Kgaolo 38

1 Go ne ga dirafala go re Juta a tlogele bomorwarragwe a ya go nna le Moadulamite mongwe, yo leina la gagwe e neng e le Hirahe. 2 A kopana le morwadie monna mongwe wa Mokanana wa leina la Shua. A mo tsaya mme a robala le ene. 3 A ima mme a tshola mosimane. A mo raya leina a re Ere. 4 A ima gape mme a nna a tshola mosimane. A mmitsa leina a re Onane. 5 A tshola mosimane yo mongwe gape mme a mmitsa Shela. E ne e le kwa Kezibe kwa a mo tsholetseng teng. 6 Juta a batlela motsalwapele wa gagwe Ere, mosadi. Leina la gagwe ya bo e le Tamare. 7 Ere, motsalwapele wa gagwe, a bo a le bosula mo matlhong a ga Jehofa. Jehofa a mmolaya. 8 Juta a raya Onane a re, ''Tsaya mosadi wa ga mogoloo. O dire jaaka go tshwanetse, o tsholele mogoloo ngwana. 9 Onane a lemoga fa ngwana e tla bo e se wa gagwe. E ne e re fela fa a kopana le mogatse mogolowe, a tshololele peo mo mmung go re a seka a tsholela mogolowe ngwana. 10 Se a neng a se dira e ne e le se se bosula mo ponong ya ga Jehofa. Mme le ene Jehofa a mmolaya. 11 Jalo Juta a raya Tamare, ngwetsi ya gagwe, ''Tswelela o le moswagadi mo ntlong ya ga rrago, go fitlhelela Shela, morwaake, a gola.'' Mme a tshogela go re ''Gongwe le ene o ka swa, fela jaaka bomogolowe.'' Tamare a nna mo ntlong ya ga rraagwe. 12 Morago ga nako e telele, morwadie Shua, mosadi wa ga Juta, a swa. Juta a gomodiwa mme a ya kwa babeuding ba dinku kwa Timina, ene le tsala ya gagwe Hira wa Moadulamita. 13 Tamare a bolelelwa go re, ''Bona, mogwagwadi wa gago o ya kwa Timina go beula dinku tsa gagwe.'' 14 A apola diaparo tsa gagwe tsa boswagadi mme a ipipa sefatlhego ka sebipo a ikapesa. A nna fa kgorong ya Enaime, e e leng mo tseleng ya Timina. Go nne o ne a bona fa Shela a godile mme a seka a mo neelwa gore a nne mosadi wa gagwe. 15 E rile fa Juta a mmona a akanya fa e le seaka ka go bo a ne a ipipile sefatlhego. 16 A ya kwa go ene fa thoko ga tsela mme a mo raya a re, ''Tla jaana, ke tle ke robale le wena'' - go nne o ne a sa itse fa e le ngwetsi ya gagwe - mme mo raya a re, ''O tla nnaya eng fa o ka robala le nna?'' 17 A moraya a re, ''Ke tla go neela potsane go tswa mo letsomaneng.'' A mo raya a re, ''A o tla ntshwarise sengwe pele go fitlhelela fa o e romela?'' 18 A mmotsa a re, ''O batla nka go tshwarisa eng?'' A mo raya a re, ''Ntshwarise leseka le le nang le leina la gago le sekano le thobane e o e tshotseng.'' A di mo neela mme a ya go robala le ene, mme a mo imisa. 19 A tsoga mme a tsamaya. A ntsha sebipo sa gagwe mme a apara diaparo tsa boswagadi. 20 Juta a romela potsane ka tsala ya gagwe ya Moadulamite go re a tle a boe ka se a se tshwarisitseng mosadi, mme a seka a mo fitlhela. 21 Jalo Moadulamite a botsa banna ba lefelo leo, ''O kae mosadi wa seaka yo o neng a nna fa Enaime fa thoko ga tsela?'' Ba mo raya ba re, ''Ga go ise go nne le mosadi wa seaka gone fa.'' 22 A boela kwa go Juta mme a mo raya a re, ''Ga ke a mo fitlhela. Mme le gone gape, banna ba lefelo leo ba supa fa go ise go nne le mosadi wa seaka gone foo.'' 23 Juta mo raya a re, ''Mo tlogele a ipeele tse a di tsereng, go re re seka ra iphitlhela re aperwe ke ditlhong. E le ruri, ke ne ke rometse potsanyane, mme fela ga o a mo fitlhela.'' 24 Go ne ga dirafala morago ga kgwedi tse tharo go re dikgang di goroge kwa go Juta go re, "'Tamare ngwetsi ya gago o dirile boaka, mme ebile, o imile ka lone lebaka leo.'' Juta a fetola ka go re, ''Mo tlisang kwano mme ebile a tle a tshubiwe.'' 25 Erile fa a tlisiwa, a isa molaetsa kwa go mogwagadiagwe a re, ''Ke imisitswe ke monna yo e leng mong wa dilo tse.'' A ba raya a re, ''Tlhalosang go re ke tsa ga mang, tse e leng leseka le le nang le leina le sekano le thobane. 26 Juta a di lemoga mme a bo a re, ''O boitshepo go mpheta, go bo ke ne ka seka ka mo neela Shela morwaake gore e nne mosadi wa gagwe.'' O ne a seka a tlhola a robala le ene gape. 27 Go ne ga dirafala ka nako ya go re a belege, bonang, mawelana a bo a lemo sebopelong sa gagwe. 28 Ga dirafala jaaka a ne a belega yo mongwe a ntshetsa lebogo kwa ntle, mme mmelegisi a se bofa ka tlhale e khibibidu, mme a re, ''Yo ke ene a gorogileng pele.'' 29 Mme jaanong a gogela seatla sa gagwe kwa morago, mme, bonang, morwarragwe a tswa pele. Mmelegisi a bo a re, ''Ke ka mo o ileng wa fetelela ka teng wa goroga pele!'' Ka jalo a tewa leina gatwe Peresi. 30 Morago morwarragwe le ene a tswa, yo o neng a na le tlhale mo lebogong, mme a bidiwa Serahe.