Kgaolo 39

1 Josefa a isiwa Egepeto. Potifare, mogolwane wa ga Faro yo o neng e le moeteledipele wa badisa ba kgosi mme gape e le Moegepeto, a mo reka mo Baishemaeleng, ba ba neng ba tlile le ene. 2 Jehofa a bo a na le Josefa mme a tlhogonolofala fela thata. A nna mo nltong ya ga mong wa gagwe. 3 Mong wa gagwe a lemoga fa Jehofa a ne a na le ene le go re gape Jehofa o ne a tlhogonolofaditse tsotlhe tse a neng a di dira. 4 Josefa a bona thekegelo mo matlhong a gagwe. A direla Potifare. Potifare a dira Josefa motlhokomedi wa tsa ntlo ya gagwe, mme tsotlhe tse a neng a di ruile, a di baya mo tlhokomelong ya gagwe. 5 Go ne ga diragala ka nako e a dirilweng motlhokomedi wa tsa ntlo ya gagwe le tsotlhe tse a di ruileng, Jehofa a segofatsa ntlo ya Moegepeto yoo ka ntlha ya ga Josefa. Ditshegofatso tsa ga Jehofa tsa nna mo go tsotlhe tse Potifare a neng a na le tsone mo ntlong le mo tshimong. 6 Potifare a baya sengwe le sengwe mo tlhokomelong ya ga Josefa. O ne a sena se a ka nnang a akanya thata ka tsone fa e se fela dijo tse a di jang. Mme Josefa a bo a le bontle jwa maratagolejwa a na le kgogedi. 7 Ga dirafala ka nako eo go re mohumahadi wa mong wa gagwe a tlhome Josefa matlho mme a mo raya a re, ''Robala le nna.'' 8 Mme a gana a raya mohumagadi wa ga mong wa gagwe, ''Bona, mong wa me ga a tlhokomele tse ke di dirang mo ntlong e, mme o beile sengwe le sengwe se a se ruileng ka fa tlase ga tlhokomelo ya me. 9 Ga gona ope mo ntlong e yo o mphetang ka maemo. O nkgololetse tsotlhe fela mo ntlong kwa ntle ga gago, ka go bo o le mohumagadi wa gagwe. Nka dira bosula jo bo kana kana jang tota ka leofela Modimo?'' 10 A nna a bua jalo le Josefa malatsi otlhe, mme a nna a gana go robala le ene. 11 Ga dirafala letsatsi lengwe a tsene mo ntlong go dira tiro ya gagwe jaaka gale. Ga bo go se ope wa banna ba babereki yo o neng a le teng mo ntlong. 12 A mo phamola ka diaparo mme a re, ''Robala le nna.'' A itshwatola mo go ene a tlogela diaparo tsa gagwe mo diatleng tsa gagwe, a tshaba, mme a siela kwa ntle. 13 Ga dirafala, fa a bona a mo tlogeletse diaparo mo diatleng tsa gagwe mme a tshabetse kwa ntle, 14 a bitsa banna ba babereki a ba raya a re, "Tlang le boneng, Potifare o tlisitse Mohebera go tla go sotla ka rona. O batlile a nthobelela go re ke robale le ene, mme ka goa mokgosi. 15 Mme erile a utlwa ke goa mokgosi, a sia mme a tlogela diaparo mo diatleng tsa me.'' 16 A baya diaparo tsa gagwe go bapa le ene go fitlhelela mong wa gagwe a goroga. 17 A mo tlhalosetsa go ya ka ene, ''Motlhanka yo wa Mohebera yo o mo re tliseditseng, o fano go sotla ka nna. 18 Go dirafetse fela go re e re fa ke goa mokgosi, a tlogela diaparo tsa gagwe mo diatleng tsa me.'' 19 Go ne ga dirafala go re, fa mong wa gagwe a utlwa kgang e mohumagadi wa gagwe a e mmolelelang a re, ''Se ke sone se motlhanka wa gago a se ntirileng,'' a kgopisega fela thata. 20 Mong wa ga Josefa a mo tsaya a mo tswalelela mo kgolegelong, lefelo le magolegwa a kgosi a tswaleletsweng teng. O ne a nna teng moo. 21 Mme Jehofa abo a na le Josefa mme a mo dirafaletsa kgolagano ya boikanyego. A mo rekegela mo ponong ya batlhokomedi ba kgolegelo. 22 Motlhokomedi waa kgolegelo a mo dira moeteledipele wa magolegwa a mangwe. Sengwe le sengwe se ba neng ba se dira, Josefa o ne a ba laola. 23 Motlhokomedi wa magolegwa o ne a sa tshwenyege ka sepe se se mo tlhokomelong ya ga Josefa, ka go nne Jehofa o ne a na le ene. Sengwe le sengwe se a neng a se dira, Jehofa o ne a se atlisa.