Kgaolo 41

1 Ga diragala morago ga ngwaga tse pedi go re Faro a lore toro. Bonang, a bo a eme fa nokeng ya Nile. 2 Bonang, dikgomo tse supa tsa tswa mo nokeng ya Nile, di nonne di kgatlhisa, mme di ja letlhaka. 3 Bonang, tse di ngwe tse supa le tsone di ile tsa tswa kwa morago ga tsone, mme tsone di bopama di sa kgatlhise. Di ne tsa lebagana di le mo letshitshing la noka. 4 Jaanong, tse di bopamang di sa kgatlhise di ile tsa kometsa tse supa tse di nonneng. Faro a thanya mo borokong. 5 A thulamela gape mme a lora toro ya bobedi. Bonang, diako tse supa di ile tsa tswa mo letlhakeng le le lengwe, di le dintle di nonofile. 6 Bonang, diako tse dingwe, tsa mangapa tse di swabisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi, le tsone tsa tswa. 7 Diako tsa mangapa tsa kometsa tse di nonofileng. Faro a thanya gape, mme, bonang, ya bo e le toro fela. 8 Ga diragala go le mo mosong mowa wa gagwe wabo o fuduegile. A lopa go re go bidiwe bomkadilatlha le batlhalfi botlhe ba Egepeto. Faro a ba lekodisa ka ditoro tsa gagwe, mme ga tlhoka ope yoo neng a kgona go di ranolela Faro. 9 Jaanong moeteledipele wa batsholaphafana a raya Faro a re, "Tsatsi jeno ke akantse ke fa melato ya me. 10 Faro okile a kgopisiwa ke batlhanka ba gagwe, mme a ntswalelela mo ntlong ya kgolegelo ya moetelepele wa badisa ba kgosi, e le moapei mogolo le nna. 11 Re ne ra lora toro bosigo bo le bongwe, ene le nna. Re ne ra lora mongwe le mongwe wa rona go ya ga fa toro ya gagwe ileng ya ranolwa ka teng. 12 Re ne re na le lekawana la Mohebera, motlhanka wa moeteledipele wa badisa. Re ne ra mmolela mme o ne a re ranolela ditoro tsa rona. O ne a ranola go ya ka fa re lorileng ka teng. 13 Go ne ga dirafala go re go nne fela jaaka a ranotse, mme ga nna fela jalo. Faro o ne a mpusetsa mo tirong ya me, mme yo mongwe ene a kalediwa.'' 14 Mme Faro a laela go re Josefa a bidiwe. Ba mo golola ka bonako mo moleteng. A ipeola, a fetola diaparo tsa gagwe, mme a tla kwa go Faro. 15 Faro a raya Josefa a re, ''Ke lorile toro, mme ga gona ope yo kgonneng go e ranola. Mme ke utlwile go buiwa ka ga wena, go re fa o boleletswe ka toro o kgona go e ranola.'' 16 Josefa a araba Faro, a re, ''Ga go tswe mo go nna. Modimo ke one o tla araba Faro ka go mo rekegela.'' 17 Faro a bua le Josefa a re, ''Mo torong ya me, bona, ke ne ke eme fa thoko ga noka ya Nile. 18 Bona, ga bo go le dikgomo di le supa di tswa mo nokeng ya Nile, di nnonne di kgatlhisa, mme tsa bo di hula di ja letlhaka. 19 Bona, ga nna tse dingwe gape tse le tsone di duleng morago ga tsone, mme tsone di bopama, di le bokowa, ebile di sa kgatlhise. Ga ke ise ke bo ke bone gope mo Egepeto tse di sa kgatlhiseng go tshwana le tsone tsele. 20 Tse di bopamang di ile tsa kometsa tsele tsa ntlha tse supa tse di nonneng. 21 Mme erile di sena go di kometsa, ga se ka ga bonala fa di di komeditse, go nne di ne di tshwana fela jaaka pele. Mme ke ne ka thanya. 22 Ka lora e nngwe gape, mme, bona, diako di ne tsa tswa mo letlhakeng, di nonofile di le dintle. 23 Bona, tse dingwe gape diako - tse di swabileng, di le mangapa, di tshubilwe ke phefo ya botlhabatsatsi, le tsone di ile tsa tlhoga morago ga tsone. 24 Diako tsa mangapa di ile tsa kometsa tse di nonofileng tse supa tsele tsa ntlha. Ke ne ka bolelela bonkadilatlha, mme ga gona ope yo o kgonneng go ntlhalosetsa ditoro tse.'' 25 Josefa a raya Faro a re, ''Ditoro tse di a tsamaelana. Se Modimo o leng gaufi le go se dira, o se senoletse Faro. 26 Dikgomo tse supa tse di kgatlhisang, le diako tse di nonofileng tse supa ke dingwaga tse supa. Ditoro tse di a tshwana. 27 Dikgomo tse supa tse di sa kgatlhiseng ke dingwaga tse supa, fela jaaka le diako tse supa tsa mangapa tse di tshubilweng ke phefo ya botlhabatsatsi e tla nna dingwaga tse supa tsa leuba. 28 Ke sone se ke se boleletseng Faro.Se Modimo o leng gaufi le go se dira se setse se senoletswe Faro. 29 Bona, dingwaga tse supa tsa letlotlo le legolo di tla anama le Iseraele otlhe fela. 30 Dingwaga tse supa tsa leuba di tla tla morago ga tsone, mme letlotlo le tla lebalesega mo lefatsheng la Egepeto, mme leuba le tla gaila lefatshe. 