Kgaolo 43

1 Leuba la bo le le legolo that mo lefatsheng. 2 Go ne ga diragala fa ba sena go ja mabele a ba duleng Egepeto ka one, rraabone a ba raya a re, "Tsamayang gape, lo re rekele dijo." 3 Juta a mo raya a re, ''Monna o re tlhagisitse thata a re, 'ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me go fitlhelela lo tla ka monnaalona.' 4 Fa o ka re rebolela go tsamaya le monnaarona, re tla kgona go ya go reka dijo. 5 Mme fela fa o sa re mo rebolele, ga re kitla re tsamaya. Gonne monna o re reile a re, 'Ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me fa lo sa tla le monnaalona." 6 Iseraele a re, ''Ke ka go reng fa lo ntshotlile mo go kalo ka go bolelela monna fa lo na morwaarraalona yo mongwe?'' 7 Mme ba re, ''Monna o re boditse ke ga ba lelwapa la rona. O ne a re, 'Aa rraalona o santse a le mo botshelong? Aa lo na le morrwaarralona yo mongwe?' Re mo arabile go ya fela ka dipotso tse. Re ne re ka bo re itsele jang go re o tla re, 'Tlang le morrwarraalona?''' 8 Juta a raya Iseraele rraagwe a re, ''Romeletsa mosimane le nna. Re tla emelela re tsamaya go re re tle re tshele mme se ka ra swa, rona rotlhe fela, le wena, le bana aba rona tota. 9 Ke tla nna le boikarabelo mo go ene. Lo tla baya tsotlhe ka ene mo go nna. Fa ke sa kake ka mmusetsa gape kwa go wena, a molato otlhe o nne mo go nna go ya go ileng. 10 Me fa re ne re sa diega, ka boammaaruri ka nako e re ka bo re ne re kile ra boela kwano le kgetlho la bobedi. 11 Rraabone ebong Iseraele a ba raya a re, ''Fa go ka nna jalo, dirang jaana. Tsenyang dingwe tsa dithobo tsa lefatshe mo dikgetseng tsa lona. Tsamayang ka tsone kwa monneng e le dimpho - boroku jo bo alafang, le tswine ya dinotshe, ditswaiso le dinkgisa monate, manoko le dithamane. 12 Tsayang madi ka sebedi mo diatleng tsa lona. Ao ke madi a a fitlhetsweng a le mo dikgetseng tsa lona fa di bulwa, boang gape ka one. Gongwe e nnile phoso fela. 13 Tsamayang le monnaalona. Emelelang lo boeleng gape kwa monneng. 14 A Modimo Mothatayotlhe a lo fe mautlwelobotlhoko mo ponong ya monna, go re a lo gololele morwaalona le Benjamene. 15 Fa ke hutswafaletse bongwanake, ke hutsafetse. Banna ba tsere mpho e, mme mo diatleng tsa bone ba tsaya madi ka sebedi, ga mmogo le Benjamine. Ba emelela ba leba Egepeto mme ba ya go ema fa pele ga ga Josefe. 16 Fa Josefe a bona Benjamine a na le bone, a raya molebeledi wa ntlo ya gagwe a re. ''Tlisang banna mo ntlong, tlhabang seruiwa le apeeng dijo, gore banna ba tle ba je le nna motshegare.'' 17 Molebeledi a dira fela jaaka Josefa a laetse. A tlisa banna mo ntlong. 18 Banna ba bo ba tshogile fa ba isiwa kwa ntlong ya ga Josefa. Ba re, ''Ke ka lebaka la madi a a neng a buseditswe mo dikgetseng tsa rona fa re tlile kwano sebaka se se fetileng, mo a batlang tsela sa go re tshwara. O ka nna a re tshwara mme a re dira makgoba, mme a tsaye ditonki tsa rona.'' 19 Ba latela molebeledi wa ntlo ya ga Josefa, mme ba bua le ene ba le fa kgorong ya ntlo, 20 ba re, ''Mong wa me, re ne re tlile fa sebaka se se fetileng go reka dijo. 21 Go ne ga dirafala, fa re goroga kwa re letseng teng, ra bula dikgetse, mme, bona, madi a mongwe le mongwe wa rona a bo a le fa godimo mo dikgetseng tsa rona a le mmogo. 22 Re tlile ka one gape go a busa. Re tlile ka madi a mangwe gape go reka dijo. Ga re itse go re ke mang tota yo o ka tswang a buseditse madi mo dikgetseng tsa rona.'' 23 Molebeledi a ba raya a re, ''A kgiso e nne le lona, le seka la tshoga. Modimo wa lona le Modimo wa rraa lona o ka tswa e le ene yo buseditseng madi mo dikgetseng tsa lona. Ke amogetse madi a lona.'' Molebeledi a tlisa Simeyone kwa go bone. 24 Molebeledi a tsaya banna a ba isa kwa ntlong ya ga Josefa. A ba siela metsi, mme ba tlhapa dinao. A neela ditonki tsa bone dijo. 25 Ba baakanyetsa Josefe dimpho, ka ba ne ba utlwile fa a tlile go ja le bone dijo motshegare. 26 E rile fa Josefa a boela lwapeng, ba isa dimpho tse ba neng ba di tshotse kwa ntlong ya gagwe, mme ba oba difatlhego tsa bone fa pele ga gagwe. 27 A ba botsa matsogo mme a re, ''A rraa lona o tsoga sentle, monnamogolo yo le buileng ka ene?'A o santse a tshela?'' 28 Ba mo raya ba re, ''Motlhanka wa gago rra rona o a tsoga. O santse a tshela.'' Ba oba difatlhego go mo fa tlotlo. 29 E rile fa a tsholetsa matlho a bona Benjamine monnaawe, morwaa mmaagwe, mme a re, ''Aa ke ene monnaa lona yo monnye yo le neng la mpolelela ka ene?'' A bo gape a re, ''A Modimo o go direle tse di ntle, morrwaaka.'' 30 31 Josefa a nanogela kwa ntle ga ntlo, go nne o ne a tshwenyegile ka lebaka la monnaawe. A batla lefelo le a ka yang go lela teng. A ya kwa ntlong ya gagwe a ya go lelela teng. A tlhapa sefatlhego mme a tswela gape kwa ntle. A itshwara, a ba raya a re, ''Tsholang dijo.'' 32 Motlhanka a tsholela Josefa go re a je a le nosi le gore barwaa rragwe le bone ba je ba le nosi. Baegepeto ba ja le ene ka gonne Baegepeto ba ne ba sa kake ba ja le Bahebera, ka go ne go sa amogelesegi mo Baegepetong. 33 Barwa rragwe ba nna fa go ene, go simolola ka wa motsalwapele le go ya ka fa ba rulaganang ka teng mo letsalong la bone ba felela ka yo monnye. Banna ba gakgamadiwe ke se. 34 Josefa a ba abela dijo ka go tlhatlologana ga bone. Seabe sa ga Benjamine sone sa nna se se oketselegile ga tlhano mo go tsa bone botlhe. Ba ja ba itumela le ene.