Kgaolo 42

1 Jaanong Jakoba a lemoga fa go na le mabele kwa Egepeto. A raya barwae a re, ''Ke eng le lebana?'' 2 A re, ''Bonang fa, ke utlwile gore go na le mebele kwa Egepeto. Tsamayang le ye go re rekela koo gore re tle re tshele, re se ka ra swa.'' 3 Barwarraa Jakoba ba le lesome ba tsamaya go ya go reka mabele kwa Egepeto. 4 Mme Benjamene, morwarraagwe Josefa, a se ka a rongwa le barwarraagwe, gonne Jakoba o ne a re, ''Ke boifa gore o tloga a diragalelwa ke sengwe se se bosula.'' 5 Barwa Iseraele ba nna bangwe ba ba ba tsileng go reka, gonne leuba le ne le le mo lefatsheng la Kanana. 6 Jaanong Josefa e ne e le mmusi wa lefatshe. E ne e le ene yo o rekisetsang batho botlhe ba lefatshe. Bomogolwe Josefa ba tla mme ba mo obela difatlhegotsa bone di lebile fa fatshe. 7 Josefa a bona a bo a lemoga bomogolowe, mme a ba iphitlhela tebego, a bua le bone ka bogale. A ba raya a re, ''Le tla le tswa kae?'' Ba re, ''Go tswa lefatsheng la Kanana, re tsile go reka dijo.'' 8 Josefa o ne a lemoga bomogolowe, mme bone ba ne ba sa mo lemoge. 9 Jakoba a gakologelwa ditoro tse a di lorileng ka bone. A ba raya a re, ''Le ba tsaya ditlholwa. Le tsile go bona dikgaolo tsa lefatshe tse di sa sireletsegang.'' 10 Ba mo raya ba re, ''Nnyaya, mong wa me. Batlhanka ba gago ba tsile go reka dijo. 11 Rotlhe re barwa monna a le mongwe. Re banna ba ba boammaaruri. Batlhanka ba gago ga se batsaya ditlholwa.'' 12 A ba raya a re, ''Nnyaya, le tsile go bona dikgaolo tsa lefatshe tse di sa sirelediwang.'' 13 Ba re, ''Rona batlhanka ba gago re barrammogo ba le 12, barwa monna a le mongwe kwa lefatsheng la Kanana. Bona, monnaarona o setse le rraarona, mme mongwe wa rona ga a sa tlhole a tshela.'' 14 Josefa a ba raya a re, ''Go ntse jaaka ke le boleleltse; le batsaya ditlholwa. 15 Le tla lekwa ka se. Ke ikana ka botshelo jwa ga Faro, ga le na go tswa fa ntleng le fa monnaalona yo monnye a tla fa. 16 Romang mongwe wa lona a ye go tsaya monnaalona. Le tla tshegediwa mo kgolegelong gore mafoko a lona a tle a lekwe, gore a go na le boammaaruri mo go lona.'' 17 A ba tshegetsa mo kgolegelong matsatsi a le 3. 18 Ka letsatsi la boraro Josefa a ba raya a re, ''Dirang se mme le tshele, gonne ke boifa Modimo. 19 Fa le le banna ba ba boammaaruri, a mongwe wa lona a tshegediwe mo kgolegelong e, mme lona le tsamae, le ise mabele kwa matlong a lona. 20 Tsisang monnaalona yo monnye kwa go nna gore mafoko a lona a tle a rurifadiwe mme le tla se ka le swa.'' Ba dira jalo. 21 Ba raana ba re, ''Ruri re molato ka morwarraaona jaaka e rile fa re bona kutlobotlhoko ya mowa wa gagwe fa a ikuela mo go rona, ra se ka ra mo reetsa. Jalo he, patikesego e e tsile mo go rona.'' 22 Rubene a ba araba, ''A ga ke a ka ka le bolelela, 'Le se ka la leofela mosimane,' mme la se ka la reetsa? Jaanong, bonang, madi a gagwe a lopiwa mo go rana.'' 23 Ba ne ba itse fa Josefa a ba tlhaloganya, gonne go ne go na le motoloki fa gare ga bone. 24 A ba hularela a lela. A boa a ba leba mme a bua le bone. A tsaya Simeone fa gare ga bone mme a mo golega mo matlhong a bone. 25 Foo Josefa a laola batlhanka ba gagwe go tlatsa dikgetse tsa barwarraagwe ka mabele, le go tsenya kgetse ya madi ya monna mongwe le mongwe mo kgetseng ya gagwe, le go ba neela mohago wa mosepele. Ba direlwa jalo. 26 Ba pega dikgetse tsa mabele mo ditonking tsa bone mme ba bolola go tswa koo. 27 E rile fa mongwe wa bone a bula kgetse ya gagwe go neela tonki ya gagwe dijo kwa ba letseng teng, a bona madi a gagwe. Bonang a ne a le fa molomong wa kgetse ya gagwe. 28 A raya barwarraagwe a re, ''Madi a me a busitswe. A boneng; a mo kgetseng ya me.'' Mme dipelo tsa bone tsa tshoga, ba roroma ba lebana. Ba re, ''Ke eng se Modimo a se re dirileng se?'' 29 Ba ya kwa go Jakoba, rraabone kwa lefatsheng la Kanana mme ba mmolelela tsotlhe tse di ba diragaletseng. Ba re, 30 ''Monna, morena wa lefatshe, o buile le rona ka bogale a bo a akanya gore re batsaya ditlholwa mo lefatsheng. 31 Re ne ra mo raya ra re, 'Re banna ba ba boammaaruri. Ga re batsaya ditlholwa. 32 Re batsalwa mmoogo ba le 12, barwa rraarona. Yo mongwe ga a sa tlhole a tshela, mme yo monnye mo go botlhe mo letsatsing le o setse le rraarona kwa lefatsheng la Kanana.' 33 Monna, morena wa lefatshe, a re raya a re, 'Ke tla itse gore le banna ba ba boammaaruri ka se. Tlogelang mongwe wa barwarraalona le nna, tsayang mabele le a ise kwa matlong a lona, le tsamae. 34 Tlisang monnaalona yo monnye kwa go nna. Foo ke tla itse gore ga le batsaya ditlholwa, mme le banna ba ba boammaaruri. Foo ke tla le gololela morwarraalona, mme le tla gweba mo lefatsheng.''' 35 Ga diragala fa ba ntsha se se mo dikgetseng tsa bone, bonang, kgetse ya selefera ya monna mongwe le mongwe ya bo e le mo kgetseng ya gagwe. Fa bone le rraabone ba bona dikgetse tsa bone tsa selefera, ba tshoga. 36 Jakoba, rraabone a ba raya a re, ''Le nkhutsafaditse ka bana ba me. Josefa ga a sa tlhole a tshela, Simeone o ile, mme le ya go tsaya Benjamine. Dilo tsotlhe tse di kgatlhanong le nna.'' 37 Rubene a bua le rraagwe, a re, ''O ka bolaya barwaake ba ba 2 fa ke sa busetse Benjamine kwa go wena. Mo tsenye mo diatleng tsa me, mme ke tla mmusa.'' 38 Jakoba a re, ''Morwaake ga a na go tsamaya le lona. Gonne morwarraagwe o sule mme o setse a le nosi. Fa bosula bo ka mo diragalela mo tseleng ya kwa le yang, foo mo botsofeng jwa me le tla ntsenya mo lebitleng ka kutlobotlhoko.''