Kgaolo 46

1 Iseraele a tsaya leeto la gagwe ka tsotlhe tse a nang le tsone a ya kwa Beeresheba. A feta a ntshetsa Modimo wa ga Isaka rraagwe ditlhabelo koo. 2 Modimo a bua le Iseraele mo ponatshegelong bosigo a re, ''Jakoba, Jakoba.'' A re, ''Ke fano.'' 3 A re, ''Ke Modimo, Modimo wa ga rraago. O se ka wa tshaba go ya kwa Egepeto, gonne ke tla go dira morafe o mogolo koo. 4 Ke tla ya le wena kwa Egepeto, mme ammaaruri ke tla boa ke go ntsha gape, e bile Josefa o tla go tswala matlho ka seatla sa gagwe.'' 5 Jakoba a emelela go tswa mo Beeresheba. Barwa Iseraele ba rwala Jakoba rraabone, bana ba bone, le basadi ba bone mo dikareng tse Faro a di rometseng go mo tsaya. 6 Ba tsaya leruo la bone le dithoto tsa bone tse ba di kgobokantseng mo lefatsheng la Kanana. Ba ya kwa Egepeto, Jakoba le bana ba gagwe botlhe. 7 A ya kwa Egepeto le barwae le barwa ba barwae, le barwadie le barwadia barwae, le bana ba gagwe botlhe. 8 A ke maina a barwa Iseraele ba ba neng ba ya kwa Egepeto: Jakoba le bana ba gagwe, Rubene, ngwana wa ntlha wa ga Jakoba; 9 barwa Rubene, Hanoko, Palu, Heserone le Kharami; 10 barwa Simeone, Jemuele, Jamini, Ohate, Jakhini, Sohare, le Shaulo, morwa mosadi wa Mokanana, 11 barwa Lefi, Gereshone, Kohathe, le Merari. 12 Barwa Juta e ne e le Ere, Onane, Shela, Perese, le Sera(mme Ere le Onane ba swetse kwa lefatsheng la Kanana). Barwa Perese e ne e le Heserone le Hamulu. 13 Barwa Isakare e ne e le, Tola, Pua, Lobo, le Shimirone. 14 Barwa Sebulane e ne e le Serete, Elone le Jahaleele. 15 Ba ke barwa Lea ba a ba tsholetseng Jakoba kwa Patane Aramo, mmogo le morwadie, Dina. Barwae le barwadie ba ne ba le 33. 16 Barwa Gate e ne e le Sifione, Hagi, Shuni, Esebone, Ere, Arodi, le Areli. 17 Barwa Ashere e ne e le Imona, Ishefa, Ishifi, le Beria; mme Sera e ene e le kgaitsadiabone. Barwa Beria e ne e le Hebere le Malekiele. 18 Ba ke barwa Silipha, yo Labane a mo neetseng Lea morwadie. Barwa ba o ne a ba tsholelea Jakoba - ba le 16 ka palo. 19 Barwa mosadi wa ga Jakoba, Ragele, e ne e le Josefa le Benjamene. 20 Kwa Egepeto, Manase le Iforeimi ba ne ba tsholwa ke Josefa le Asenathe, morwadia Potifera, moperesiti wa Ono. 21 Barwa Benjamene e ne e le Bela, Bekele, Ashebele, Gera, Naamane, Ehi, Roshe, Mupimi, Hupimi, le Arate. 22 Ba e ne e le barwa Ragele ba a neng a ba tsholela Jakoba - ba le 14 ka palo yotlhe. 23 Morwa Tene e ne e le Hushimi. 24 Barwa Nafothali e ne e le Jaseli, Kuni, Jesere le Shileme. 25 Ba ke barwa ba ba tsholetsweng Jakoba ke Biliha, yo Labane a mo neetseng Ragele morwadie - ba le 7 ka palo. 26 Botlhe ba ba neng ba ya kwa Egepeto le Jakoba, ba e neng e le bana ba gagwe, go sa balwe dingwetsi tsa ga Jakoba, ba ne ba le 66 ka palo yotlhe. 27 Fa go balwa barwa Josefa ba a ba tsholetsweng kwa Egepeto, ba lesika la gagwe ba ba neng ba ya Egepeto ba ne ba le 70 ka palo yotlhe. 28 Jakoba a romela Juta kwa pele ga gagwe kwa go Josefa go supa tsela fa pele ga gagwe go ya Goshene, mme ba ya kwa lefatsheng la Goshene. 29 Josefa a baakanya kolotsana ya ntwa ya gagwe go kopantsha Iseraele rraagwe kwa Goshene. A mmona, a atla mplalal wa gagwe, a bo a lelela mo molaleng wa gagwe ka nako e telele. 30 Iseraele a raya Josefa a re, ''Jaanong nte ke swe, ka gore ke bone sefatlhego sa gago, gore o santse o tshela.'' 31 Josefa a raya barwarraagwe le ba ntlo ya ga rraagwe a re, ''Ke tla ya go bolelela Faro ke re, 'Barwarre le ba ntlo ya ga rre, ba ba neng ba le kwa lefatsheng la Kanana, ba tsile kwa go nna. 32 Banna ba ke badisa letsomane, gonne ba ne ba le batlhokomedi ba leruo. Ba tsile ka matsomane a bone,matlhape a bone, le tsotlhe ba nang le tsone.' 33 Go tla diragala, fa Faro a le bitsa, a botsa, 'Tiro ya lona ke eng?' 34 Le tla re, 'Batlhanka ba gago ba ntse ba le batlhokomedi ba leruo go tloga bonaneng jwa rona go fitlha jaanong, rona le borraarona.' Dirang se gore le tle le nne kwa lefatsheng la Goshene, gonne modisa letsomane mongwe le mongwe o a behilwa mo Baegepetong.''