31 Letlotlo ga le na go gakologelwa mo lefatsheng ka lebaka la leuba le le tla le salang morago, go nne le tla nna legolo fela thata. 32 Go bo toro e ne e ipueletsa mo go Faro ke ka go bo kgang eo e tlhomamisitswe ke Modimo, mme ebile Modimo o le gaufi le go e dirafatsa. 33 Jaanong a Faro a batle monna yo kgonang go bona ebile a le botlhale, a mo dire motlhokomedi wa lefatshe la Egepeto. 34 A Faro a tlhome badiredi mo lefatsheng lotlhe, mme ba tle ba tlhaole setlhano sa mabele a a tla robiwang mo dingwageng tse supa tse. 35 A ba phuthe dijo modingwageng tsa letlotlo tse di tlang tse mme ba di boloke ba le ka fa tlase ga taolo ya ga Faro, e nne dijo tse di tla dirisiwang mo metseng. Ba di tlhokomele. 36 Dijo tse ke tsone tse di tla bolokang lefatshe mo dingwageng tse supa tsa leuba le le tla nnang mo lefatsheng la Egepeto. Ka tsela yone eo lefatshe ga le na go babalelwa ke leuba. 37 Kgakololo e e ne e siame mo matlhong a ga Faro le mo matlhong a batlhanka botlhe. 38 Faro a raya batlhanka ba gagwe a re, ''A re ka bona monna yo o ntseng jalo, yo o tletseng mowa wa Modimo? 39 Jalo Faro a raya Josefa a re, ''Ka Modimo o bontshitse wena dilo tse tsotlhe, ga gona ope yo kgonang go bona ebile a le botlhale jaaka wena. 40 Ke wena o tla nnang motlhokomedi wa tsa ntlo ya me, batho ba me ba tla busiwa go ya ka lefoko la gago. Ke tla nna mogolo mo setilong sa bogosi fela.'' 41 Faro a raya Josefa a re, ''Bona, ke go beile molaodi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.'' 42 Faro a ntsha palamonwana ya gagwe mo monwaneng wa gagwe mme a e rwesa monwana wa ga Josefa. A mo apesa diaparo tse di leloba le lentle, mme a mo apesa leseka la gauta mo molaleng wa gagwe. 43 A mo pega mo kareng ya gagwe ya bobedi. Banna ba goeletsa ba raya batho ba re, ''Obang maoto.'' Faro a mmaya motlhokomedi wa lefatshe lotlhe la Egepeto. 44 Faro a raya Josefa a re, ''Ke nna Faro, mme fa e se go laotse wena, ga gona ope yo tla tsholetsang seatla kana le fa e le lenao mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.'' 45 Faro a mo fa leina le lesha a re ''Saphenathe-Paneya.'' A mo neela Asenathe, morwadia Potifera moperesita wa One, go nna mosadi wa gagwe. Josefa a simolola goitsege mo Egepeto ka bophara. 46 Josefa a bo a le dingwaga di le masome a le mararo fa a ema fa pele ga ga Faro, kgosi ya Egepeto. Josefa a tloga fa pele ga ga Faro, mme a tsamaya lefatshe lotlhe la Egepeto. 47 Mo dingwageng tsa letlotlo tse supa lefatshe la ntsha thobo e e nametsang. 48 A phutha dijo mo dingwageng tse supa tse di mo lefatsheng la Egepeto mme a di boloka mo mabolokelong a metse. A boloka dijo mo motseng mongwe le mongwe go tswa mo tikologong ya one. 49 Josefa a phutha mabele mo a ileng a nna jaaka motlhaba wa lewatle, ka ba ne ba sa kgone go a bala. 50 Josefa a nna le barwa ba le babedi pele ga ngwaga tsa leuba, ba Asenathe, morwadie Potifera moperesite wa One, a neng a ba mo tsholetse. 51 Josefa a bitsa morwawe wa ntlha a re Manase, mme a raya go re , ''Modimo o ntirile go re ke lebale ka mathata a me otlhe le ka lelwapa la ga rre.'' 52 A bitsa wa bobedi a re Efirame, go nne o ne a re, ''Modimo o dirile go re ke ungwe mo lefatsheng la pogisego ya me.'' 53 Dingwaga tse supa tsa letlotlo tse di neng di le mo lefatsheng la Egepeto tsa tla kwa bokhutlong. 54 Dingwaga tse supa tsa leuba tsa simolola, fela jaaka Josefa a ne a boletse. Ga nna leuba mo lefatsheng lotlhe ka bophara, mme mo lefatsheng la Egepeto ga bo go na le dijo. 55 E rile fa batho ba lefatshe la Egepeto ba feditse dijo, ba lelela kwa go Faro ba batla dijo. Faro a raya Baegepeto a re, ''Yang kwa go Josefa mme le dire sengwe le sengwe se a se le bolelelang.'' 56 Leuba la bo le apere lefatshe lotlheka bophara. Josefa a bula mabolokelo otlhe mme a rekisetsa Baegepeto. Leuba la bo le gaketse fela thata mo lefatsheng la Egepeto. 57 Lefatshe lotlhe ka bophara la tla kwa Egepeto go reka mabele mo go Josefa, ka go bo leuba le ne le apere lefatshe ka bophara.