Kgaolo 37

1 Jakobe o ne a agile mo lefatsheng le rraagwe a neng a nna mo go lone, lefatshe la Kanana. 2 Tse ke ditirafalo tsa ga Jokoba. Josefa, yo o neng a le lekawana, yo o neng a le dingwaga tse di lesome le bosupa, o ne a disitse letsomane le barwaarragwe. O ne a na le barwa Bilihahe le barwa Zilipa, basadi ba ga rraagwe. Josefa a tlisa pego e e sa itumediseng kwa go rraagwe. 3 Jaanong Iseraele a bo a rata Josefa go gaisa barwa ba gagwe botlhe ka go bo a ne a tshotswe mo bogoding jwa gagwe. A mo direla seaparo se sentle thata. 4 Barwarragwe ba lemoga fa rraabone o ne a mo rata go gaisa bone. Ka jalo ba mo ila mo ba neng ba sa kake ba bua sepe se sentle ka ene. 5 Josefa a lora toro, mme a bolelela barwarragwe ka yone. Ba mo ila fela thata. 6 A ba raya a re, ''Ke a le kopa reetsang ka toro e ke e lorileng. 7 Bonang, re ne re bofa dingata tsa mabele mo tshimong mme bonang, ngata ya me e ne ya emelela mme bonang, dingata tsa lona tsa tla fa go yame mme tsa obela ya me ditlhogo.'' 8 Barwarragwe ba mo raya ba re, ''A o raya gore ruri o tla re busa? A mme o tla re laola?'' Ba mo ila ila fela thata ka ntlha ya toro ya gagwe le mafoko a gagwe. 9 A lora toro e nngwe gape mme a bolelela barwarraagwe. A ba raya a re, ''Bonang, ke lorile toro e nngwe gape: Letsatsi le ngwedi le dinaledi di le lesome le bongwe di inkobela.'' 10 A bolelela rragwe fela jaaka a boleltse barwarragwe, mme rragwe a mo omanya. A mo raya a re, ''Ke toro mang e o e lorileng? A o raya gore mmago le nna tota le barwarraago re tla go ikobela?'' 11 Barwarraagwe ba ne ba mo fufegela, mme rraagwe a baya kgang e mo pelong. 12 Barwarragwe ba ya go disa letsomane la ga rraabone kwa Shekema. 13 Iseraele a raya Josefa a re, ''A bomogoloo ga ba disa letsomane kwa Sekema? Tla jaana, ke go rome kwa go bone.'' Josefa mo raya a re, ''Ke ipaakantse.'' 14 A mo raya a re, ''Tsamaya jaana, o ye go tlhola bomogoloo aa sengwe le sengwe se siame ka bonele ka letsomane, mme o boe ka karabo.'' Jalo Jakoba a mo roma kwa mokgatsheng wa Heberona, mme Josefa a ya kwa Shekhema. 15 Monna mongwe a kopana le Josefa. Bonang, Josefa a bo a tsamaya tsamaya mo nageng. Monna a mmotsa a re, ''O batlana le eng?'' 16 Josefa a re, ''Ke batlana le bonkgonne. Mpolele tlhe, kwa ba diseditseng letsomane teng.'' 17 Monna a mo raya a re, ''Ba sale ba dule mo lefelong le. Ke ba utlwile ba re, 'A re tsamaeleng kwa Dothane. Josefa a latela barwarraagwe mme a ba fitlhela kwa Dothane. 18 Ba mmona a sale kgakala, mme erile fela a goroga fa go bone, ba mo logela segwenegwene sa go mmolaya. 19 Barwarragwe ba raana ba re, ''Bonamg, rraditoro yole o a a goroga. 20 Tlang jaana, a ree mmolaeng re mo latlhele mo nngweng ya dipetse. Re tla tla re, 'O jelwe ke dibatana.' Re tla bona go re ditoro tsa gagwe di tla felela kae.'' 21 Rubene a utlwa se, mme a mo falotsa diatla tsa bone. A re, ''A re se ka ra tsaya botshelo jwa gagwe.'' 22 Rubene a ba raya a re, ''A re se tshololeng madi. A re mo latlheleng mo petseng e e mo nageng, mme a re se mmeeng seatla''- e le gore gongwe mongwe mongwe o ka mo golola mme a mmusetsa kwa go rraagwe. 23 Go ne ga dirafala go re fa Josefe a goroga kwa go bomogolowe, ba mo apola seaparo sa gagwe se sentle. 24 Ba mo tsaya ba mo digela mo petseng Petse ya bo e sena metse mo teng ga yone. 25 Ba nna fa fatshe go ja dijo. Ya re ba tsholetsa matlho go leba, bonang, ba bona kara ya Baishemaele e tswa Gileate, dikamela tsa bone di sikere ditswaiso le baleme le dinkgisamonate.Ba ne ba tsamaela go di isa kwa Egepeto. 26 Juta a raya barwarraagwe a re, ''Re ka boelwa ke eng fa re ka bolaya morwaraarona mme ra katela madi a gagwe? 27 A re direng jaana, a re mo rekisetseng Baishemaele mme re seka re baya diatla tsa mo go ene. Gonne ke morwaararona, nama ya rona. 28 Bagwebi ba Bamidiate ba goroga. Bomorwaaragwe ba gogela Josefa kwa ntle ba mo ntsha mo petseng. Ba mo rekisetsa Baishemaele ka dipapetlana tse di masome mabedi tsa selefera. Baishemaela ba tseela Josefa kwa Egepeto 29 Rubene a boela kwa petseng, mme bonang, Josefa a bo a seo mo petseng. 30 A kgagola diaparo tsa gagwe. A boela kwa go barwarragwe a ba raya a re, ''Mosimane a a yo mo petseng. Jaanong nna, nka ya kae?'' 31 Ba bolaya pudi mme ba tsaya seaparo sa ga Josefa ba se ina mo mading. 32 Mme ba se isa kwa go rraagwe ba mo raya ba re, ''Re fitlhetse seaparo se. Se lebelele o bone go re a ga seaparo sa ga morwao.'' 33 Jakobe a se lemoga mme a re, ''Ke seaparo sa ga morwaake. Sebatana se mo jele. Josefa ruri o gagotswe go nna dirwe.'' 34 Jakobe a kgagola diaparo tsa gagwe mme a ikapesa dikgetse mo dinokeng. A hutsafalela morwawe malatsi a le mantsi. 35 Barwawe le barwadiagwe ba tla botle go leka go mo gomotsa, mme a gana go gomotsega. A re, ''Ruri ke tla tsena mo lebitleng ke ntse ke hutsafaletse morwaake.'' Rraagwe a mo lelela. 36 Bamidiate ba mo rekisetsa Potifare mo Egepeto, yo o leng modiredi wa ga Faro, e le moeteledi pele ba badisa ba gagwe.