Kgaolo 36

1 Ba e ne e le dikokomana tsa ga Esau (yo gape o bidiwang Etome). 2 Esau a fudusa basadi ba gagwe mo Bakananeng. Basadi ba gagwe ke bone ba; Ata morwadia Elone wa Mohita; Oholepama morwadia Ana, ngwanaangwanaa Sibiyone le Hefite; 3 le Basemathe, morwadia Ishemaele, kgaitsadie Nebaothe. 4 Ata o ne a tshola Esau Elifase, le Basemathe a tshola Reule. 5 Obolepama a tshola Jeushe, Jalame, le Kora. Ba ya bo e le barwa Esau ba a neng a ba tsholetse mo lefatshengla Kanana. 6 Esau a tsaya basadi ba gagwe, bo morwaawe, bo morwadie, le botlhe ba lelwapa la gagwe, leruo la gagwe - le tsotlhe diphologolo tsa gagwe, le dithoto tsa gagwe tsotlhe, tse a neng a di kgobokantse mo lefatsheng la Kanana, mme a tsamaela kwa lefatsheng le le kgakala le le kwa go morwadiagwe Jakoba. 7 O dirile jalo ka go bo dithoto tsa bone tsotlhe di ne di le dintsi mo ba neng ba ka se tlhole ba nna mmogo. Lefatshe le ba neng ba thibeletse mo go lone le ne le ka se tlhole le ka ba lekana ka lebaka la leruo la bone. 8 Ka jalo Esau, yo gape a itsegeng ka Etome, a thibelela kwa lefatsheng la majwe la Seira. 9 Tse ke tsone ditshika tsa ga Esau, bagologolo ba Badomite mo lefatsheng la dithaba la Seira. 10 A ke one maina a a barwa ba ga Esau: Elifase morwa Ada, mosadi wa ga Esau; Reule morwa Basemathe, mosadi wa ga Esau. 11 Barwa ba ga Elifase ya bo e le Temane, Omare, Zephore, Gatame, le Kenaze. 12 Timina, mogadikane wa ga Elifase, morwawe Esau, a tshola Amaleke. Bao e ne e le bana ba bana ba ga Esau. 13 Ba ya bo e le barwawe Reule: Nahathe, Zera, Shama, le Miza. Ba ya bo e le bana ba bana ba ga Basemathe, mosadi wa ga Esau. 14 Ba ya bo e le barwawe Oholibamaha, mosadi wa ga Esau, yo o neng e le morwadie Ana yo e leng morwadie ngwana wa ga Zibeone. O ne a tsholela Esau Jeushe, Jalame, le Kora. 15 E e ne e le dikgotlana tse di mo ditshikeng tsa ga Esau: ditshika tsa ga Elifase, motsalwa pele wa ga Esau: Temane, Omare, 16 Zepho, le Kenase, Kora, Gatame, le Amaleke. Tse e ne e le dikgotlana tsa ditshika tsa ga Elifase mo lefatsheng la Edome. E ne e le bana ba bana ba ga Ada. 17 Tse ya bo e le dikgotlana go tswa mo go Reule, morwawe Esau: Nahathe, Zerahe, Shama, Miza. Tse ke tsone dikgotlana tsa ga Reule mo lefatsheng la Edome. 18 E ne e le bana ba bana ba ga Basemathe, mosadi wa ga Esau. Tse e ne e le dikgotlana tsa ga Oholibamaha, mosadi wa ga Esau: Jeushe, Jalame, Kora. 19 Tse ke tsone dikgotlana tse di duleng mo go mosadi wa ga Esau Oholibamaha, morwadie Ana. Ba e ne e le barwa ba ga Esau (yo neng a itsege ka Edome), ba botlhe e le dikgosi. 20 Ba e ne e le barwa ba ga Seira, baagedi ba lefatshe: Lotane,Shobale, Zibeone, Ana, 21 Dishon, Ezere, le Dishane. E e ne e le dikgotlana tsa Horite, baagedi ba Seira mo lefatsheng la Edome. 22 Barwa ba ga Lotane e ne e le Hori le Hemane, mme Timena e ne e lekgaitsedie Lotane. 23 Ba e ne e le barwa ba ga Shobale: Alevane, Manahathe, Ebale, Shepho, le Oname. 24 Ba e ne le barwa ba ga Zibeone: Aia le Ana. Yo ke ene Ana yo o neng bona metswedi ya metsi a a molelo mo nageng, fa a ne a disitse ditonki tsa ga Zibeone rragwe. 25 Ba e ne e le bana ba ga Ana: Dishone le Oholibamaha, morwadia Ana. 26 Ba e ne e le barwa ba ga dishone: Hemedane, Eshbane, Itherane, le Kerane. 27 Ba e ne e le barwa ba ga Ezere: Bilhane, Zaafane, le Akane. 28 Ba e ne e le barwa ba ga Dishane: Use le Aran. 29 Ba e ne e le dikgotlana tsa Bahorithe: Lotane, Shobale, Zibeone, le Ana, 30 Dishone, Ezere, Dishane: Ba e ne e le dikgotlana tsa Bahorite go ya ka thulaganyo ya dikgotlana tsa lefatshe la Seira. 31 Ba e ne e le dikgosi tse di busitseng mo lefatsheng la Edome pele ga kgosi epe e busa bana ba Iseraele: 32 Bela morwa Beore, a busa mo Edome, mme leina la motse wa gagwe e ne e le Dinehabaha. 33 E rile Bela a swa, Jobabe morwa Zerahe wa Bozara, a busa mo boemong jwa gagwe. 34 E rile Jobabe a swa, Hushame yo o neng e le wa lefatshe la Batemanite, a busa mo boemong jwa gagwe. 35 E rile Husame a swa, Hadade morwa Bedade yo o neng a fenya Bamidianate mo lefatsheng la ga Moabe, a busa mo boemong jwa gagwe. Leina la motse wa gagwe e ne e le Afithe. 36 E rile Hadade a swa, Hamelahe wa Masereka a busa mo boemong jwa gagwe. 37 E rile Samalahe a swa, jalo Shaule wa Rehobothe fa nokeng a busa mo boemong jwa gagwe. 38 E rile Shaule a swa, jalo Baale-Hanane morwa Akebore a busa mo boemong jwa gagwe. 39 E rile Baale-Hanane morwa Akebore, a swa, jalo Hadare a busa mo boemong jwa gagwe. Leina la motse wa gagwe e ne e le Pau. Leina la mosadi wa gagwe e ne ele Mehetabele, morwadie Materete, morwadie ngwana wa ga Me Sahabe. 40 A e ne e le maina a ditlhogo tsa dikgotlana tsa ditshika tsa ga Esau, go ya ka dikgotlana tsa bone le dikgaolo tsa bone, go ya ka maina a bone: Timina, Alefa, Jethethe, 41 Oholibamaha, Elahe, Pinone, 42 Kenase, Temane, Mibisare, 43 Magadile, le Irame. Tse e ne e le ditlhogo tsa dikgotlana tsa Edome, go ya ka fa ba thibeletseng ka teng mo lefatsheng le ba le ruileng. Yo e ne e le ene Esau, rraabo Baadome.