Kgaolo 44

1 Josefa a raya molebedi wa ntlo ya gagwe, are , " tlatsa dikgetsi tsa banna ba ka dijo, go ya ka selekanyo se ba ka kgonang go se sikara, gape o beye madi a monna mongwe le mongwe fa molomong wa kgetsi ya gagwe. 2 Tsenya kopi yame, kopi ya selefera, mo molomong wa kgetsi ya ga yo mmotlana, le madi a gagwe a mabele." Molebeledi a dira jaaka Josefa a buile. 3 Ya re bosigo bo sena go sa, banna ba gololwa go tsamaya, bone le ditonki tsa bone . 4 Ya re ba sena go tswa mo toropong , mme eseng kgakala thata, Josefa a raya motlhokomedi wa gagwe a re, '' Emelela, o latele banna ba le, fa o ba tshwara o ba re ye o re , ''ke eng le bosoloseditse tshiamo ka bosula? 5 A kopi e ga se e mong wame a nwelang mo go yone, le e a e dirisang go laola? Le dirile selo se se bosula fela thata.'' 6 Motlhokomedi a ba tshwara mme a bua le bone mafoko a. 7 Ba mo raya ba re, '' Ke eng mong wame a bua mafoko a a ntseng jaana? A go seka ga fitlhelwa ope wa batlhanka ba gago ba dirile selo se. 8 Bona madi a re a fitlhetseng mo melomong ya dikgetsi tsa rona, re a buseditse kwa go wena go tswa mo lefatsheng la Kanana. Jaanong re ka utswa selefera le gauta jang mo ntlong ya mong wa gago? 9 Fa mongwe wa batlhanka ba gago a ka fitlhelwa ka yone, a a bolawe, mme le rona rotlhe re tlaa nna batlhanka ba mong wa rona.'' 10 Motlhokomedi a re , '' A gonne go ya ka fa mafokong a lona . Yo o tla fitlhelwang ka kopi e, e tla nna ene lelata lame, ba bangwe ga lo na go nna molato. 11 Monna mongwe le mongwe a folosa kgetse ya gagwe a e baya fa fatshe, mme mongwe le mongwe a bula kgetse ya gagwe. 12 Motlhokomedi a phuruphutsha. A simolola ka e ya motona mme a fetsa ka e ya o monnyenyane, mme kopi ya filthelwa mo kgetseng ya ga Benjamine. 13 Jalo ba kgagola diaparo tsa bone. Mongwe le mongwe wa bone a belesa tonki ya gagwe a boela kwa motseng. 14 Juta le bomorwaaragwe ba tla kwa ntlong ya ga Josefa. O ne a santse a le teng, mme ba tlhoma fa fatshe ka mangole ga pele ga gagwe. 15 Josefa a ba raya a re, ''Ke eng selo seo se lo se dirileng? A lo aitse fa monna a tshwana le nna le ene o direla sedimo?'' 16 Juda a re, ''Re tla raya monga wa me re reng? Re ka bua re reng tota? Kana re ka ikgolola jang mo molatong? Modimo o lemogile tshiamololo ya batlhanka ba gago. Bona, re batlhanka ba mong wame, rotlhe fela le yo kopi e fitlhetsweng mo seatleng sa gagwe. 17 Josefa a re, ''A go nne kgakala le nna go dira jalo. Monna yo kopi e fitlhetsweng mo go ene, motho yoo o tla nna lelata la me, mme fa ele ka lona ba bangwe, boelang kwa go rraalona ka kagiso.'' 18 Mme Juta a atlamela fa go ene mme a re, ''Mong wa me, a tlhe motlhanka wa gago a bue lefoko mo kutlong ya mong wa me, mme gape a bogale jwa gago bo se tuke kgatlhanong le motlhanka wa gago, go nne o tshwana fela le Faro. 19 Mong wa me a botsa batlhanka ba gagwe, a re, 'A lo na le rraalona le fa e le morwa-raalona?' 20 Ra raya mong wa me ra re, 'Re na le rraa-rona, le ngwana wa dingwaga tsa gagwe tsa bogodi, yo monnyenyane. Mme morwa-raagwe o sule, mme ke ene fela yo o setseng wa ga mmagwe, mme rraagwe o a mo rata.' 21 Mme o ne wa raya batlhanka ba gago wa re, 'Mo tliseng kwa go nna ke tle go mmona.' 22 Morago ga moo, ra raya mong wa me ra re, 'Mosimanyana ga a kake a kgona go tlogela rraagwe. Mme fa a ka tlogela rraagwe rraagwe o ka swa.' 23 Mme one wa raya batlhanka ba gago wa re, 'Fa e se fela le ka tla le monnaalona yo monnye, ga le na go bona sefatlhego sa me gape.' 24 Jalo go ne ga diragala gore fa re sena go boela kwa go motlhanka wa gago ntate, re ne ra mmolelela mafoko a mong wa me. 25 Rraarona o ne a re, 'Tsamayang gape, le ye go re rekela dijo.' 26 Mme re ne ra re, 'Ga re na go boela teng. Fa monnaarona yo monnye a na le rona, ke gona re ka boelang teng, gonne ga rena go bona sefatlhego sa monna fa e se fela monnaarona yo monnye a na le rona.' 27 Motlhanka wa gago rre o ne a re raya a re, 'Lo a itse go re mosadi wa me o ne a ntsholetse barwa ba le babedi. 28 Mongwe wa bone o ne a ntlogela mme ke ne ka re, 'Ruri o ne a kgabetlelelwa gonna dirwe-dirwe, mme ke ne ka seka ka tlhola ke mmona. 29 Jaanong fa le ka tsaya yo mo go nna le ene, mme a diragalelwa ke se se bosula, le tla digela moriri wa me o o mosweu mo lebitleng.' 30 Mme jaanong, fa nka tla kwa go motlhanka wa gago e leng rre, mme re se na le mosimane, ka ebile botshelo jwa gagwe bo amantswe le jwa mosimane, 31 go tla diragala gore, fa a re bona re tla re sena le mosimane, o tla a swa. Batlhanka ba gago ba tla digela moriri o o mosweu wa motlhanka wa gago rraarona mo lebitleng ka ntlha ya khutsafalo. 32 Go nne motlhanka wa gago o ne a nna peeletso mo boemong jwa mosimane mo go rre mme ke ne ka re, 'Fela fa ke sa mmusetsa mo go wena, ke tla nna molato mo go rre go ya go ileng.' 33 Mme jaanong, ke a kopa go re motlhanka wa gago e nne ene a salang mo boemong jwa mosimane go nna lelata wa mong wa me, mme a mosimane a tsamaye le bomorwaarre. 34 Tota nka boela jang kwa go ntate ke sena le mosimane? Ke tshogela go bona bosula jo bo ka welang ntate.