Kgaolo 45

1 Josefa o ne a palelwa ke go itshwara ga pele ga bathanka ba gagwe. A tsholetsa lentswe a re, ''A mongwe le mongwe a nkatoge.'' Ka jalo ga bo go se ope wa batlhanka yo o neng a nna teng fa Josefa a ikitsise barwaraagwe. 2 O ne a lelela kwa godimo, mo le Baegepeto ba neng ba mo utlwa, le ba ntlo ya ga Faro ba utlwa. 3 Josefa a raya barwarragwe a re, ''Ke Josefa. A rre o santse a tshedile?'' Barwaarragwe ba seka ba mo araba, gonne ba ne ba gakgamaditswe ka go bo a le teng. 4 Mme Josefa a raya barwarragwe a re, ''Nkatameleng ke a le kopa.'' Ba mo atamela. A ba raya a re, ''Ke Josefa morwarralona, yo le mo rekisitseng kwa Egepeto. 5 Le seka la utlwa botlhoko le fa e le go ikgalefelela ka go bo le nthekisitse mo Egepeto, gonne Modimo o nketeleditse pele go tla kwano go boloka botshelo. 6 Gonne leuba le nnile teng mo lefatsheng dingwaga tse pedi tse, mme go santse go tla nna le tse tlhano tse go sa kakeng ga nna le temo le fa e le thobo. 7 Modimo o nthomile ga pele ga lona go le boloka jaaka masalela mo lefatsheng, le go le tshidisetsa go nna kgololo e kgolo. 8 Ka jalo ga se lona le ntlisitseng kwano fa e se Modimo, mme o ntirile rre mo go Faro, ke tlhokometse tsotlhe tsa ntlo ya gagwe, le go nna mmusi wa lefatshe lotlhe la Egepeto. 9 Nanogang le ye kwa go rre le mo reye le re, 'Josefa morwao a re, ''Modimo o ntirile motlhokomedi wa Egepeto otlhe fela. Tla ka kwano kwa go nna, mme o se ka wa diega. 10 O tla nna mo lefatsheng la Goshene, mme o tla bo o le gaufi le nna, wena le bana ba gago le bana ba bana ba gago, le letsomane la gago le matlhape a gago, le tsotlhe tse o nang le tsone. 11 Ke tla go tlhokomelela teng koo, go nne go santse go tla nna le dingwaga tse dingwe tse tlhano tsa leuba, go re o seka go aparwa ke lehuma, wena, le ba ntlo ya gago, le ba o nang le bone.''' 12 Bona, matlho a gago a bone, le matlho a ga morwaarre Benjamine, go re molomo wa me o o buwang le lona o. 13 Le tla bolelela rre ka tlotlego ya me mo Egepeto le ka tsotlhe fela tse le di bonyeng. Le itlhaganeleng le tlise rre kwa go nna kwano. 14 A atla Benjamine morwarragwe mo molaleng mme a lela, mme Benjamine le ene a lelela mo molaleng wa gagwe. 15 A atla barwarraagwe botlhe fela mme lelela mo go bone. Morago ga moo barwarragwe ba buisanya le ene. 16 Dikgang tsa goroga kwa ntlong ya ga Faro: ''Barwarragwe Josefa ba tsile.'' Go ne ga itumedisa Faro le batlhanka ba gagwe fela thata. 17 Faro a raya Josefa a re, ''Raya barwarrago o re, 'Dirang jaana: Belesang diphologolo tsa lona mme le ye kwa lefatsheng la Kanana. 18 Le tseye rraalona le ba ntlo ya lona mme le boele kwa go nna. Ke tla le fa lefatshe le le siameng la lefatshe la Egepeto, mme le tla ja monono wa lefatshe.' 19 Jaanong le a laelwa, 'Dirang jaana, tsayang dikara mo lefatsheng la Egepeto go pega bana ba lona le basadi ba lona. Tsayang rraalona mme le tle le ene. 20 Le seka la tshwenyega ka dithoto tsa lona, gonne matlotlo a lefatshe la Egepeto lotlhe ke a lona.'' 21 Barwaa Iseraele ba dira jalo. Josefa a ba fa dikara, go ya ka fa thebolong ya ga Faro, mme a ba neela le mofago wa mosepele. 22 Mongwe le mongwe wa bone a mo neela diaparo tse ba tla ananyang ka tsone, mme Benjamine ene a mo neela dipapetlana tsa selefera di le makgolo a le mararo le diaparo tse di ananyang di le tlhano. 23 Kwa go rraagwe a romela tse di lateng: ditonki di le lesome di pegile borotho, mabele, le diabelwa tse dingwe tsa ga rragwe tsa mosepele. 24 A golola barwaaragwe mme ba tsamaya. A ba raya a re, "Bonang go re le seka la omana mo tseleng.'' 25 Ba tswa mo lefatsheng la Egepeto mme ba goroga mo lefatsheng la Kanana, kwa go Josefa. 26 Ba mo raya ba re, ''Josefa o santse a tshela, mme ebile ke mmusi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.'' Atlhabega pelo, mme a kgone go dumela se ba se mmolelelang. 27 Ba mmolelela mafoko otlhe a Josefa a neng a a ba boleletse. Fa Jakobe a bona dikara tse Josefa a di romeletseng go tla go mo tsaya, mowa wa ga Jakobe rraabone wa tsosologa. 28 Iseraele a bo a re, ''Go lekane. Josefa morwaake o santse a tshela. Ke tla ya go mmona pele fa ke swa.''