Kgaolo 15

1 Morago ga dilo tse lefoko la Jehova la ta ko Aborame mo tshenologong, lere, "O seka tshaba , Aborame! Ke nna thebe ya gago le monei mogolo wa gago." 2 Aborame a mo raya a re, "Morena Modimo, o tla nnaya eng, ka gore ke tsweletse ke le moopa, mme moja boswa wa ntlo yame ke Eliesere wa Damasako?" 3 Aborame are, "Ka gore ga wa mpha kokomane, bona, yoo o tshotsweng mo ntlong yame e tla nna ene moja boswa wa me!" 4 Bonang, lefoko la Morena la mo raya lare, "Monna yoo ga a kake a nna moja boswa wa gago; mme yo o tla tswang mo peo ya mmele wa gago ke ene yo o tla nnang moja boswa jwa gago." 5 Morago a mo isa kwa ntle, "leba kwa godimo, bala dinaledi, mme fa o ka kgona go di bala." Mme a mo raya a re," Ka jalo kokomane ya gago e tla nna kalo." 6 A dumela Morena, mme Morena a mo kgetlha moitshepi. 7 A mo raya are ke nna Morena yo ke go ntshitseng mo Ure wa mo Chalateane, go go naya lefatshe go le ja boswa." 8 A bua, "Jehova Morena, ke tla itse jang gore ke tla le ja boswa?" 9 A mo raya are, "Ntlisetse kgongwana e e ngwaga tse tharo, nku e e ngwaga tse tharo, lephoi, le sehudi se sengwe." 10 A mo tlela tsotlhe tse, a di kgaola gabedi, mme o di bapise mme di huralelane, mme a seke a kgaoganye dinonyane. 11 Fa dinonyane tsa dije ditla go nna mo ditopong, Aborame a di kobela kgakala. 12 Yare fa letsatsi le dikela, Aboramea tshwarwake boroko, bonang, lefifi le lekgolole le tshosang le lentsho la mo apara. 13 Ebo Jehova are, "Itse ko ntle le tlhobaelo gore kokomane ya gago e tla nna banni mo lefatsheng le eseng la gaeno, mme ba tla nna makgoba ba kgokgontshiwa dingwaga dile makgolo a le mane. 14 Ke tla atlhola lefatshe le ba tla le berekelang, mme morago le tla tswa ka dikhumo tse dintsi. 15 Mme le tla boela ko bo rraeno ka kagiso, mme le tla bolokwa le godile le atile dingwaga tsa bogudi. 16 Ka kokomane ya bone ba tla boela kwano gape, ka gore boikobo jwa Baamorite ga se bo lekane." 17 Fa letsatsi le diketse go ntse lefifi, bonang, mosi wa molelo wa pitsa le kgabo ya lesedi la ralala dirwa. 18 Ka letsatsi leo Jehova a dira kgolagano le Aberame, are, "Kokomane ya gago ke ba naya lefatshe le, go tswa ko nokeng ya Egepeto go ya kwa nokeng ya Ferathe. 19 Bakeni, Bakenisi, Bakatemoni, 20 le Bahite, Baperise, Barafaime, 21 Baamori, Bakanana, Bagireasi le Bajebusi."