Kgaolo 47

1 Jalo Josefa a ya kwa go Faro a re ''Ntate le barwarre, le leruo la bone le tsotlhe tse ba nang naso, ba gorogile go tswalefatshe la Kanana. Bona, ba gorogile mo lefatsheng la Goshene .'' 2 A tsaya barwarragwe ba le batlhano, a ba itsise Faro. 3 Faro a raya barwa rragwe a re ''Le dira tiro ya mofuta mang?'' Ba raya faro bare , ''Batlhanka ba gago ke badisa jaaka bo rrabo mogolo.'' 4 Mme ba raya Faro bare,'' Re tla jaaka baagedi ba nakwana mo lefatsheng. .Batlhanka ba gago ga bana mafulo a leruo la bone, ka gore go leuba le legolo kwa lefatsheng la Kanana. Ka jalo re kopa o lete batlhanka ba gago ba nne mo lefatsheng la Goshene. 5 Jalo Faro a bua le Josefa , a re ''Rre rrago le barwa rrago ba tsile go wena. 6 Lefatshe la Egepeto ke leo. Baya Rre rrago le barwa rrago mo lefelong le le phalang a mangwe, lefatshe la Goshene. Fa o itse banna ba ba nang le bokgoni magareng ga bone, ba neele taolo mo leruong lame.'' 7 Jalo Josefa a tisa Jakoba rre rragwe kwa go Faro. Jakoba a segofatsa Faro. 8 Faro a raya Jakoba are, ''O tshidile lobaka lo lo kae?'' 9 Jakoba a raya Faro a re, ''Dingwaga tsa loeto lame di lekgolo le masome a mararo. Dingwaga tsa botshelo jwame di dinnye gape di botlhoko. Ga di dintsi jaaka tsa loeto la bo rre mogolo.'' 10 Jalo Jakoba a segofatsa Faro a bo a tswa mo boleng teng jwa gagwe. 11 Jalo Josefa a neela rragwe le batsalwa le ene bonno. A ba neela bontlha bongwe jwa lefatshe la Egepeto, lefatshe la maemo a ntlha mo lefatsheng la Ramasese, jaaka Faro a laotse. 12 Josefa a neela rragwe dijo,barwarragwe le botlhe ba ba nnang mo ntlong ya rragwe dijo, go ya ka palo ya bana ba bone. 13 Ka jalo go ne go sena dijo lefatshe ka bophara; ka leuba le ne le le legolo thata. Lefatshe la Egepeto le la Kanana la bo le setlhagetse ke leuba. 14 Josefa a kgobokanya madi otlhe a neng a le mo lefatsheng la Egepeto le mo lefatsheng la kanana ka go rekisetsa Banni mabele. Jalo Josefa a isa madi kwa bonnong jwa ga Faro. 15 Fa madi a mafatshe a Egepeto le Kanana a setse a fedile, Baegepeto botlhe ba tla kwa go Josefa ba re, ''Re neele dijo! Ke eng re tshwanetse go swela fa pele ga gago ka ntlha ya gore ga rena madi?'' 16 Josefa a re, ''Fa lo sena madi, tlayang ka leruo la lona ke ta lo neela dijo mo boemong jwa leruo la lona.'' 17 Jalo ba tlisa leruo la bone kwa go Josefa. Josefa a ba neela dijo mo boemong jwa dipitse, dikgomo, dipodi le ditonki. O ne a ba neela borotho mo boemong jwa leruo la bone lotlhe mo ngwageng oo. 18 Fa ngwaga oo o fela ,ba tla kwa go ene ngwaga o latelang ba mo raya bare,'' ga re kake ra go fitlhela mong wame gore ga rena madi, le moraka wa dikgomo ke wa mong wame. Ga gona sepe se se setseng mo matlhong a mong wame, fa ese mebele le lefatshe la rona. 19 Ke eng re tshwanetse go swela mo matlhong a gago, rona le lefatshe la rona? Re reke le lefatshe la rona mo boemong jwa dijo,jalo rona le lefatshe la rona re ta nna bathankga ba ga Faro. Re neele peo gore re tle re tshele mme re seka ra swa, le gore lefatshe le seka la nna le tshenyego.'' 20 Jalo Josefa a rekela Faro lefatshe lotlhe la Egepeto,ka gore Moegepeto mongwe le mongwe o ne a rekisa lefatshe la gagwe,ka leuba le ne le le legolo thata.Ka tsela e,lefatshe la nna la ga Faro. 21 Mme batho bone ,a ba dira malata a gagwe go tswa phelelong ya mololwane wa Egepeto go ya kwa go o mongwe. 22 E ne e le lefatshe fela la baperesita le Josefa a neng a sa le reka,ka gore baperesita ba ne ba nelwa dikatso.Ba ne ba ja mo kabelong e Faro a neng a se ba e neetse. Ka jalo ba ne ba sa rekisa lefatshe la bone. 23 Jalo Josefa a raya batho a re, ''Bonang ,ke lo rekile le lefatshe la lona ,ke le rekela Faro. Jaanong peo ke e, le ta lema lefatshe. 24 Ka thobo, lo tshwanetse go neela Faro botlhano, dikarolo tse nne e ta nna tsa lona, ya peo ya tshimo ya dijo tsa malwapa a lona le ya bana ba lona.'' 25 Ba re, ''O bolokile matshelo a rona. A re bone letlhogonolo mo matlhong a gago. Re tla nna bathanka ba ga Faro.'' 26 Jalo Josefa a dira molao o o santseng o le mo tirisong ka letsatsi le mo lefatsheng la Egepeto, gore bongwe mo botlhano ke jwa ga Faro. Lefatshe la baperesita ke lone fela le le sa nnang la ga Faro. 27 Jalo Israele o ne a nna mo lefatsheng la Goshene. Batho ba gagwe ba ne ba nna le dithoto gone koo. Ba ne ba ntsha maduo gape ba oketsega thata. 28 Jakoba o ne a nna mo lefatsheng la Egepeto dingwaga di le lesome le bosupa, Jalo dingwaga tsa botshelo jwa ga Jakoba e ne e le lekgolo, masome a mane le bosupa. 29 E rile nako ya go swa ga ga Israele e goroga, a bitsa morwae Josefa a mo raya a re, ''Fa e le gore ke bone letlhogonolo mo mathong a gago, tsenya seatla sa gago ks fa tlase ga serope same,o ntshupegetse boikanyego le tshephagalo. Ke kopa o seka wa mphitlha mo Egepeto. 30 Fa ke robala le bo ntate, o tla ntshikara go tswa mo Egepeto o ya go mphitlha kwa lefelong le borre mogolo ba fitlhetsweng teng.''Josefa a re, ''Ke tla dira jaaka o laetse.'' 31 Israele a re, ''Inkanele,'' mme Josefa a moikanela. Iseraela a obama kwa dithogong tsa bolao jwa gagwe.