Kgaolo 40

1 Ga dirafala morago ga dilo tse, fa motsholaphafana wa kgosi ya Egepeto le moapei wa kgosi ba kgopisa mong wa bone, kgosi ya Egepeto. 2 Faro a kgopisiwa ke badiredi ba babedi ba fela thata, e leng moeteledipele wa batsholaphafana le wa baapei. 3 A ba baya mo tlhokomelong ya moeteledipele wa badisa magolegwa, mo kgolegelong e Josefa a neng a beilwe mo go yone. 4 Moeteledipele wa badisa magolelgwa a ba baya mo tlhokomelong ya ga Josefa. Ba nna moo ba tswaleletswa sebakanyana. 5 Botlhe ba lora toro - motsholaphafana le moapei wa kgosi ya Egepeto ba ba neng ba tswaleletswe mo kgolegelong - botlhe ka bobedi ba lora toro bosigo, nngwe le ngwe ya tsone ya bo e na le thanolo ya yone. 6 Josefa a tla kwa go bone mo mosong go ba tlhola. Bonang, ba bo ba utlwile botlhoko. 7 A botsa badiredi ba ga Faro ba a neng a na le bone mo ntlong ya kgolegelo ya ga Faro, a re ''Ke ka go reng fa le utlwile botlhoko jaana?'' 8 Ba mo raya ba re, ''Re nnile le ditoro tse go seng ope yo o di ranolang.'' Josefa a ba raya a re, ''A mme dithanolo ga di tswe kwa Modimong? Mpoleleleng tlhe.'' 9 Motsholaphafana yo mogolwane a bolelela Josefa toro ya gagwe a re, ''Mo torong ya me, bona, setlhare sa mofine se ne se le fa pele ga me. 10 Mo setlhareng se ga bo go le dikala tse tharo. E rile fa se tswa matlhogela, matswela a sone a ntsha mafine a bo a bodule. 11 Phafana ya ga Faro ya bo e le mo seatleng sa gagwe. Ka tsaya mafine mme ka a gamolela mo phafaneng ya ga Faro, mme ka busetsa phafana mo diatleng tsa ga Faro.'' 12 Josefa a mo raya re, ''Thanolo ya toro ya gagoke e. Dikala tse tharo ke malatsi a mararo. 13 Mo malatsing a mararo Faro o tla golola seatla sa gagwe mme o tla go busetsa mo tirong ya gago. O tla busetsa phafana mo seatleng sa ga Faro, fela jaaka o ne ontse o le motsholaphafana. 14 Mme o nkgopole fa go go tsamaetse sentle, mme o ntirele molemo. O bue bontle ka nna mo go Faro go re le nna ke kgone go tswa mo kgolegelong. 15 Gonne ruri ke gapilwe kwa lefatsheng la Bahebera. Le gone kwano tota ga ke na molato ope o neng nka o tsenyetswa mo moleteng one o.'' 16 E rile fa moeteledipele wa baapei a bona thanolo e itumedisa, le ene a raya Josefa a re, ''Le nna ke nnile le toro, mme bona, ditlatlana tsa borotho di ne di le mo godimo ga tlhogo ya me. 17 Mo tlatlaneng e fa godimo ga bo go le dijo tsotlhe tse di apeetsweng Faro, mme dinonyane tsa tla go di jela mo tlatlaneng e fa godimo ga tlhogo ya me.'' 18 Josefa a mo araba mme a mo raya a re, ''Thanolo ke e. Ditlatlana tse tharo ke malatsi a mararo. 19 Mo malatsing a mararo Faro o tla lokolola tlhogo ya gago mo go wena mme o tla go kaletsa mo setlhareng. Dinonyane di tla ja dirwe tsa gago.'' 20 Go ne ga dirafala mo letsatsing la boraro go re go be go le letsatsi la ga Faro la matsalo. A direla batlhanka ba gagwe moletlo. A tlhaola tlhogo ya moeteledipele wa batsholaphafana le wa baapei go re ba gololwe. 21 A busetsa moeteledipele wa batsholaphafana mo tirong ya gagwe, mme a baya phafana mo diatleng tsa ga Faro. 22 Mme a kaletsa moeteledipele wa baapei, fela jaaka Josefa a ne a ba ranoletse. 23 Mme motsholaphafana a se ka a gakologelwa Josefa, a lebala ka ene.