9 kgatlhanong le Ketorelaome, kgosi ya Elame, Titale, kgosi ya Goime, Amerafele, kgosi ya Shinare, Arioke, kgosi ya Elasare; dikgosi tse nne kgatlhanong le tse tlhano. 10 Jalo mokgatsha wa Sitime wa bo o tetse didiba tsa sekontire, mme ya re fa dikgosi tsa Sotoma le Gomora di tshaba, tsa wela mo teng. Ba ba neng ba setse ba tshabela kwa dithabeng. 11 Ka jalo dikgosi tsa gapa dithoto tsotlhe tsa Sotoma le Gomora le dilwana tsotlhe tsa bone, mme tsa itsamaela. 12 Mme erile fa ba tsamaya, ba tsaya Lote, morwa monnawe Aberehame, yo neng a agile mo Sotoma, ga mmogole dithoto tsa gagwe tsotlhe. 13 Mongwe wa ba ba neng ba falotse a tla a bolelela Aberame wa Mohebera. o ne a agile fa maokeng a ga Mamore, Moamora, morwarragwe Eshekolo le Anere, ba eneng e le ditsala tsa ga ga Aberame. 14 Mme ya re Aberame a utlwa go re baba ba gapile wa lesika la gagwe, a bolotsa mephato e e katisitsweng e le 318 ba ba neng ba tsoletswe mo ntlong ya gagwe, mme ba ba latela go ya go fitlha kwa Dane. 15 A kgaoganya mephato ya gagwe kgatlhanong le bone bosigo, mme a ba tlhasela, a ba sala morago go fitlhelela bokgakala jwa Hoba, kwa bokone jwa Damaseko. 16 Mme a busetsa dithoto tse di neng di gapilwe, ga mmogo le Lote le dithoto tsa gagwe, le basadi le batho ba bangwe fela jalo. 17 Fa Aberame a sena go fenya Ketarelaomere le dikgosi tse aneng a na le tsone, kgosi ya Sotoma ya bolola go ya go kopana le ene kwa mokgatsheng wa Shafe (o gape o bidiwang mokgatsha wa kgosi). 18 Melekiseteke, kgosi ya Salema, a tlisa senkgwe le mofine. E ne e le moperesite wa Modimo Mogodimodimo. 19 A mo segofatsa a re, ''Go segofaditswe wena Aberame ke Modimo Mogodimodimo, Motlhodi wa legodimo le lefatshe. 20 Go boitshepo Modimo Mogodimodimo, yo tsentseng baba ba gago mo diatleng tsa gago." Mme Aberame a mo abela sabosome mo go tsotlhe. 21 Kgosi ya Sotoma ya re go Aberame, "mpusetse batho mme o itseele dithoto segolo" 22 Aberame a raya kgosi ya Sotoma a re, ''ke tsholeleditse go Jehofa, Modimo Mogodimodimo, motlhodi wa legodimo le lefatshe, 23 go re ga nketla ke tsaya le fa e ele tlhale, le fa e le kgole ya setlhako, le fa e le sepe fela se e leng sa gago, go re o se nne le go re ''ke humisitse Aberame.'' 24 Ga ke na go tsaya sepe kwa ntle ga se makolwane a se jeleng le kabelo ya banna ba ke tsamaileng le nna. A Anere, Eshekolo, le Mamere ba itseele dikabelo sa bone.